A o Godile go ya Selekanyong sa Bogolo Jwa ga Keresete?
‘Fitlhelela . . . selekanyo sa bogolo jo e leng jwa ga Keresete.’—BAEFESO 4:13.
PINA: 69, 70
1, 2. Boikaelelo jwa Mokeresete mongwe le mongwe ke eng? Naya sekai.
MOTHO wa mmè o lebelela eng fa a tlhopha maungo a a buduleng sentle kwa marekisetsong? Ga se gantsi a ka lebelelang gore a makima go le kana kang kgotsa gore a ga a ture. Go na le moo, o batla maungo a a nkgang monate, a a sa bolang e bile a kgona go jega. O batla maungo a a buduleng sentle.
Mokeresete yo o godileng sentle o batla melaometheo ya Baebele e e ka mo thusang gore a itse se se siameng le se se sa siamang
2 Fa motho a sena go ithuta ka Jehofa mme a bo a kolobediwa, o atamalana le Modimo fela thata. Boikaelelo jwa gagwe ke go nna Mokeresete yo o godileng sentle. Go gola goo, ga go kaye go gola ka dingwaga go na le moo go raya go atamalana thata le Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a batla gore Bakeresete ba kwa Efeso ba gole sentle. O ne a ba kgothaletsa gore ba nne seoposengwe mo tumelong e bile ba ithute ka Jesu gore ba kgone go nna batho ba ba “godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.”—Baefeso 4:13.
3. Phuthego ya kwa Efeso e tshwana jang le phuthego ya motlha wa rona?
3 Phuthego ya kwa Efeso e ne e sa bolo go nna teng fa Paulo a ne a e kwalela. E ne e setse e na le Bakeresete ba le bantsi ba ba nang le maitemogelo e bile ba godile sentle. Mme go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba tlhoka go nonotsha botsala jwa bone le Jehofa. Le gompieno go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba godileng sentle ba ba nang le lobaka lo loleele ba direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le ba bangwe ba ba iseng ba gole sentle. Ka sekai, ngwaga le ngwaga go kolobediwa batho ba le bantsi, ka jalo, bangwe ba bone ba sa ntse ba tlhoka go gola sentle. Wena?—MOKERESETE A KA GOLA SENTLE JANG?
4, 5. Bakeresete ba ba godileng sentle ba farologana jang, mme ke eng se ba tshwanang ka sone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
4 Fa o lebelela maungo a a buduleng sentle kwa marekisetsong, o tla lemoga gore ga a tshwane kgo. Mme gone, go na le sengwe se a tshwanang ka sone. Go ntse fela jalo le ka Bakeresete ba boammaaruri ba ba godileng sentle. Ga ba tshwane kgo. Ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng e bile ga ba a gola ka go tshwana. Ga ba lekane ka dingwaga e bile ga ba rate dilo tse di tshwanang. Le fa go ntse jalo, go na le dinonofo dingwe tse ba tshwanang ka tsone. Dingwe tsa tsone ke dife?
‘A go na le diphetogo tse nka di dirang gore ke latele sekao sa ga Jesu?’
5 Mokeresete yo o godileng sentle o latela ‘dikgato tsa ga Jesu gaufiufi.’ (1 Petere 2:21) Jesu o ne a re go botlhokwa gore motho a rate Jehofa ka pelo, moya le mogopolo otlhe wa gagwe le go rata moagelani wa gagwe jaaka a ithata. (Mathaio 22:37-39) Mokeresete yoo o leka ka thata go ikobela taelo eo. Tsela e a tshelang ka yone e bontsha gore go rata batho ba bangwe le botsala jwa gagwe le Jehofa ke dilo tsa botlhokwa fela thata mo go ene.
6, 7. (a) Ke eng se Mokeresete yo o godileng sentle a bonalang ka sone? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?
6 Lorato ke nngwe ya dinonofo tse Mokeresete yo o godileng sentle a nang le tsone. (Bagalatia 5:22, 23) Gape o bonolo, o boikgapo e bile o pelotelele. Dinonofo tseno di ka mo thusa go itshokela maemo a a thata ntle le go tenega le go se felelwe ke tsholofelo fa a swabisitswe. Fa Mokeresete yo o godileng sentle a ithuta Baebele, o leka go batla melaometheo ya Baebele e e ka mo thusang gore a itse se se siameng le se se sa siamang. Mme fa a dirisa segakolodi sa gagwe se a se katisitseng ka melao ya Baebele, o tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng. Mokeresete yono o ikokobeditse, ka jalo, o dumela gore kaelo le melao ya ga Jehofa e botoka thata go gaisa dikakanyo tsa gagwe. * (Bala ntlha e e kwa tlase.) O rera dikgang tse di molemo ka matlhagatlhaga e bile o dira sotlhe se a ka se kgonang go thusa phuthego gore e nne seoposengwe.
