Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Lebeletse!

Nna o Lebeletse!

“Le fa e ka diega, nna o e lebeletse!”—HABAKUKE 2:3.

PINA: 128, 45

1, 2. Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go lebelela eng?

BATLHANKA ba ga Jehofa ba ile ba leta lobaka lo loleele gore boporofeti bo diragadiwe. Ka sekai, Jeremia o ne a bolelela pele gore Bababelona ba tla senya Juda, mme seo se ne sa direga ka ngwaga wa 607 pele ga Jesu a tla mo lefatsheng. (Jeremia 25:8-11) Isaia o ne a bua jaana a porofeta ka Bajuda ba ba ileng botshwarwa gore Jehofa o tla ba busetsa kwa nageng ya bone ya Juda: “Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.” (Isaia 30:18) Mika le ene o ne a solofetse gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla diragadiwa, o ne a re: “Ke tla nna ke lebeletse Jehofa.” (Mika 7:7) Go ne go fetile makgolokgolo a dingwaga batlhanka ba Modimo ba ntse ba tlhomamisegile gore Mesia yo o solofeditsweng kgotsa Keresete o ne a tla tla.—Luke 3:15; 1 Petere 1:10-12. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

2 Le rona re letetse go bona boporofeti jo bo malebana le Bogosi jwa ga Jehofa bo diragadiwa. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Kgosi ya Bogosi joo e bong Jesu, o tla golola batlhanka ba Modimo mo lefatsheng leno le le kotsi. O tla fedisa batho botlhe ba ba bosula a bo a fedisa pogo yotlhe. (1 Johane 5:19) Ka jalo, re tshwanetse go nna re lebeletse gore letsatsi la ga Jehofa le ka nna la tla nako nngwe le nngwe mme re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go nna re le ipaakanyeditse.

3. Fa e le gore re na le dingwagangwaga re ntse re letile bokhutlo gore bo tle, ke eng se re ka nnang ra ipotsa sone?

3 Re lebile pele go bona nako ya fa thato ya Modimo e tla bo e dirwa mo lefatsheng. (Mathaio 6:10) Mme fa e le gore re na le dingwagangwaga re ntse re letile bokhutlo gore bo tle, re ka nna ra ipotsa go re, ‘Ke eng fa re tshwanetse go nna re lebeletse gore bokhutlo bo tla tla mo nakong e e sa fediseng pelo?’

LEBAKA LA GO BO RE TSHWANETSE GO NNA RE LEBELETSE BOKHUTLO

4. Ke eng fa go le botlhokwa gore re ‘nne re disitse’?

4 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘nne ba disitse’ le gore ba ‘nne ba tsogile.’ Ke ka lebaka leo go leng botlhokwa gore le rona re nne re lebeletse gore bokhutlo bo tla tla mo bogautshwaneng. (Mathaio 24:42; Luke 21:34-36) Phuthego ya ga Jehofa le yone e nna e re gopotsa gore re nne re ‘letetse e bile re ntse re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa,’ le go tswelela re tlhomile mogopolo mo tsholofetsong ya lefatshe le lesha.—Bala 2 Petere 3:11-13.

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re lebeletse letsatsi la ga Jehofa?

5 Fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go nna ba lebeletse letsatsi la ga Jehofa, go raya gore go botlhokwa thata gore le rona re dire jalo gone jaanong. Ka ntlha yang? Ka gonne go na le bosupi jwa gore fa e sa le ka 1914, Jesu o ntse a busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo le gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno la ga Satane. Ka sekai, go ntse fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele gore maemo a lefatshe leno a tla nna maswe le go feta e bile dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:3, 7-14) Jesu ga a bua gore metlha ya bofelo e tla tsaya lobaka lo lo kae, ka jalo, re tshwanetse go nna re ipaakantse ka gonne bokhutlo bo ka nna jwa tla nako nngwe le nngwe.

6. Re itse jang gore maemo a lefatshe a tla nna maswe le go feta fa bokhutlo bo ntse bo atamela?

6 A ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” lefatshe le tla bo le le maswe go feta gone jaanong? Baebele ya re mo “metlheng ya bofelo” batho ba tla nna bosula le go feta. (2 Timotheo 3:1, 13; Mathaio 24:21; Tshenolo 12:12) Gone jaanong go maswe, mme re a itse gore go sa ntse go tlile go nkga go sa bola.

7. Mathaio 24:37-39 e re ruta eng ka maemo a lefatshe mo motlheng wa bofelo?

7 Batho bangwe ba ka nna ba akanya gore pele ga ‘pitlagano e kgolo,’ go tla nna le dintwa mo dinageng tsotlhe le gore batho ba bantsi ba tla lwala kgotsa ba bolawa ke tlala. (Tshenolo 7:14) Fa seo se ka direga, mongwe le mongwe o ne a tla lemoga gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa. Tota le batho ba ba sa kgatlhegeleng Baebele ba ne ba tla lemoga seo. Gakologelwa gore Jesu o ile a re mo metlheng ya bofelo batho ba le bantsi ga ba na go “tsaya tsia.” Ba tla tswelela pele ba tshela fela jaaka gale mme ba tla gamarega fa ba tshoganyediwa ke letsatsi la ga Jehofa. (Bala Mathaio 24:37-39.) Go a bonala gore ga re a tshwanela go lebelela gore maemo a lefatshe a tla nna maswe mo go feteletseng pele ga “pitlagano e kgolo” e simologa mo batho ba tla patelesegang go dumela gore bokhutlo bo atametse.—Luke 17:20; 2 Petere 3:3, 4.

