Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Atamela Modimo go Nnile Molemo mo go Nna

Go Atamela Modimo go Nnile Molemo mo go Nna

MMELE wa me o ne wa emisa go gola fa ke le dingwaga di le robongwe. Gone jaanong ke na le dingwaga di le 43 mme ke sa ntse ke le boleele jwa metara e le nngwe. Fa batsadi ba me ba lemoga gore ga nkitla ke tlhola ke nna moleele, ba ne ba nkgothaletsa gore ke bereke ka natla gore ke se ka ka nnela go akanya ka boleele jwa me. Ke ne ka simolola go rekisa maungo fa pele ga jarata ya rona ke a beile mo tafoleng, mme lefelo le ke neng ke rekisetsa fa go lone le ne le le phepa. Seo se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba tle go reka mo go nna.

Go bereka ka natla ga go a ka ga fetola sepe ka gonne ke ne ke sa ntse ke le mokhutshwane e bile go le thata go dira dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka go ema mo khaontareng ya lebenkele. Go ne go bonala e kete sengwe le sengwe se ne se diretswe batho ba baleele fela. Ke ne ke tlhola ke ikutlwela botlhoko mme dilo di ne tsa fetoga fa ke le dingwaga tse 14.

Letsatsi lengwe, basadi ba babedi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla go reka maungo mo go nna, go tswa foo ba simolola go nthuta Baebele. Ke ne ka simolola go lemoga gore go itse Jehofa le boikaelelo jwa gagwe go botlhokwa thata go feta boleele jwa me. Go itse seo go ne ga nthusa fela thata. Pesalema 73:28 e ne ya nna temana e ke e ratang thata. Mafoko a ntlha a temana eo a re: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.”

Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga thata fa lelapa la gaetsho le fuduga go tswa kwa Côte d’Ivoire go ya kwa Burkina Faso. Kwa Côte d’Ivoire, batho ba ne ba tlwaetse go mpona ke eme fa thoko ga tafole ya maungo. Mme mo Burkina Faso, batho ba ne ba sa ntlwaela. Ba ne ba ntlhoma matlho thata mo ke neng ka feleletsa ke sa tswe ka ntlo dibeke di le dintsi. Mme ke ne ka gakologelwa kafa go leng molemo ka teng go atamalana le Jehofa. Ke ne ka kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mme ba nthomelela motho yo ke neng ke mo tlhoka. Morongwa mongwe yo o bidiwang Nani o ne a nketela a tla ka sethuthuthu.

Ditsela tse di tletseng motlhaba tsa kwa re neng re nna gone di ne di reledisa mme fa pula e nele gone, di ne di tlala diretse. Nani o ne a wa ka sethuthuthu makgetlo a le mantsi fa a tla go nthuta Baebele mme ga a ka a latlhela seditse. Letsatsi lengwe o ne a nkopa gore ke ye le ene kwa dipokanong. Ke ne ka lemoga gore ke tla tshwanelwa ke go itshokela matlho a batho. Mo godimo ga moo, fa ke palama sethuthuthu seno, go ne go tla se imetsa e re ka e bile go ne go le thata go se laola. Le fa go ntse jalo, ke ne ka dumela go tsamaya le ene ke gopotse mafoko a a latelang a temana eno e ke e ratang: “Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Nna le Nani re ne re a tle re wele mo diretseng mme re ne re sa kgathale ka gonne re rata go ya dipokanong. Go ne go na le pharologanyo e e seng kana ka sepe kwa dipokanong ka gonne ba ne ba tshega go le monate ba sa ntlhomakake matlho jaaka batho ba bangwe! Ke ne ka kolobediwa morago ga dikgwedi di le robongwe.

Mafoko a a reng “gore ke bolele ditiro tsotlhe tsa gago” le one ke a rata fela thata. Ke ne ke itse gore go rera e ne e tlile go nna namane e tona ya tiro. Ke sa ntse ke gopola lekgetlo la ntlha fa ke ne ke rera ka ntlo le ntlo. Bana le bagolo ba ne ba ntlhomile matlho, ba ntshetse morago e bile ba tshega tsela e ke tsamayang ka yone. Ke ne ka utlwa botlhoko fela thata mme ka itshoka ka gonne ke gopola gore le bone ba tlhoka Paradaise fela jaaka nna.

Ke ne ka ithekela baesekele ya maotwana a mararo e e kgweediwang ka matsogo. Motho yo ke neng ke tsamaya le ene mo bodireding, o ne a kgorometsa baesekele fa re tlhatloga mme a itatlhele ka bonako fa e fologela. Le fa kwa tshimologong e ne e le kgwetlho go ya bodireding, ke ne ka simolola go bo itumelela mo ke neng ka nna mmulatsela wa ka metlha ka 1998.

Ke ne ke ithuta Baebele le batho ba le bantsi mme ba le banè ba bone ba ne ba kolobediwa. Mo godimo ga moo, mongwe wa bomorwadiarre le ene ke Mosupi! Gantsi ke ne ke kgothadiwa ke go bona ba bangwe ba gatela pele sentle. Letsatsi lengwe fa ke ne ke tshwerwe ke malaria, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa Côte d’Ivoire. Nkile ka simolola go ithuta le moithuti mongwe wa yunibesithi kwa Burkina Faso mme ka mo naya mokaulengwe mongwe. Moithuti yono o ne a fudugetse kwa Côte d’Ivoire. Ke ne ka itumelela go utlwa gore e ne le mmoledi yo o sa kolobediwang!

Ke itshedisa ka eng? Mokgatlho mongwe o o thusang batho ba ba nang le bogole o ne wa nthuta go roka. Mongwe wa batho ba ba neng ba re ruta o ne a lemoga tsela e ke neng ke bereka ka yone mme a re, “Re tshwanetse go go ruta go dira sesepa.” Mme ba ne ba dira fela jalo. Gone jaanong ke dira disepa tse di tlhatswang diaparo le tse di phepafatsang ntlo. Batho ba di rata tota e bile ba bolelela ba bangwe ka tsone. Ke di isa kwa bathong ke dirisa sethuthuthu sa maotwana a mararo.

Ka maswabi, ka 2004, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela bobulatsela ka gonne ke na le setlhabi se se botlhoko tota mo mokwatleng. Mme gone ke sa ntse ke ya bodireding ka metlha.

Batho ba re ke rata go nyenya mme gone ke na le mabaka a go dira jalo ka gonne go atamela Modimo go nnile molemo mo go nna.—Jaaka go boletse Sarah Maiga.