Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ikanya Segakolodi sa Gago?

A o Ikanya Segakolodi sa Gago?

“Boikaelelo jwa taolo eno ke lorato lo lo tswang mo pelong e e phepa le mo segakoloding se se siameng.”—1 TIMOTHEO 1:5.

PINA: 57, 48

1, 2. Ke mang yo o re neileng segakolodi mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leboga go bo re na le sone?

JEHOFA MODIMO o bopile batho ba na le kgololesego ya go itirela ditshwetso. O re neile sengwe se se ka re kaelang go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Selo seo ke segakolodi. Re bopilwe re na le segakolodi se se re thusang go itse se se siameng le se se sa siamang. Fa re dirisa digakolodi tsa rona ka tsela e e siameng, re tla kgona go dira se se molemo mme re tile go dira se se bosula. Jehofa o re bontshitse gore o a re rata le gore o batla gore re atlege ka go re naya digakolodi.

2 Batho bangwe ba dira dilo tse di siameng e bile ba tlhoile tse di bosula le fa gone ba sa itse melao ya Baebele. (Bala Baroma 2:14, 15.) Goreng go ntse jalo? Ka gonne ba na le digakolodi mme di ba thibela go dira dilo tse di bosula. Akanya gore lefatshe le ka bo le ntse jang fa re ka bo re se na digakolodi! Re ne re tla utlwa ka dilo tse di bosula thata go feta tse re setseng re di utlwile go tla go fitlha jaanong. Re leboga Jehofa tota go bo a re neile digakolodi!

Segakolodi se se katisitsweng sentle se ka re thusa jang fa re dira ditshwetso?

3. Digakolodi tsa rona di ka re thusa jang mo phuthegong?

3 Batho ba le bantsi ga ba akanye gore segakolodi se kgona go katisiwa. Mme batho ba ga Jehofa bone ba batla gore digakolodi tsa bone di bereke sentle ka gonne ba a itse gore di ka thusa gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Re batla gore digakolodi tsa rona di re gopotse melao ya Baebele e e malebana le se se siameng le se se sa siamang. Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go itse fela gore Baebele ya reng, re tshwanetse go rata melao ya Modimo le go dumela gore e re siametse. Paulo o ne a re: “Boikaelelo jwa taolo eno ke lorato lo lo tswang mo pelong e e phepa le mo segakoloding se se siameng le mo tumelong e e se nang boitimokanyo.” (1 Timotheo 1:5) Fa re katisa digakolodi tsa rona e bile re di reetsa, re tla rata Jehofa le go feta e bile tumelo ya rona e tla nonofa fela thata. Tsela e re dirisang digakolodi tsa rona ka yone e bontsha gore re atamalane go le kana kang le Jehofa e bile e bontsha gore re ikemiseditse go mo itumedisa. Gape digakolodi tsa rona di re senola gore re batho ba ba ntseng jang.

4. Re ka katisa digakolodi tsa rona jang?

4 Mme gone, re ka katisa digakolodi tsa rona jang? Re tshwanetse go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi, re akanye thata ka se re se balang mme re kope Jehofa gore a re thuse go dirisa se re se ithutang. Seno se raya gore ga re a tshwanela fela go itse dintlha dingwe kgotsa melao e e rileng. Fa re ithuta Baebele, boikaelelo jwa rona ke go itse Jehofa botoka. Re tla itse gore ke Modimo yo o ntseng jang le gore ke eng se a se ratang le se a sa se rateng. Fa re ntse re ithuta ka Jehofa, kgabagare digakolodi tsa rona di tla nna bonako go lemoga gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Fa re katisa digakolodi tsa rona, re tla kgona go akanya jaaka Jehofa.

5. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

5 Mme gone, re ka nna ra ipotsa go re: Segakolodi se se katisitsweng sentle se ka re thusa jang fa re dira ditshwetso? Re ka bontsha jang gore re tlotla digakolodi tsa Bakeresete mmogo le rona? Mme digakolodi tsa rona di ka re thusa jang go dira se se siameng? A re sekasekeng dikarolo tse tharo tse mo go tsone re tlhokang go nna le segakolodi se se katisitsweng sentle: (1) tsa kalafi, (2) boitapoloso, le (3) tiro ya go rera.