Re tlhomamisegile gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo’

8. E re ka re bona sesupo se Jesu a neng a bua ka sone, re tlhomamisegile ka eng?

8 Sesupo se Jesu a buileng ka sone se ne se tshwanetse go tlhagisa balatedi ba gagwe malebana le metlha e ba neng ba tla tshela mo go yone. Balatedi ba ga Jesu ga ba bolo go nna ba ntshitse matlho dinameng. (Mathaio 24:27, 42) Fa e sa le ka 1914, sesupo se Jesu a buileng ka sone se bonala sentle. Re tlhomamisegile gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Jehofa o setse a beile letsatsi le ka lone a tlileng go senya lefatshe leno la ga Satane.

9. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore bokhutlo bo tla tla mo bogautshwaneng?

9 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore bokhutlo bo tla tla mo bogautshwaneng? Ka gonne re dumela se Jesu Keresete a ileng a se bua e bile re lemoga sentle gore sesupo se Jesu a neng a bua ka sone malebana le metlha ya bofelo, se a diragadiwa. Re a dumela gore bokhutlo bo gaufi, e seng ka gonne re le bomadumelagotlhe mme ka gonne re tlhatswegile pelo gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa. Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng e bile re letetse gore bokhutlo bo tle.

RE TSHWANETSE GO LETA GO FITLHA LENG?

10, 11. (a) Ke eng fa Jesu a ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘nne ba disitse’? (b) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire eng fa ba bona e kete bokhutlo bo diega go tla? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Bontsi jwa rona re na le dingwagangwaga re ntse re direla Jehofa ka boikanyegi e bile re letetse ka tlhoafalo gore letsatsi la gagwe le fitlhe. Go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kae re ntse re letile, re tshwanetse go nna re lebeletse gore letsatsi leo le tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. Re tshwanetse gore re bo re eme sejaro fa Jesu a tla go nyeletsa lefatshe leno la ga Satane. Se lebale se Jesu a neng a laela balatedi ba gagwe gore ba se dire fa a ne a re: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng. Go tshwana le motho yo o tsayang loeto a ya nageng e e kgakala yo o neng a tlogela ntlo ya gagwe a ba a naya batlhanka ba gagwe taolo, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a ba a laela molebedi wa kgoro gore a nne a disitse. Jalo nnang lo disitse, gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, e ka ne e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa fa mokoko o lela kgotsa go sa le phakela; gore fa a goroga ka tshoganyetso, a se lo fitlhele lo robetse. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.”—Mareko 13:33-37.

Bodumedi jwa maaka bo ka nna jwa tlhaselwa ka bonako fela go sa lebelelwa

11 Fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba tlhaloganya gore Jesu o simolotse go busa ka 1914, ba ne ba lemoga gore bokhutlo bo ka nna jwa goroga nako nngwe le nngwe. Ba ne ba ipaakanya ka go tshwarega thata mo tirong ya go rera. Jesu o ne a ba reile a re a ka nna a tla kgantele, “fa mokoko o lela.” Fa nako eo e goroga, ke eng se balatedi ba gagwe ba neng ba tshwanetse go se dira? Jesu o ne a re: “Nnang lo disitse.” Ka jalo, le fa e le gore ga re bolo go leta, seo ga se reye gore bokhutlo bo sa ntse bo le kgakala kgotsa gore bo tla tla re setse re sule.

12. Habakuke o ne a botsa Jehofa a reng mme Modimo o ne a mo raya a reng?

12 Moporofeti Habakuke o ne a leta ka bopelotelele a ntse a rera gore Jerusalema e tlile go senngwa. Baporofeti ba bangwe ba ba tshedileng pele ga gagwe le bone ba ne ba rera molaetsa o o tshwanang ka dingwagangwaga. Habakuke o ne a kgona go bona gore bosula bo ne bo le maswe go feta le fa e le leng pele. O ne a kopa Jehofa gore a mo thuse, a re: “Ao tlhe Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae?” Jehofa ga a ka a bolelela Habakuke gore bokhutlo bo tla tla leng go na le moo, o ne a mo solofetsa a re: “Ga e kitla e tla morago ga nako.” Gape o ne a mo raya a re: “Nna o e lebeletse.”—Bala Habakuke 1:1-4; 2:3.

13. Habakuke o ka bo a ile a dira eng, mme ke ka ntlha yang fa seo se ka bo se ile sa nna kotsi?

13 Akanya fela fa Habakuke a ka bo a ile a fela pelo mme a bo a re: ‘Ga ke bolo go leta gore Jerusalema e senngwe. Bokhutlo bo sa ntse bo tla tsaya lobaka lo loleele gore bo tle. Ga ke tlhoke go nnela go bua ka jone go na le batho ba bangwe ba ba ka dirang tiro eno.’ Go ka bo go ile ga direga eng fa a ka bo a ile a akanya jalo? O ka bo a ile a kgopisa Jehofa. Mme fa bokhutlo bo goroga, o ne a se kitla a falola.

