Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ela Tlhoko Batho ba o Itsalanyang le Bone mo Metlheng Eno ya Bofelo

Ela Tlhoko Batho ba o Itsalanyang le Bone mo Metlheng Eno ya Bofelo

“Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” —1 BAKORINTHA 15:33.

PINA: 73, 119

1. Re tshela mo dinakong tse di ntseng jang?

RE TSHELA mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ Fa e sa le go tloga ka 1914, fa ‘metlha ya bofelo’ e ne e simologa, maemo a lefatshe a ile a nna maswe le go feta. (2 Timotheo 3:1-5) Re ka tlhomamisega gore maemo a lefatshe a tlile go tswelela a nna maswe le go feta ka gonne Baebele e ile ya porofeta gore “batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele.”—2 Timotheo 3:13.

2. Batho ba le bantsi ba rata go itlosa bodutu ka eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Gompieno batho ba le bantsi ba itlosa bodutu ka go leba kgotsa go dira dilo tse di amanang le thubakanyo, boitsholo jo bo sa siamang, boselamose le bodimona. Ka sekai, gantsi Internet, mananeo a thelebishene, difilimi, dibuka le dimakasine di dira gore go lebege e kete thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang di itshiametse fela. Mme dilo tse pele di neng di tshosa batho di tlwaelegile thata jaana mo di setseng di le ka fa molaong mo dinageng dingwe. Mme seo ga se reye gore Jehofa o rata dilo tseo.—Bala Baroma 1:28-32.

3. Batho ba le bantsi ba leba jang batho ba ba tshelang ka melao ya Modimo?

3 Mme le bogologolo batho ba ne ba itlosa bodutu ka go leba thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Barutwa ba ga Jesu bone ba ne ba sa dire jalo ka gonne ba ne ba tshela go ya ka melao ya Modimo. Seno se ne se ‘akabatsa’ batho ba bangwe mo ba neng ba feleletsa ba ba ja ditshego le go ba bogisa. (1 Petere 4:4) Gompieno le gone, batho ba le bantsi ba gakgamalela batho ba ba sa ntseng ba tshela ka melao ya Modimo. Tota e bile, Baebele e ile ya re tlhagisa gore ba ba latelang sekao sa ga Keresete Jesu “ba tla bogisiwa.”—2 Timotheo 3:12.

“GO ITLWAELANYA LE BA BA BOSULA GO SENYA MEKGWA E E MOLEMO”

4. Ke eng fa re sa tshwanela go rata lefatshe?

4 Fa re batla go amogelwa ke Modimo, ga re a tshwanela go rata “lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng.” (Bala 1 Johane 2:15, 16.) “Modimo wa tsamaiso eno ya dilo” e bong Satane, ke ene a laolang lefatshe leno. O dirisa bodumedi, dipuso, mekgatlho ya dikgwebo le metswedi ya tshedimosetso go tsietsa batho. (2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 5:19) Ga re batle go tlhotlhelediwa ke lefatshe leno ka jalo, re tshwanetse go tila go itlwaelanya le ba ba bosula. Baebele e re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.

5, 6. Ke bomang ba re sa tshwanelang go tsalana le bone mme ka ntlha yang?

5 Fa re batla go tswelela re le ditsala tsa ga Jehofa, ga re a tshwanela go tsalana le batho ba ba dirang dilo tse di sa siamang. Seno se akaretsa le batho ba ba reng ba direla Jehofa mme gone ba sa batle go mo ikobela. Fa ba leofa mme ba sa ikwatlhaye, re emisa go dirisana le bone.—Baroma 16:17, 18.

6 Gantsi batho ba batla go itumedisa ditsala tsa bone gore di ba rate. Ka jalo, fa re tsalana le batho ba ba sa ikobeleng Modimo re ka nna ra raelesega go ba etsa. Ka sekai, fa re tsalana le batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, re ka nna ra feleletsa re wetse mo go jone. Seo ke se se ileng sa diragalela bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba rona. Mme ba ba sa ikwatlhayeng ba ile ba tlosiwa mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:11-13) Fa ba sa ikwatlhaye, ba ka nna ba feleletsa ba tshwana le batho ba Petere a neng a bua ka bone.—Bala 2 Petere 2:20-22.

7. Ke bomang ba re tshwanetseng go tsalana thata le bone?

7 Re tshwanetse go nna pelonomi mo bathong botlhe mme gone ga re a tshwanela go patagana le batho ba ba sa ikobeleng Modimo. Go tla bo go le phoso gore Mosupi wa ga Jehofa a ratane le motho yo o sa kolobediwang e bile e se motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Go botoka thata go amogelwa ke Modimo go na le go batla go ratwa ke batho ba ba sa mo rateng. Re tshwanetse go tsalana fela le batho ba ba ikobelang Modimo. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o dirang thato ya Modimo, yono ke morwarre le kgaitsadiake le mmè.”—Mareko 3:35.

