Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Tseye Batho ba Mofuta Oo e Le ba Ba Botlhokwa Thata”

“Lo Tseye Batho ba Mofuta Oo e Le ba Ba Botlhokwa Thata”

FA E SALE ka 1992, Setlhopha se se Laolang se ile sa naya bagolwane ba ba nang le maitemogelo maikarabelo a go thusa dikomiti tsa sone go dira tiro ya tsone. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Banna bano ba e leng maloko a “dinku tse dingwe” ba thusa Setlhopha se se Laolang fela thata. (Johane 10:16) Ba nna gone ka nako ya fa komiti e ba abetsweng mo go yone e kopana mmogo. Boikarabelo jwa bone ke go thusa ka tshedimosetso e e tlhokegang le go ntsha dikakantsho. Setlhopha se se Laolang ke sone se dirang tshwetso ya makgaolakgang mme go tswa foo bathusi bano ba tlhomamisa gore tshwetso eo e a latelwa. Bakaulengwe bano ba iketleeleditse go dira kabelo epe fela e ba e newang. Ba tsamaya le maloko a Setlhopha se se Laolang go ya kwa dikopanong tse di kgethegileng le tsa boditšhabatšhaba. Gape ba ka abelwa go etela diofisi tsa makala e le baemedi ba ntlokgolo.

Mokaulengwe mongwe yo o ntseng a direla e le mothusi go tloga fa e sale ka 1992 a re: “Fa ke dira tiro e ke e abetsweng, Setlhopha se se Laolang se kgona go tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe tsa botlhokwa thata.” Mokaulengwe yo mongwe yo o nang le dingwaga di le 20 e ntse e le mothusi a re: “Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe e ke neng ke sa e lebelela.”

Setlhopha se se Laolang se neile bakaulengwe bano ba ba ikanyegang maikarabelo a mantsi mme se anaanela fela thata tiro ya bone ya bonatla. A re ‘tseyeng batho ba mofuta oo e le ba ba botlhokwa thata.’—Bafilipi 2:29.

^ ser. 2 Bona lebokose la setlhogo se se reng “Kafa Setlhopha se se Laolang se Tlhokomelang ka Gone Dilo Tse di Direlwang Bogosi” ya buka ya Bogosi Jwa Modimo bo a Busa! go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le boikarabelo jwa dikomiti tse thataro tsa Setlhopha se se Laolang.