NNA TEKATEKANO

6. Ke ditshwetso dife tse re di dirang malebana le tsa kalafi?

6 Baebele e re bolelela gore re tile dilo tse di ka re gobatsang e bile ya re re nne tekatekano mo dilong tse di tshwanang le go ja le go nwa. (Diane 23:20; 2 Bakorintha 7:1) Le fa gone re sa ntse re lwala e bile re tsofala, go reetsa kgakololo ya Baebele go ka re thusa go sireletsa botsogo jwa rona. Ke ditshwetso dife tse re ka tlhokang go di dira? Dinaga tse dingwe di na le mekgwa ya kalafi e e tlwaelegileng le e mengwe e e tlhokang gore motho a itirele tshwetso ya gore a o a e amogela kana jang. Gangwe le gape diofisi tsa makala di amogela makwalo a a tswang kwa bakaulengweng le bokgaitsadi, ba botsa gore ke mefuta efe ya kalafi e ba ka e dirisang. Ba le bantsi ba botsa jaana: “A motlhanka wa ga Jehofa a ka amogela kalafi eno kgotsa nnyaa?”

7. Re ka dira jang ditshwetso fa go tliwa mo kgannyeng ya madi?

7 Ofisi ya lekala kgotsa bagolwane ga ba na tetla ya go direla Mokeresete ditshwetso malebana le dilo tsa kalafi, tota le fa a ka ba botsa. (Bagalatia 6:5) Mme gone, bagolwane ba ka mmontsha se Baebele e se rutang go mo thusa gore a dire tshwetso e e siameng. Ka sekai, Modimo a re re ithibe mo mading. (Ditiro 15:29) Ga go pelaelo gore taelo eno e thusa Mokeresete go tlhaloganya gore a ka se ka a amogela kalafi e mo go yone go dirisiwang madi kgotsa dikarolo tsa one tse nnè. Seno se ka ama segakolodi sa Mokeresete fa a dira tshwetso ya gore a o tla amogela dikarolwana tse dinnyennye tse di tserweng mo mading kgotsa mo dikarolong tse nnè tsa one. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Ke kgakololo efe e nngwe ya Baebele e e ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng fa go tliwa mo go tsa kalafi?

8. Bafilipi 4:5 e ka re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng malebana le dilo tsa kalafi?

8 Diane 14:15 ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Gompieno go ka tswa go na le malwetse mangwe a a se nang kalafi. Ka jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko ka melemo mengwe e go tweng e alafa malwetse mme gone go se na bosupi jwa go tshegetsa kgang eo. Paulo o ne a re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Go nna tekatekano go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo go obameleng Jehofa e seng mo dilong tsa kalafi. Fa e le gore re tlhola re nnetse go akanya thata ka dilo tsa kalafi, re ka nna ra feleletsa re ikakanyetsa re le nosi fela. (Bafilipi 2:4) Fa tsamaiso eno e sa ntse e le gone, re a itse gore re tlile go nna re ntse re lwala. Ka jalo, tlhomamisa gore selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago ke go direla Jehofa.—Bala Bafilipi 1:10.

A o leka go pateletsa ba bangwe go dumalana le wena? (Bona serapa 9)

9. Baroma 14:13, 19 e ka re thusa jang go dira ditshwetso tse di malebana le botsogo, mme kutlwano ya rona e ka nna mo kotsing jang?

