Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhatlhanya ka Lorato lo lo Nnelang Ruri Lwa ga Jehofa

Tlhatlhanya ka Lorato lo lo Nnelang Ruri Lwa ga Jehofa

“Ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago.”—PESALEMA 77:12.

PINA: 18, 61

1, 2. (a) Goreng o tlhomamisegile gore Jehofa o rata batho ba gagwe? (b) Batho ba bopilwe ba tlhoka eng?

KE KA ntlha yang fa o tlhomamisegile gore Jehofa o a go rata? Pele o araba, akanya ka dikai tseno: Go fetile dingwaga di le mmalwa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ntse ba kgothatsa kgaitsadi Taylene, ba mmolelela gore a dire se a ka se kgonang. Taylene a re: “Fa Jehofa a ne a sa nthate, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka bo ba ile ba mphelela pelo.” Brigitte yo o ileng a godisa bana ba babedi fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala a re: “Go godisa bana o le nosi mo lefatsheng leno la ga Satane, ga se kgetsi e potlana. Mme nna ke tlhomamisegile gore Jehofa o a nthata ka gonne o ne a wa a tsoga le nna e bile ke ne ka kgona go itshokela diteko tsotlhe tse ke neng ka lebana le tsone.” (1 Bakorintha 10:13) Sandra o lwala bolwetse jo bo sa foleng. Fa a ne a le kwa kopanong, kgaitsadi mongwe o ne a mmontsha gore o a mo rata. Monna wa ga Sandra a re: “Re ne re itumetse fela thata ka gonne re kgatlhilwe ke gore o ne a amegile tota ka rona le fa a ne a sa re itse. Tota le dilo tse di sa reng sepe tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba re direlang tsone, di re bontsha kafa Jehofa a re ratang ka gone.”

2 Re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo, re batla go rata e bile re tlhoka go ratwa. Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore re ikutlwe re kgobegile marapo ka ntlha ya go lwala, go tlhoka tšhelete kgotsa go sa nne le batho ba re ithutang Baebele le bone. Fa re simolola go belaela gore Jehofa o a re rata, re tshwanetse go ikgopotsa gore re botlhokwa tota mo go ene le gore go ntse jaaka e kete o re tshwere ka seatla sa moja le go re thusa. Fa fela re ikanyega mo go ene, ga a kitla a re latlha.—Isaia 41:13; 49:15.

3. Ke eng se se ka re tlhatswang pelo gore lorato lo Jehofa a re ratang ka lone, ga lo kitla lo fela?

3 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba re buileng ka bone ba ne ba tlhatswegile pelo gore Modimo o ne a ba thusa fa ba le mo mathateng. Le rona re ka ikutlwa fela jalo. (Pesalema 118:6, 7) Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dimpho di le nnè tse Jehofa a re neileng tsone go bontsha gore o a re rata. Tsone ke (1) popo ya gagwe, (2) Baebele, (3) thapelo, le (4) thekololo. Fa re tlhatlhanya ka dilo tse di molemo tse Jehofa a re diretseng tsone, re tla anaanela le go feta gore lorato lo a re ratang ka lone, ga lo kitla lo fela.—Bala Pesalema 77:11, 12.

TLHATLHANYA KA POPO YA GA JEHOFA

4. Re ithuta eng mo popong ya ga Jehofa?

4 Popo e re bontsha kafa Jehofa a re ratang ka gone. (Baroma 1:20) Ka sekai, Jehofa ga a bopa lefatshe go re baya fela mo go lone go na le moo, o le bopile gore re itumelele sengwe le sengwe se se mo go lone. Ga a dira dijo gore re di je fela gore re kgore go na le moo, o dirile dijo tse di farologaneng gore re di itumelele. (Moreri 9:7) Kgaitsadi Catherine o itumelela dilo tse a di bonang mo popong, segolobogolo ka nako ya dikgakologo kwa Canada. A re: “Tsela e Modimo a bopileng dilo ka yone e jesa kgakge—dithunya tse di rotogang mo mmung le dinonyane tse di boelang gae, tse di jaaka nonyane e nnye ya hummingbird e e kgonang go boela kwa lefelong le e neng e ja kwa go lone, gaufi le kitšhini ya me. Dilo tseno di bontsha gore ruri Jehofa o re rata fela thata.” Rraarona o rata popo ya gagwe e bile o batla gore le rona re e itumelele.—Ditiro 14:16, 17.

