Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bona Maatla a Modimo mo Botshelong Jwa Gago?

A o Bona Maatla a Modimo mo Botshelong Jwa Gago?

“Seatla sa ga Jehofa ruri se tla itsisiwe batlhanka ba gagwe.” —ISAIA 66:14.

PINA: 65, 26

1, 2. Batho bangwe ba akanya eng ka Modimo?

BATHO ba le bantsi ba akanya gore Modimo ga a na sepe le gore ba dira eng kgotsa gore ba diragalelwa ke eng. Ka sekai, fa setsuatsue se se bogale se sena go senya karolo e kgolo ya ditlhaketlhake tsa Philippines ka November 2013, ratoropo mongwe o ne a re: “Modimo o tshwanetse a bo a ne a etetse golo gongwe.”

2 Batho bangwe ba akanya gore Modimo ga a bone dilo tse ba di dirang. (Isaia 26:10, 11; 3 Johane 11) Go ne go na le batho ba ba ntseng jalo le ka nako ya ga moaposetoloi Paulo. O ne a bua jaana ka bone: “Ba ne ba se ka ba amogela go tsaya Modimo ka kitso,” ke gore go amogela gore Modimo o gone. Ba ne ba sa siama, ba le bosula e bile ba le bogagaru.—Baroma 1:28, 29.

3. (a) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife? (b) Gantsi Baebele ya bo e kaya eng fa e bua ka “seatla” sa Modimo?

3 Rona re a itse gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se re se dirang. Mme gone, a re a dumela gore Jehofa o a re kgathalela? A re kgona go lemoga fa a re thusa? Gantsi fa Baebele e bua ka “seatla” sa Modimo e kaya maatla a a dirisang go thusa batlhanka ba gagwe le go fenya baba ba gagwe. (Bala Duteronome 26:8.) Jesu o ne a re batho bangwe ba tla “bona Modimo.” (Mathaio 5:8) A re bangwe ba bone? Re ka “bona Modimo” jang? A re ithuteng ka dikai tsa batho ba mo Baebeleng ba ba neng ba bona maatla a Modimo mo matshelong a bone le ba ba neng ba se ka ba a bona. Gape re tla ithuta kafa tumelo e re thusang ka gone go lemoga maatla a Modimo.

BA GANNE GO BONA MAATLA A MODIMO

4. Ke eng fa baba ba Iseraele ba ne ba gana go bona maatla a Modimo?

4 Bogologolo batho ba le bantsi ba ne ba na le tshono ya go bona le go utlwa kafa Modimo a thusitseng Baiseraele ka teng. Jehofa o ne a dira dikgakgamatso fa a ne a golola batho ba gagwe kwa Egepeto le fa a ne a fenya dikgosi di le dintsi tsa lefatshe le a neng a le solofeditse Baiseraele. (Joshua 9:3, 9, 10) Le fa dikgosi tse dingwe di ne di utlwile e bile di iponetse kafa Jehofa a golotseng batho ba gagwe ka gone, di ne ‘tsa simolola go phuthega mmogo gore di lwe le Joshua le Iseraele.’ (Joshua 9:1, 2) Fa di ne di lwa le Iseraele, di ne di kgona go bona maatla a Modimo. Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe go dira gore ‘letsatsi le eme le sa tshikhinyege, le ngwedi e eme e sa tshikhinyege, go fitlha setšhaba se ipusolosetsa mo babeng ba sone.’ (Joshua 10:13) Mme Jehofa o ne a tlogelela dipelo tsa baba ba Iseraele gore “di nne logwadi” mme ba lwantshe Iseraele. (Joshua 11:20) Baba ba Iseraele ba ne ba fenngwa ka gonne ba ganne go amogela gore Jehofa ke ene a neng a lwela batho ba gagwe.