Go botoka thata go amogelwa ke Jehofa go na le go batla go ratwa ke batho ba ba sa mo rateng

8. Go itsalanya le ba ba bosula go ile ga ama Baiseraele ba bogologolo jang?

8 Go itsalanya le batho ba ba bosula go felela ka masetlapelo. Akanya ka se se diragaletseng Baiseraele. Pele ga ba goroga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a ba tlhagisa ka batho ba ba nnang koo. O ne a re: “O se ka wa ikobela medimo ya bone kgotsa wa tlhotlhelediwa go e direla, mme o se ka wa dira sepe se se tshwanang le ditiro tsa bone, mme ruri o tla ba digela fa fatshe o bo o thuba dipilara tsa bone tse di boitshepo. Lo direle Jehofa Modimo wa lona.” (Ekesodo 23:24, 25) Baiseraele ba le bantsi ba ile ba itlhokomolosa ditaelo tsa Modimo mo ba neng ba feleletsa ba dira dilo tse di bosula. (Pesalema 106:35-39) Go ile ga direga eng? Jehofa o ne a feleletsa a latlhile setšhaba sa Iseraele mme a tlhopha phuthego ya Bakeresete.—Mathaio 23:38; Ditiro 2:1-4.

TLHOKOMELA SE O SE BALANG LE SE O SE LEBANG

9. Ke eng fa go leba, go bala kgotsa go reetsa dilo tsa lefatshe leno go ka nna kotsi?

9 Bontsi jwa dilo tse di mo lefatsheng leno, tse di jaaka mananeo a thelebishene, Internet le dibuka di ka senya botsala jwa rona le Jehofa. Ga di a direlwa go nonotsha tumelo ya Bakeresete mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe go na le moo, di diretswe go rotloetsa batho gore ba ikanye lefatshe leno le le bosula la ga Satane. Ke ka moo re tshwanetseng go nna kelotlhoko thata gore re se ka ra leba, ra bala kgotsa ra reetsa sepe fela se se tla dirang gore re nne le “dikeletso tsa selefatshe.”—Tito 2:12.

10. Go tlile go direga eng ka metswedi ya tshedimosetso ya lefatshe leno?

10 Go ise go ye kae, lefatshe la ga Satane le metswedi ya lone ya tshedimosetso e tla bo e le dilo tsa maloba. Baebele ya re: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Mopesalema le ene o ne a opela a re: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa.” A bo a oketsa ka go re: “Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Ka lobaka lo lo kae? “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:9, 11, 29.

11. Modimo o re thusa jang gore re tswelele re ikanyega mo go ene?

11 Phuthego ya ga Jehofa yone e re thusa gore re tshele ka tsela e e tla dirang gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a rapela Jehofa a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang go mo itse. Ka sekai, re na le dimakasine, diboroutšhara, dibuka, dibidio le Website e e re thusang gore re tswelele re direla Modimo. Phuthego ya gagwe e rulaganya gore go nne le dipokano mo diphuthegong di feta 110 000 go ralala lefatshe. Dilo tse re di ithutang mo Baebeleng kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dikgolo, di nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe.—Bahebera 10:24, 25.

NYALA “MO MORENENG FELA”

12. Tlhalosa gore Baebele e kaya eng fa e re o nyale “mo Moreneng fela.”

12 Bakeresete ba ba batlang go tsena mo lenyalong ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba itsalanya le bomang. Lefoko la Modimo le re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne tshiamo le go tlhoka molao di na le bolekane bofe? Kgotsa lesedi le na le kabalano efe le lefifi?” (2 Bakorintha 6:14) Baebele e laela batlhanka ba Modimo gore ba nyale “mo Moreneng fela,” ke gore ba nyale mongwe yo o ineetseng yo o kolobeditsweng e bile a tshela ka melao ya ga Jehofa. (1 Bakorintha 7:39) Fa o nyala motho yo o ratang Jehofa, o tla go thusa gore o tswelele o ikanyega mo Modimong.

Fa o nyala motho yo o ratang Jehofa, o tla go thusa gore o tswelele o ikanyega mo Modimong

13. Ke taelo efe e Modimo a neng a e naya Baiseraele?

13 Jehofa o itse se se re siametseng e bile taelo ya gore re nyale “mo Moreneng fela” ga se tlholo ntšha. Ka sekai, ela tlhoko se Jehofa a neng a se bolelela Baiseraele malebana le batho ba ba neng ba sa mo direle. O ne a laela Moshe gore a reye Baiseraele a re: “O se ka wa dira kgolagano epe ya lenyalo le bone. O se ka wa naya morwaabone morwadio, e bile o se ka wa tseela morwao morwadiabone. Gonne o tla faposa morwao mo go ntshaleng morago, mme ba tla direla medimo e mengwe; mme ruri bogale jwa ga Jehofa bo tla lo tukela, mme o tla go nyeletsa ka bonako.”—Duteronome 7:3, 4.

14, 15. Go ile ga direga eng ka Solomone ka ntlha ya go bo a ile a itlhokomolosa taelo ya ga Jehofa?