7 Go sa kgathalasege gore re na le lobaka lo lo kana kang re direla Jehofa, mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa go re: ‘A go na le diphetogo dingwe tse nka di dirang gore ke latele sekao sa ga Jesu? A go na le gongwe mo nka tokafatsang teng?’
“DIJO TSE DI TIILENG KE TSA BATHO BA BA GODILENG SENTLE”
8. Jesu o ne a itse Dikwalo e bile a di tlhaloganya go le kana kang?
8 Jesu Keresete o ne a itse Dikwalo e bile a di tlhaloganya sentle. Tota le fa a Luke 2:46, 47) Nako nngwe fa a ne a rera, o ne a dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere go tswala baba ba gagwe melomo.—Mathaio 22:41-46.
ne a le dingwaga di le 12, o ne a dirisa Dikwalo fa a bua le barutisi ba kwa tempeleng. Baebele ya re: “Botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” (9. (a) Ke dilo dife tse Mokeresete yo o godileng sentle a di dirang? (b) Ke ka ntlha yang fa re ithuta Baebele?
9 Motho yo o batlang go gola sentle o latela sekao sa ga Jesu e bile o leka ka bojotlhe go tlhaloganya Baebele. O ithuta Baebele ka metlha ka gonne o a itse gore “dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle.” (Bahebera 5:14) Mokeresete yo o godileng sentle o batla go nna le ‘kitso e e boammaaruri’ ya Baebele. (Baefeso 4:13) Ka jalo, ipotse jaana: ‘A ke bala Baebele letsatsi le letsatsi? A ke na le thulaganyo ya go ithuta ke le esi? A ke tshwara kobamelo ya lelapa beke le beke?’ Fa o ithuta Baebele, batla melaometheo e e ka go thusang go itse tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone le e a akanyang ka yone mme o e dirise fa o dira ditshwetso. Seno se tla go thusa go atamalana thata le Jehofa.
10. Mokeresete yo o godileng sentle o ikutlwa jang ka kgakololo le melaometheo ya Modimo?
10 Mokeresete yo godileng sentle ga a tshwanela fela go itse gore Baebele ya reng, gape o tshwanetse go rata kgakololo le melao ya Modimo e e mo Baebeleng. Lorato loo o lo bontsha ka go dira thato ya ga Jehofa go na le go dira se ene a se batlang. Gape o fetola tsela e a tshelang, a akanyang le e a dirang dilo ka yone. Ka sekai, o latela sekao sa ga Jesu le go apara botho jo bosha, jo bo ‘bopiwang go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.’ (Bala Baefeso 4:22-24.) Go botlhokwa gore re se ka ra lebala gore Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go kaela bakwadi ba Baebele. Ka jalo, fa Mokeresete a ithuta Baebele, moya o o boitshepo o mo thusa go oketsa kitso ya gagwe, go rata Jehofa le go atamalana thata le ene.
ROTLOETSA KUTLWANO
11. Jesu o ne a tshela le batho ba ba ntseng jang fa a ne a le mo lefatsheng?
11 Jesu o ne a itekanetse mme fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshela le batho ba ba sa itekanelang. Batsadi ba gagwe, bomonnawe le bokgaitsadie botlhe ba ne ba sa itekanela. Tota le barutwa ba gagwe ba ne ba na le bothata jwa go ikgogomosa le go nna bogagapa. Ka sekai, bosigo jwa pele Jesu a swa, barutwa ba gagwe ba ne ba ngangisana gore “ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.” (Luke 22:24) Le fa ba ne ba sa itekanela, Jesu o ne a itse gore go ise ye kae ba tla gola sentle mme ba age phuthego e e seoposengwe. Mo go jone bosigo joo, Jesu o ne a bua jaana a kopa Rraagwe gore a thuse barutwa ba gagwe go nna seoposengwe: “Fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona.”—Johane 17:21, 22.
12, 13. (a) Boikaelelo jwa rona Bakeresete ke eng? (b) Mokaulengwe mongwe o ne a ithuta jang go rotloetsa kutlwano mo phuthegong?
12 Mokeresete yo o godileng sentle o rotloetsa kutlwano mo phuthegong. (Bala Baefeso 4:1-6, 15, 16.) Boikaelelo jwa rona Bakeresete ke “go kopanngwa mmogo ka kutlwano,” ke gore, go dirisana mmogo sentle. Gore go nne le kutlwano e e ntseng jalo mo phuthegong, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ikokobetsa. Fa Mokeresete yo o godileng sentle a utlwisitswe botlhoko, o leka ka natla gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Ka jalo, ipotse jaana: ‘Ke tsiboga jang fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a dirile phoso? Ke dira eng fa mongwe a nkutlwisitse botlhoko? A ke a mo ngalela? Kgotsa a ke leka go baakanya dilo?’ Mokeresete yo o godileng sentle o leka go rarabolola dilo go na le go itira bothata mo bathong.