Re tshwanetse go nna re etse tlhoko dilo tse di re bontshang gore Modimo ke ene a re thusang

5. Ke eng se Kgosi Ahabe a neng a gana go se dumela?

5 Kgosi e e bosula e bong Ahabe le ene o ne a na le tshono ya go bona maatla a Modimo ka makgetlo a le mmalwa. Elija o ne a mmolelela a re: “Ga go na go nna le monyo le fa e le pula, fa e se fela ka taelo ya lefoko la me!” (1 Dikgosi 17:1) Modimo ke ene fela a neng a tla dira jalo mme Ahabe o ne a gana go dumela seo. Elija o ne a rapela mme Jehofa a araba thapelo ya gagwe ka go romela molelo go tswa kwa legodimong. Ahabe o ne a iponela tiragalo eo. Go tswa foo, Elija o ne a mmolelela gore Jehofa o tla fedisa komelelo mme a nese pula. (1 Dikgosi 18:22-45) Ahabe o ne a bona dilo tseno tsotlhe di direga mme o ne a sa ntse a gana go dumela gore ke maatla a ga Jehofa. Dikai tseno di re ruta eng? Gore re tshwanetse go nna re etse tlhoko dilo tse di re bontshang gore Modimo ke ene a re thusang.

BA NE BA BONA MAATLA A GA JEHOFA

6, 7. Ke eng se Bagibeone le Rahabe ba neng ba se lemoga?

6 Bagibeone ba ne ba sa tshwane le ditšhaba tse dingwe ka gonne ba ne ba bona maatla a Modimo. Go na le gore ba batle go lwantsha Baiseraele, ba ne ba batla go tshela le bone ka kagiso. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba re ba utlwile ka Jehofa le ka dilo tse a di dirileng. (Joshua 9:3, 9, 10) Ba ne ba le botlhale ka gonne ba lemogile gore Jehofa ke ene a neng a lwela Baiseraele.

7 Rahabe le ene o ne a bona maatla a ga Jehofa. E ne e se Moiseraele mme o ne a utlwile kafa Jehofa a neng a golola batho ba gagwe ka gone kwa Egepeto. Fa banna ba babedi ba ditlhola tsa Iseraele ba ne ba tlile kwa go ene, o ne a ba raya a re: “Ke a itse gore Jehofa o tla lo naya lefatshe leno.” Rahabe o ne a dumela gore Jehofa o ne a tla mo sireletsa ene le ba lelapa la gagwe. O ne a na le tumelo mo go Jehofa le fa go dira jalo go ne go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing.—Joshua 2:9-13; 4:23, 24.

8. Baiseraele bangwe ba ne ba farologana jang le Ahabe?

8 Baiseraele bangwe ba ba neng ba bona molelo o tswa kwa legodimong ga ba a ka ba tshwana le Kgosi Ahabe ka gonne bone ba ne ba lemoga gore seo ke maatla a Modimo. Ba ne ba goa ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!” (1 Dikgosi 18:39) Ba ne ba lemogile sentle gore seo e ne e le maatla a Modimo.

9. Re ka lemoga jang fa Jehofa a re thusa?

9 Re sekasekile dikai tse di re thusitseng go tlhaloganya gore go “bona Modimo” kgotsa maatla a gagwe go kaya eng. Fa re ithuta ka Jehofa le ka dinonofo tsa gagwe, re bona maatla a gagwe ka ‘matlho a dipelo tsa rona.’ (Baefeso 1:18) Mme seno se re tlhotlheletsa gore re batle go etsa batlhanka ba gagwe ba nako e e fetileng le ba motlha wa rona ba ba ileng ba bona kafa Jehofa a thusang batho ba gagwe ka gone. A mme gone, re na le bosupi jwa gore Modimo o thusa batho ba gagwe?

BOSUPI JWA GORE MODIMO O THUSA BATHO

10. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa o sa ntse a thusa batho? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Re na le bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa gore Jehofa o sa ntse a thusa batho. Gangwe le gape re utlwalela ka batho ba Modimo a neng a araba dithapelo tsa bone. (Pesalema 53:2) Ka sekai, fa Allan a ne a le mo bodireding kwa setlhaketlhakeng sengwe sa Philippine, mosadi mongwe o ne a simolola go lela fa a mmona. Allan a re: “Mosadi yoo o ne a sa tswa go rapela mo mosong gore Jehofa a mo romelele batho ba gagwe.” Mosadi yoo o ne a kile a ithuta le Basupi fa a ne a sa ntse a le mosha mme o ne a emisa go ithuta fa a sena go nyalwa le go fudugela kwa setlhaketlhakeng seo. O ne a amiwa pelo ke go bona Modimo a araba thapelo ya gagwe ka bonako jaana. Pele ngwaga o fela, o ne a ineela mo go Jehofa.