14. Ke eng fa re tla leboga Jehofa go bo a ile a re tlhagisa gore re nne re lebeletse bokhutlo?

14 A re re o mo lefatsheng le lesha. Dilo di ile tsa direga fela jaaka Jehofa a solofeditse. O ikanya Jehofa ka pelo ya gago yotlhe e bile o tlhatswegile pelo gore o tla dira sengwe le sengwe se a rileng o tla se dira. (Bala Joshua 23:14.) O leboga Jehofa fela thata go bo a ile a baya nako e e siameng ya go tlisa bokhutlo le go bo a ile a tlhagisa batho ba gagwe gore ba nne ba bo lebeletse.—Ditiro 1:7; 1 Petere 4:7.

RE A RERA LE FA RE NTSE RE LETILE

A o tlhagafaletse go rera dikgang tse di molemo? (Bona serapa 15)

15, 16. Ke eng fa re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya go rera mo metlheng eno ya bofelo?

15 Phuthego ya ga Jehofa e tla nna e re gopotsa gore re tlhome mogopolo mo go direleng Jehofa. Go dira jalo go re thusa gore re nne re tshwaregile mo tirong ya Modimo le go lemoga sentle gore molaetsa wa rona o potlakile fela thata. Re tlhomamisegile gore sesupo sa ga Jesu se a diragadiwa gone jaanong le gore mo nakong e e sa fediseng pelo, bokhutlo bo tla tla. Ka jalo, re tsaya Jehofa a le botlhokwa thata go gaisa sepe fela e bile re nna re tshwaregile thata mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mathaio 6:33; Mareko 13:10.

16 Fa re rerela batho, re ba thusa gore ba tswe mo lefatsheng leno la ga Satane le le tlileng go senngwa e se kgale. Go ne ga direga sengwe se se tsitsibanyang mmele ka 1945 fa sekepe se segolo sa Wilhelm Gustloff se ne se nwela mo lewatleng. Go ne ga swa batho ba le bantsi thata. Kgaitsadi mongwe yo ene le monna wa gagwe ba neng ba falodiwa a re fa sekepe se ntse se nwela jalo go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a ntse a goa a re: “Beke ya me wee! Beke ya me wee! Dibenyane tsa me wee! Dibenyane tsa me tsotlhe di nwela mo metsing. Ke setse ke iphotlhere fela!” Mme bapalami ba bangwe ba ne ba itse gore ke eng se se botlhokwa thata, ka jalo, ba ne ba leka ka natla go boloka matshelo a batho. Gone jaanong, matshelo a batho a mo kotsing. Le rona re tshwanetse go itse gore ke eng se se botlhokwa mme re rere dikgang tse di molemo ka potlako. Re tshwanetse go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go thusa batho go tswa mo lefatsheng leno la ga Satane le le nyelelang.

Dira ditshwetso tse di botlhale mme o rere dikgang tse di molemo ka potlako (Bona serapa 17)

17. Ke ka ntlha yang fa re dumela gore bokhutlo bo ka nna jwa tla nako nngwe le nngwe?

17 Re a bona gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa le gore bokhutlo jwa lefatshe leno la ga Satane bo ntse bo atamela ka potlako. Re letetse go bona “dinaka tse di lesome” le “sebatana” di tlhasela bodumedi jwa maaka kgotsa Babelona o Mogolo. (Tshenolo 17:16) Re tshwanetse go lemoga gore seno se ka nna sa direga nako nngwe le nngwe. Se lebale gore Modimo o tla ‘tsenya mo dipelong tsa tsone’ gore di tlhasele bodumedi jwa maaka e bile seno se ka nna sa direga ka ponyo ya leitlho! (Tshenolo 17:17) Lefatshe leno le le boikepo la ga Satane le tloga le senngwa. Ke ka moo re tshwanetseng go reetsa tlhagiso eno ya ga Jesu: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.” (Luke 21:34, 35; Tshenolo 16:15) A re nneng re ntshitse matlho dinameng mme re nne re tshwaregile ka tiro ya ga Jehofa, re tlhatswegile pelo gore Modimo o ‘direla ene yo o nnang a mo lebeletse.’—Isaia 64:4.

18. Re tla araba potso efe mo setlhogong se se latelang?

18 Fa re ntse re letetse gore lefatshe leno le le boikepo le ye bokhutlong, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo eno ya ga morutwa Jude: “Baratwa, ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 20, 21) Mme gone, re ka bontsha jang gore re letetse lefatshe le lesha le le tla tlogang le tla le gore re lebile pele go le bona? Re tla sekaseka ntlha eno mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 1 Bona tsebe 200 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? go bona tatelano ya dipolelelopele tsa Baebele tse di ka ga Mesia le kafa di ileng tsa diragadiwa ka gone.