13 Akanya ka sekai sa ga Uwe yo o neng a tle a kgopisiwe ke makoa a bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. O ne a swetsa ka gore a dirise Baebele le buka ya Insight on the Scriptures go ithuta ka botshelo jwa ga Dafide. Goreng Dafide? Ka gonne Dafide le ene o ne a na le mathata le bangwe ba batlhanka ba Modimo. Ka sekai, Kgosi Saulo o ne a leka go bolaya Dafide, batho bangwe ba ne ba batla go mo kgobotletsa ka maje e bile mosadi wa gagwe o ne a mo ja ditshego. (1 Samuele 19:9-11; 30:1-6; 2 Samuele 6:14-22) Mme go sa kgathalesege gore batho ba ne ba mo dira eng, Dafide o ne a rata Jehofa e bile a mo ikanya. Gape, Dafide o ne a le kutlwelobotlhoko. Uwe o a dumela gore o ne a tlhoka go dira se se tshwanang. Fa a ntse a ithuta Baebele, o ne a lemoga gore o tshwanetse go fetola tsela e a ikutlwang ka yone ka makoa a bakaulengwe ba gagwe. O ne a tshwanetse go ithuta go lebala ka diphoso tsa bone mme a rotloetse kutlwano mo phuthegong. A le wena o ikaeletse go dira se se tshwanang?
TLHOPHA DITSALA TSE DI DIRANG THATO YA MODIMO
14. Ditsala tsa ga Jesu e ne e le batho ba ba ntseng jang?
14 Jesu Keresete e ne e le motho wa batho. Banna, basadi, basha, bagodi tota le bana ba ne ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le ene. Mme o ne a le kelotlhoko fa a tlhopha ditsala. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” (Johane 15:14) Ditsala tsa ga Jesu e ne e le batho ba ba neng ba mo sala morago e bile ba rata Jehofa le go mo direla. A ditsala tsa gago ke batho ba ba ratang Jehofa ka pelo yotlhe? Ke eng fa go le botlhokwa go dira jalo?
A o tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa e bile di mo direla ka pelo yotlhe?
15. Basha ba ka solegelwa molemo jang ke go itsalanya le Bakeresete ba ba godileng sentle?
15 Maungo a le mantsi a butswa sentle fa go le bothito. Ka tsela e e tshwanang, go ratiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi go ka go thusa go nna Mokeresete yo o godileng sentle. A o mosha yo o lekang go dira tshwetso ya gore o dire eng ka botshelo jwa gago? Fa go le jalo, o tla bo o dirile tshwetso e e siameng tota fa o ka tlhopha ditsala tse di nang le lobaka lo loleele di direla Jehofa e bile di rotloetsa Bahebera 5:14.
kutlwano mo phuthegong. Ba ka tswa ba ne ba na le mathata mo matshelong a bone e bile ba lebana le dikgwetlho tse di rileng fa ba ntse ba direla Jehofa. Ba ka go thusa gore o tshele botshelo jo bo monate. Fa o ipha nako le bone, ba ka go thusa go dira ditshwetso tse di siameng le go gola sentle.—Bala16. Bakeresete ba ba godileng ba ile ba thusa jang kgaitsadi mongwe fa a ne a sa ntse a le mosha?
16 Helga o gopola ngwaga wa gagwe wa bofelo kwa sekolong fa baithutikaene ba le bantsi ba ne ba bua ka dilo tse ba ikaeletseng go di dira fa ba fetsa sekolo. Bontsi jwa bone ba ne ba batla go ya yunibesithing gore ba kgone go atlega mo botshelong. Helga o ne a bua le Bakeresete bangwe ba ba godileng sentle ba phuthego e a kopanelang kwa go yone. A re: “Bontsi jwa bone ba ne ba godile e bile ba ile ba nthusa fela thata. Ba ne ba nkgothaletsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Go tswa foo, ke ne ka nna mmulatsela ka dingwaga di le tlhano. Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa mme ke itumelela go bo ke ile ka direla Jehofa ke sa ntse ke le mosha. Ga ke ikwatlhaele go bo ke dirile jalo.”
17, 18. Ke leng Mokeresete a ka direlang Jehofa sentle?
17 Fa re etsa Jesu, re tla bo re bontsha gore re Bakeresete ba ba godileng sentle. Re tla atamalana thata le Jehofa e bile re tla mo direla ka pelo yotlhe. Motho o direla Jehofa ka bojotlhe fa a godile sentle. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.”—Mathaio 5:16.
18 Re ithutile kafa Mokeresete yo o godileng sentle a ka tshegetsang phuthego ka gone. Gape tsela e Mokeresete a dirisang segakolodi sa gagwe ka yone e bontsha gore o godile sentle. Digakolodi tsa rona di ka re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng? Mme re ka bontsha jang gore re tlotla digakolodi tsa ba bangwe? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.
^ ser. 6 Ka sekai, mokaulengwe yo mosha a ka newa kabelo e e neng e dirwa ke mokaulengwe yo o godileng yo o nang le maitemogelo, mme a ka nna a kopiwa gore a thuse mokaulengwe yoo yo mosha.