A o batlana le sengwe se se go bontshang gore Jehofa o a go thusa mo botshelong? (Bona serapa 11-13)

11, 12. (a) Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe jang? (b) Tlhalosa kafa Jehofa a thusitseng kgaitsadi mongwe ka gone.

11 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba bona kafa a ba thusang ka gone fa ba ne ba tlogela mekgwa e e leswe ya go goga motsoko, go dirisa diokobatsi le go leba ditshwantsho tsa thobalano. Bangwe ba re ba lekile go tlogela mme ba itaya se fololetse. Mme fa ba kopa Jehofa gore a ba thuse, o ne a ba naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore ba kgone go tlogela mekgwa eo e e leswe.—2 Bakorintha 4:7; Pesalema 37:23, 24.

Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gore ba kgone go itshokela mathata

12 Gape Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gore ba kgone go itshokela mathata. Ka sekai, Amy o ne a newa kabelo ya gore a thuse go aga Holo ya Bogosi le legae la barongwa kwa setlhaketlhakeng sengwe sa Lewatle la Pacific. O ne a sa tlwaela ngwao ya koo, gantsi go ne go se na motlakase le metsi, ditsela di tletse ka metsi, a tlhoafaletse gae e bile a nna mo kamoreng e nnye mo hoteleng. Letsatsi lengwe o ne a utlwa botlhoko fa a sena go kgadiepetsa kgaitsadi yo a neng a bereka le ene. Fa a fitlha kwa kamoreng ya gagwe e e lefifi, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse. Fa motlakase o sena go boa, o ne a bala makasine mongwe wa Tora ya Tebelo o o neng o bua ka go aloga ga baithuti ba Gileade. Setlhogo seo se ne se bua ka bothata jo a neng a lebane le jone. A re: “Ke ne ke utlwa gore Jehofa o bua le nna. Ke ne ka kgona go tswelela pele mo kabelong ya me.”—Pesalema 44:25, 26; Isaia 41:10, 13.

13. Re na le bosupi bofe jwa gore Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe gore ba femele tshwanelo ya bone ya go rera?

13 Gape Jehofa o thusitse batho ba gagwe go buelela dikgang tse di molemo semolao. (Bafilipi 1:7) Ka sekai, fa dipuso di ne di leka go emisa tiro ya rona ya go rera, re ne ra ikuela kwa kgotlatshekelong. Fa e sa le go tloga ka ngwaga wa 2000, re fentse dikgetsi di ka nna 268 kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo mme tse 24 tsa tsone re di fentse kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Ke boammaaruri gore ga go ope yo o ka kgonang go emelana le maatla a Modimo.—Isaia 54:17; bala Isaia 59:1.

14. Re na le bosupi bofe jo bongwe jwa gore Modimo o thusa batho ba gagwe?

14 Tiro ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe ke bosupi jo bongwe gape jwa gore Modimo o thusa batho ba gagwe. (Mathaio 24:14; Ditiro 1:8) Mme ke Jehofa fela a ka dirang gore batlhanka ba gagwe ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba utlwane. Seno ga se a tlwaelega ka gonne tota le batho ba ba sa obameleng Jehofa ba a lemoga gore ‘ruri Modimo o mo gare ga rona.’ (1 Bakorintha 14:25) Go na le bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa gore Modimo o thusa batho ba gagwe. (Bala Isaia 66:14.) A wena o bona maatla a ga Jehofa mo botshelong jwa gago?

A O BONA MAATLA A GA JEHOFA MO BOTSHELONG JWA GAGO?

15. Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe re sa bone maatla a ga Jehofa mo matshelong a rona?