9 Mokeresete yo o tekatekano ga a kitla a leka go pateletsa ba bangwe go dira se a tsayang gore se siame. Kwa nageng nngwe, banyalani bangwe ba ne ba kgothaletsa batho go dirisa melemo mengwe le go ja dijo tse di rileng. Bakeresete bangwe ba ne ba latela kgakololo ya bone mme bangwe ga ba a ka ba dira jalo. Fa dilo tseo di sa bereke, Bakeresete bangwe ba ne ba kgopisega. Banyalani bano ba ne ba itlhophetse go dirisa melemo eo le go ja dijo tseo. Mme gone, a ba ne ba tshwanetse go senya kutlwano ya phuthego ka go tlhotlheletsa batho go dirisa dilo tseno? Bogologolo kwa Roma, Bakeresete bangwe ba ne ba na le dikakanyo tse di farologaneng malebana le dijo mmogo le meletlo mengwe. Paulo o ne a ba naya kgakololo efe? O ne a re: “Motho yo mongwe o atlhola letsatsi lengwe e le le le gaisang le lengwe; motho yo mongwe ene o atlhola letsatsi lengwe jaaka a mangwe otlhe; a motho mongwe le mongwe a tlhatswege pelo ka botlalo mo mogopolong wa gagwe.” A re nneng kelotlhoko gore re se ka ra kgopisa ba bangwe.—Bala Baroma 14:5, 13, 15, 19, 20.

Tlhomamisa gore selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago ke go direla Jehofa

10. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlotla ditshwetso tsa ba bangwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Ka dinako tse dingwe ga re ka ke ra tlhaloganya lebaka la go bo mongwe mo phuthegong a dira tshwetso nngwe. Ke eng se re sa tshwanelang go se dira? Ga re a tshwanela go itlhaganelela go mo atlhola kgotsa go mo pateletsa go fetola tshwetso e a e dirileng. Gongwe a ka tswa a tlhoka go katisa segakolodi sa gagwe thata kgotsa gore o tsaya dilo masisi thata. (1 Bakorintha 8:11, 12) Kgotsa gongwe digakolodi tsa rona ga di a katisiwa sentle. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itirela ditshwetso malebana le tsa kalafi le ka dilo tse dingwe mme a rwale maikarabelo a diphelelo tsa one.

ITUMELELE BOITAPOLOSO

11, 12. Baebele e re thusa jang go tlhopha boitapoloso jo bo siameng?

11 Jehofa o batla gore re itumelele go itapolosa. Solomone o ne a kwala a re go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:4) Le fa go ntse jalo, go na le boitapoloso jo bongwe jo bo sa siamang. Gape re tshwanetse go leka go tila go fetsa nako e ntsi mo boitapolosong. Digakolodi tsa rona di ka re thusa jang gore re itumelele boitapoloso jo Jehofa a bo amogelang?

‘A segakolodi sa me se a ntlhagisa fa ke raelwa?’

12 Baebele e re tlhagisa malebana le “ditiro tsa nama” tse di akaretsang “kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.” Paulo o ne a re “ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Ka jalo, re ka ipotsa go re: ‘A segakolodi sa me se nthusa go tila metshameko e e rotloetsang dikgoka, kgaisano, boratanaga le thubakanyo? A segakolodi sa me se a ntlhagisa fa ke raelesega go leba filimi e e bontshang tlhakanelodikobo, e e kgothaletsang boitsholo jo bo sa siamang, botagwa le bodimona?’

13. Kgakololo e e mo go 1 Timotheo 4:8 le Diane 13:20 e re thusa jang fa go tliwa mo kgannyeng ya go itapolosa?

13 Melaometheo ya Baebele e ka re thusa go katisa digakolodi tsa rona fa go tliwa mo kgannyeng ya boitapoloso. Ka sekai, Baebele ya re “go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.” (1 Timotheo 4:8) Batho ba le bantsi ba dumela gore go ikatisa go a lapolosa e bile go thusa gore motho a se ka a lwala motlhofo. Mme gone, a go phoso go ikatisa lo le setlhopha? A ga go re sepe gore o ikatisa le bomang? Diane 13:20 ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Boammaaruri ke gore fa re tlhopha boitapoloso, re tshwanetse go dirisa digakolodi tsa rona tse di katisitsweng ka Baebele.