14 Fa Solomone a sena go nna kgosi ya Iseraele, o ne a kopa botlhale mo go Jehofa mme Modimo o ne a bo mo naya. Solomone o ne a itsege thata gore ke mmusi yo o botlhale wa setšhaba se se atlegileng. Tota e bile, kgosigadi ya Sheba e ne e kgatlhilwe ke botlhale jwa ga Solomone mo e neng ya re: “O gaisitse ka botlhale le ka katlego dilo tse di utlwilweng tse ke neng ka di reetsa.” (1 Dikgosi 10:7) Mme sekao sa ga Solomone se re bontsha se se ka diregang fa motho a itlhokomolosa taelo ya Modimo mme a bo a nyala motho yo o sa direleng Jehofa.—Moreri 4:13.

15 Le fa gone Jehofa a ne a mo segofaditse, Solomone o ne a tlola taelo ya Modimo. Solomone “o ne a rata basadi ba le bantsi ba sele” ba ba neng ba sa direle Jehofa mo a neng a feleletsa a na le basadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300. Go ne ga direga eng? Fa a setse a godile, basadi ba gagwe ba ne ‘ba faposa pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago, . . . mme Solomone a simolola go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.’ (1 Dikgosi 11:1-6) Go itsalanya le batho ba ba bosula go ne ga dira gore a se ka a tlhola a ikanyega mo go Jehofa. Fa go ile ga diragalela Solomone, le wena go ka go diragalela. Ke ka moo re ka se kang ra ba ra tsamaya re lora go nyala motho yo o sa rateng Jehofa!

16. Baebele ya reng ka batho ba ba mo lenyalong le balekane ba e seng baobamedi ba ga Jehofa?

16 Fa batho ba nyalane mme mongwe wa bone a bo a nna Mosupi wa ga Jehofa, o tshwanetse go dira eng? Baebele ya re: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone.” (1 Petere 3:1) Kgang eno e ama le banna ba ba nang le basadi ba e seng baobamedi ba ga Jehofa. Lefoko la Modimo ga le potapote: Nna monna kgotsa mosadi yo o molemo mme o dirise melao ya Modimo mo lenyalong la gago. Fa o dira jalo, molekane wa gago o tla bona gore o fetogile mme le ene a ka batla go direla Jehofa. Seno se ile sa diragalela banyalani ba le bantsi.

ITSALANYE LE BATHO BA BA RATANG JEHOFA

17, 18. Ke eng se se ileng sa thusa Noa go falola Morwalela mme ke eng se se ileng sa thusa Bakeresete ba bogologolo go falola fa Jerusalema e ne e senngwa?

17 Batho ba ba bosula ba ka dira gore o se ka wa ikobela Jehofa mme ba ba molemo ba ka go thusa gore o ikanyege mo go ene. Noa ke sekao se se molemo. O ne a tshela ka nako e “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.” (Genesise 6:5) Batho ba ne ba le bosula thata jaana mo Jehofa a neng a swetsa ka go re a ba fedise. Mme Noa ene o ne a sa tshwane le bone. Baebele e mmitsa “monna yo o siameng” yo o neng a “tsamaya le Modimo wa boammaaruri.”—Genesise 6:7-9.

18 Noa o ne a sa itsalanye le batho ba ba neng ba sa rate Jehofa. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba tshwere phage ka mangana ba aga araka. Gape Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Noa, mosadi wa gagwe, bomorwawe ba bararo le basadi ba bone, ba ne ba utlwana. Ba ne ba tshwaregile ka go dira se se itumedisang Modimo mme kwa bofelong, ba ne ba falola Morwalela. Rotlhe re ditlogolwana tsa bone ka jalo, re tshwanetse go leboga tota go bo Noa le ba lelapa ga gagwe ba ile ba ikobela Jehofa mme ba tila go itsalanya le batho ba ba bosula. Bakeresete ba bogologolo le bone ga ba a ka ba itsalanya le batho ba ba neng ba sa rate Jehofa. Ba ne ba reetsa mme ba falola fa Jerusalema e ne e senngwa ka ngwaga wa 70.—Luke 21:20-22.

Go itsalanya le batho ba ba ratang Jehofa go ka re thusa gore re bone kafa botshelo bo tla bong bo le ka teng mo lefatsheng le lesha (Bona serapa 19)

19. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re ikanyega mo go Jehofa?

19 Le rona fela jaaka Noa, ba lelapa la gagwe le Bakeresete ba bogologolo, ga re itsalanye le batho ba ba sa rateng Jehofa. Re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsintsi ba re ka itsalanyang le bone. Ba tla re thusa gore re ‘eme re nitame’ mo dinakong tseno tse di thata. (1 Bakorintha 16:13; Diane 13:20) Akanya fela kafa go tla bong go itumedisa ka gone go falola lefatshe leno la ga Satane fa le senngwa le go tsena mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa! Ruri go botlhokwa gore gone jaanong re tile go itsalanya le batho ba ba bosula!