15 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra se ka ra bona maatla a Modimo mo matshelong a rona. Ka ntlha yang? Fa re farafarilwe ke mathata, re ka nna ra lebala gore Jehofa o kile a re thusa ka makgetlo a le mantsi. Seo se kile sa diragalela Elija. O ne a le pelokgale mme o ne a tshaba fa Kgosigadi Jesebele a ne a batla go mmolaya. O ne a lebala ka nakwana gore Jehofa o kile a mo thusa. Baebele ya re Elija o ne a ba a eletsa go swa. (1 Dikgosi 19:1-4) Ke mang yo a neng a ka mo thusa le go mo kgothatsa? Ke Jehofa fela!—1 Dikgosi 19:14-18.

16. Re ka bona Modimo jang fa re na le mathata?

16 Jobe o ne a akantse thata ka mathata a gagwe mo a neng a se ka a bona dilo ka tsela e Jehofa a di bonang ka yone. (Jobe 42:3-6) Le rona ka dinako tse dingwe mathata a ka dira gore re palelwe ke go bona Modimo. Ke eng se se ka re thusang go lemoga se Modimo a re direlang sone? Re tshwanetse go akanya thata ka se Baebele e se buang ka mathata a rona. Fa re dira jalo, re tla tlhomamisega le go feta gore Modimo o gone e bile re tla kgona go bua re re: “Ke utlwile kaga gago ka magatwe, mme jaanong leitlho la me le a go bona.”

A Jehofa o go dirisa go thusa batho ba bangwe? (Bona serapa 17, 18)

17, 18. (a) O ka bona jang gore Jehofa o a go thusa mo botshelong? (b) Anela maitemogelo a a bontshang kafa Modimo a re thusang ka gone.

17 O ka bona jang maatla a ga Jehofa mo botshelong jwa gago? A re sekasekeng dikai di le tlhano. Sa ntlha, o a itse gore Jehofa ke ene a go thusitseng gore o bone boammaaruri. Sa bobedi, o ka tswa o gopola nako nngwe fa o ne o le kwa dipokanong o reeditse puo mme morago o bo o re: “Puo eno e ne e bua le nna!” Sa boraro, gongwe o lemogile kafa Jehofa a neng a araba ka gone nngwe ya dithapelo tsa gago. Sa bonè, gongwe o ne o batla go direla Jehofa mo go oketsegileng mme o bone kafa a neng a go thusa ka gone go fitlhelela seo. Sa botlhano, gongwe o ne wa tlogela tiro ka gonne o bona gore e go jela nako ya go direla Jehofa mme go tswa foo o bo o bona Modimo a diragatsa tsholofetso eno ya gagwe: “Ga ke na ke go . . . latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Fa re atamalane thata le Jehofa, go nna motlhofo go lemoga fa a re thusa.

18 Kgaitsadi mongwe wa kwa Kenya e bong Sarah a re: “Ke ne ka rapelela motho yo ke ithutang le ene yo ke neng ke tsaya gore ga a tlhole a batla go ithuta. Ke ne ka botsa Jehofa gore a ke ka ke tlogele go ithuta le motho yoo. Fela fa ke sena go re ‘Amen’ ke fa founo ya me e lela. Motho yoo o ne a nfounela a mpotsa gore a a ka tla le nna kwa dipokanong! Ke ne ke gamaregile!” Fa re bona dilo tse Modimo a re direlang tsone, re tla lemoga gore o a re thusa. Kgaitsadi mongwe wa kwa Asia e bong Rhonna a re go tsaya nako go lemoga dilo tse Jehofa a re direlang tsone mo botshelong “mme fa o setse o lemoga, o tla gakgamala tota go bona kafa a re kgathalelang thata ka gone!”

19. Ke eng gape se re tshwanetseng go se dira gore re bone Modimo?

19 Jesu o ne a re “ba ba itshekileng mo pelong” ke bone ba tla ‘bonang Modimo.’ (Mathaio 5:8) Seo se kaya eng? Se kaya gore re tshwanetse go akanya ka dilo tse di siameng mme re emise go dira sepe fela se se sa siamang. (Bala 2 Bakorintha 4:2.) Setlhogo seno se re thusitse go lemoga gore re tshwanetse go tswelela re nonotsha tumelo ya rona mo Modimong fa re batla go mmona. Se se latelang se tla re thusa go itse kafa tumelo e ka re thusang ka gone go bona maatla a ga Jehofa ka botlalo mo matshelong a rona.