14. Lelapa lengwe le ne la dirisa jang kgakololo e e mo go Baroma 14:2-4?

14 Christian le Daniela ba na le bana ba babedi ba basetsana ba ba mo dingwageng tsa bolesome. Christian a re: “Ka nako ya Kobamelo ya Lelapa, re ne ra tlotla ka kgang ya boitapoloso. Re ne ra dumalana gore go na le boitapoloso jo bo siameng le jo bo sa siamang. Ra tlotla ka gore ke bomang ba re tshwanetseng go itsalanya le bone. Morwadiarona o ne a ngongorega gore ka nako ya boikhutso kwa sekolong, basha bangwe ba Basupi ba ne ba itshwara ka tsela e a neng a akanya gore ga ya siama. Mme a re o ne a ikutlwa a patelesega go ba etsa. Re ne ra mmontsha gore mongwe le mongwe o na le segakolodi le gore re tshwanetse go se dirisa go tlhopha gore re batla go dira eng le bomang.”—Bala Baroma 14:2-4.

Segakolodi sa gago se se katisitsweng ka Baebele se ka go thusa go tila dikotsi (Bona serapa 14)

15. Mathaio 6:33 e ka re thusa jang fa re akanyetsa go itapolosa?

15 O fetsa nako e e kana kang mo boitapolosong? Ke eng se se tlang pele, a ke boitapoloso kgotsa a ke dipokano, tirelo ya tshimo le go ithuta Baebele? Ke eng se o se tsayang se le botlhokwa? Jesu o ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Fa o akanya gore o ka dirisa nako ya gago jang, a segakolodi sa gago se go gopotsa kgakololo eno ya ga Jesu?

RE KGOTHALEDIWA GORE RE RERE

16. Digakolodi tsa rona di re kgothaletsa jang gore re rere?

16 Segakolodi se se katisitsweng ga se re tlhagise fela fa re batla go dira sengwe se se phoso, gape se re kgothaletsa go dira dilo tse di siameng. Sengwe sa dilo tseo ke tiro ya rona ya go rera ka ntlo le ntlo le go rerela ope fela yo re kopanang le ene. Paulo o ne a dira seo. O ne a kwala a re: “Ke patelesega go dira jalo. Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!” (1 Bakorintha 9:16) Fa re etsa Paulo, digakolodi tsa rona ga di kitla di re tshwenya ka gonne re tla bo re itse gore re dira se se siameng. Mme fa re rerela ba bangwe, re ba thusa go katisa digakolodi tsa bone. Paulo o ne a re: “Ka go dira gore boammaaruri bo bonatshege re itshupa re tshwanelega mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya Modimo.”—2 Bakorintha 4:2.

17. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana o ne a reetsa jang segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Baebele?

17 Fa Jacqueline a ne a na le dingwaga di le 16, o ne a ithuta biology kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, ba ne ba rutiwa thuto ya evolution. “Segakolodi sa me se ne se sa ntetle gore ke nne le seabe mo motlotlong oo. Ke ne ke sa dumalane le thuto eo. Ke ne ka atamela morutabana mme ka mo tlhalosetsa se ke se dumelang. Ke ne ka gakgamala tota fa a sa nje ka meno mme go na le moo a nkopa gore ke bue le baithuti ka nna ka se ke se dumelang.” Jacqueline o ne a itumela tota ka gonne a itse gore o ile a reetsa segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Baebele. A segakolodi sa gago se go kgothaletsa go dira se se siameng?

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le segakolodi se se ikanyegang?

18 Boikaelelo jwa rona ke go tshela ka melaometheo ya ga Jehofa. Digakolodi tsa rona di ka re thusa go fitlhelela boikaelelo joo. Fa ka metlha re ithuta Lefoko la Modimo, re tlhatlhanya ka lone e bile re dirisa se re se ithutang, re tla bo re katisa digakolodi tsa rona. Mme re tla kgona go ikanya mpho eno e e molemolemo gore e tla re kaela mo botshelong.

^ ser. 7 Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 2004, tsebe 29-31.