Popo e re bontsha kafa Jehofa a re ratang ka gone

5. Tsela e batho ba bopilweng ka yone e bontsha jang gore Jehofa o a re rata?

5 Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go bereka le go itumelela tiro ya rona. (Moreri 2:24) O ne a laela batho gore ba ate, ba leme, ba tlhokomele ditlhapi, dinonyane le dilo tse di tshelang tse di mo lefatsheng. (Genesise 1:26-28) Gape o re bopile mo setshwanong sa gagwe gore re kgone go mo etsa!—Baefeso 5:1.

LEFOKO LA MODIMO LE BOTLHOKWA FELA THATA

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go anaanela Lefoko la Modimo fela thata?

6 Jehofa o re neile Baebele ka gonne a re rata fela thata. E re bolelela se re tlhokang go se itse ka ene le tsela e a ikutlwang ka yone ka rona. Ka sekai, e re bolelela kafa Jehofa a neng a ikutlwa ka gone ka Baiseraele ba gantsi ba neng ba sa mo ikobele. Pesalema 78:38 ya re: “O ne a le kutlwelobotlhoko; o ne a bipa tlolo mme a sa tlise tshenyo. O ne a busa bogale jwa gagwe ka makgetlo a le mantsi, mme o ne a sa kuruse tšararego ya gagwe yotlhe.” Fa o tlhatlhanya ka temana eno o tla kgona go lemoga kafa Jehofa a go ratang e bile a go kgathalelang ka gone. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o a re kgathalela fela thata.—Bala 1 Petere 5:6, 7.

Baebele e re bolelela se re tlhokang go se itse ka Modimo le tsela e a ikutlwang ka yone ka rona

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba Baebele e le buka e e botlhokwa fela thata?

7 Re tshwanetse go leba Baebele e le buka e e botlhokwa fela thata. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o bua le rona ka yone. Fa motsadi le ngwana ba bulelana mafatlha, ba ratana fela thata e bile ba tshepana le go feta. Jehofa ke Rraarona yo o re ratang. Le fa gone re ise re tsamaye re mmone kgotsa re utlwe lentswe la gagwe, fa re bala Baebele go nna jaaka e kete o bua le rona ka sebele. Re tshwanetse go mo reetsa. (Isaia 30:20, 21) Fa re bala Lefoko la Modimo, re ithuta ka ene e bile re a mo ikanya ka gonne o a re kaela le go re sireletsa.—Bala Pesalema 19:7-11; Diane 1:33.

Le fa Jehu a ne a tshwanelwa ke go kgalema Jehoshafate, go ne go na le dilo “tse di molemo” tse Jehofa a di boneng mo kgosing eno (Bona serapa 8, 9)

8, 9. Ke eng se Jehofa a batlang re se itse? Naya sekai sa mo Baebeleng.

8 Jehofa o batla gore re itse gore o a re rata le gore ga a tlhome mogopolo mo dilong tse re sa di direng sentle go na le moo, o leba dilo tse di molemo tse re di dirang. (2 Ditiragalo 16:9) A re boneng kafa Jehofa a ileng a dira seno ka gone mo go Kgosi Jehoshafate wa kwa Juda. Jehoshafate o ne a dira tshwetso e e sa siamang ya go kopanela le Kgosi ya Iseraele e bong Ahabe go ya go lwantsha Baasiria kwa Ramothe-gileade. Baporofeti ba maaka ba le 400 ba ne ba bolelela Ahabe gore o tla fenya mme moporofeti wa ga Jehofa e bong Mikaia o ne a bolelela Jehoshafate le Ahabe gore fa ba ne ba ka lwa, ba tla fenngwa. Go ile ga direga fela jaaka Mikaia a ne a boletse. Ahabe o ne a swa mme Jehoshafate a tswa ka tshoba la mogodu. Morago ga moo, Jehofa o ne a laela Jehu gore a ye go kgalema Jehoshafate ka phoso e a e dirileng. Le fa go ntse jalo, Jehu o ne a mmolelela a re: “Go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena.”—2 Ditiragalo 18:4, 5, 18-22, 33, 34; 19:1-3.

9 Dingwaga pelenyana, Jehoshafate o ne a bolelela dikgosana, Balefi le baperesiti gore ba etele metse ya Juda mme ba rute batho Molao wa ga Jehofa. Seno se ne sa felela ka gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba itse ka Jehofa. (2 Ditiragalo 17:3-10) Ka jalo, le fa Jehoshafate a ile a dira tshwetso e e sa siamang, Jehofa ga a ka a lebala dilo tse di molemo tse a ileng a di dira. Sekao seno se re kgothatsa fela thata ka gonne ka dinako dingwe re a tle re dire diphoso. Mme fa re direla Jehofa ka peloyotlhe, o tla tswelela pele a re rata e bile ga a kitla a lebala ditiro tsa rona tse di molemo.

ANAANELA TSHIAMELO YA GO BUA LE JEHOFA

10, 11. (a) Ke eng fa thapelo e le mpho e e kgethegileng e Jehofa a re neileng yone? (b) Modimo a ka araba dithapelo tsa rona jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Rre yo o ratang bana ba gagwe o ipha nako ya go ba reetsa fa ba batla go bua le ene. O batla go itse gore ba ikutlwa jang ka gonne a ba kgathalela fela thata. Jehofa le ene o a re reetsa fa re mo rapela. Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go bo re kgona go bua le Rraarona!

Jehofa o a utlwa fa re mo kopa go tswa pelong mme fa go se na ope yo o re tlhaloganyang, ene o a re tlhaloganya

11 Re ka rapela Jehofa nako nngwe le nngwe fela e re e batlang. Ke Tsala ya rona e bile o nna a ikeetleeditse go re reetsa. Taylene yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “O kgona go mmolelela sengwe le sengwe fela se o se batlang.” Fa re bulela Jehofa mafatlha, a ka re araba a dirisa temana, setlhogo sengwe mo dikgatisong tsa rona kgotsa a re kgothatsa a dirisa Bakeresete ka rona. Jehofa o a utlwa fa re mo kopa go tswa pelong. Le fa go se na ope yo o re tlhaloganyang, ene o a re tlhaloganya. Fa a araba dithapelo tsa rona, re kgona go lemoga sentle gore ga a kitla a emisa go re rata.

12. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta dithapelo tse di mo Baebeleng? Naya sekai.

12 Re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa fa re bala ka dithapelo tse di mo Baebeleng. Go molemo gore re ithute dingwe tsa dithapelo tseno ka nako ya kobamelo ya lelapa. Fa re tlhatlhanya ka dithapelo tsa batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng, dithapelo tsa rona di tla tokafala. Ka sekai, ithute ka thapelo ya ga Jona fa a ne a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo. (Jona 1:17–2:10) Sekaseka thapelo e e tswang pelong e Solomone a neng a e rapela fa tempele e ne e neelwa Jehofa. (1 Dikgosi 8:22-53) Gape tlhatlhanya ka thapelo e Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe. (Mathaio 6:9-13) Sa botlhokwa le go feta, a ka metlha “dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo” mme “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” Fa re dira jalo, re tla anaanela lorato lwa ga Jehofa.—Bafilipi 4:6, 7.

BONTSHA GORE O ANAANELA THEKOLOLO

13. Thekololo e re naya tshono ya go dira eng?

13 Jehofa o re neile mpho ya thekololo gore re “bone botshelo.” (1 Johane 4:9) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a bua ka thekololo: “Keresete  . . . o ne a swela batho ba e seng ba bomodimo ka nako e e tlhomilweng. Gonne ga go motlhofo gore mongwe a swele motho yo o siameng; eleruri, motho yo o molemo ene, gongwe mongwe o nna le bopelokgale jwa go mo swela. Mme Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Baroma 5:6-8) Thekololo ke sekai se se molemolemo sa kafa Modimo a re ratang ka gone e bile e re naya tshono ya go mo atamela.

14, 15. Thekololo e solegela molemo jang (a) Bakeresete ba ba tloditsweng? (b) Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng?

14 Setlhotswana sa Bakeresete se bone lorato lo lo nnelang ruri lwa ga Jehofa ka tsela e e kgethegileng. (Johane 1:12, 13; 3:5-7) Modimo o ba tloditse ka moya o o boitshepo ke ka moo jaanong e leng bana ba gagwe. (Baroma 8:15, 16) E re ka bangwe ba bone ba sa ntse ba le mo lefatsheng, ke ka ntlha yang fa Paulo a re ba ntse ‘mmogo mo mafelong a selegodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu’? (Baefeso 2:6) Ke ka gonne Jehofa o ba neile tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong.—Baefeso 1:13, 14; Bakolosa 1:5.

Thekololo e bontsha gore Jehofa o rata batho botlhe

15 Bakeresete botlhe ba ba sa tlodiwang ba kgona go nna ditsala tsa Modimo fa ba dumela mo thekololong. Ba na le tshono ya go nna bana ba Modimo le ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Thekololo e bontsha gore Jehofa o rata batho botlhe. (Johane 3:16) Re itumela tota ka gonne re itse gore fa re ikanyega mo Modimong, o tla re naya botshelo jo bo monate thata mo lefatsheng le lesha! Ka jalo a re bontsheng gore re tseela thekololo kwa godimo, ka gonne ke tsela e e bontshang gore lorato lo Modimo a re ratang ka lone ga lo fele.

BONTSHA JEHOFA GORE O A MO RATA

16. Go tlhatlhanya ka lorato lwa Modimo go tla re tlhotlheletsa gore re dire eng?

16 Letsatsi le ka tlhaba la bo la phirima re ntse re tlhalosa ditsela tse Jehofa a re bontshang ka tsone gore o a re rata. Kgosi Dafide o ne a opela a re: “A bo dikakanyo tsa gago di le tlhwatlhwakgolo jang ne mo go nna! Oo Modimo, a bo palo yotlhe ya tsone e le kana kang! Fa ke ne nka leka go di bala, di feta le moshawa.” (Pesalema 139:17, 18) Fa re tlhatlhanya ka ditsela tse Jehofa a re bontshang ka tsone gore o a re rata re tla tlhotlheletsega gore le rona re mo rate le go mo direla ka pelo yotlhe.

17, 18. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re rata Modimo?

17 Go na le ditsela di le dintsi tse re ka bontshang Jehofa ka tsone gore re a mo rata. Ka sekai, re ka dira seo ka go tlhagafalela go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Gape re ka bontsha seo ka go itshokela diteko. (Bala Pesalema 84:11; Jakobe 1:2-5.) Tota le fa re ka lekwa botlhoko jang, re ka tlhomamisega gore Jehofa o a bona fa re boga e bile o tla re thusa ka gonne re botlhokwa thata mo go ene.—Pesalema 56:8.

18 Go rata Jehofa go re tlhotlheletsa gore re tlhatlhanye ka dilo tse di itumedisang thata tse a di bopileng. Re bontsha Jehofa gore re a mo rata e bile re rata Lefoko la gagwe ka go nna baithuti ba ba tlhoafetseng thata ba Baebele. Re rapela Jehofa letsatsi le letsatsi ka gonne re a mo rata e bile re batla go atamalana thata le ene. Mme fa re tlhatlhanya ka mpho e e tlhwatlhwakgolo ya thekololo, re mo rata le go feta. (1 Johane 2:1, 2) Tseno ke dingwe tsa ditsela tse re bontshang ka tsone gore re anaanela lorato lo lo nnelang ruri lwa ga Jehofa.