Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Direla Jehofa Ntle le go Iteega Tsebe

Direla Jehofa Ntle le go Iteega Tsebe

“Marea . . . a nna a reetsa lefoko la [ga Jesu]. Maratha, . . . o ne a itewa tsebe ke go dira ditiro tse dintsi.” —LUKE 10:39, 40.

PINA: 94, 134

1, 2. Ke eng fa Jesu a ne a rata Maratha mme ke phoso efe e Maratha a neng a e dira?

O AKANYA gore kgaitsadie Lasaro e bong Maratha e ne e le motho yo o ntseng jang? Baebele ya re Maratha e ne e le tsala e e molemo ya ga Jesu le gore Jesu o ne a mo rata. Gone ke boammaaruri gore ga se ene fela mosadi yo Jesu a neng a mo rata le go mo tlotla. Ka sekai, monnawe Maratha e bong Marea e ne e le tsala e tona ya ga Jesu. Gape Jesu o ne a rata mmaagwe e bong Marea fela thata. (Johane 11:5; 19:25-27) Ka jalo, ke eng fa Jesu a ne a rata Maratha?

2 E ne e le ka gonne Maratha o ne a le pelotshweu e bile e le senatla. Mme sa botlhokwa le go feta, Jesu o ne a mo ratela tumelo ya gagwe e e nonofileng. O ne a dumela dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di ruta e bile a sa belaele gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng. (Johane 11:21-27) Le fa go ntse jalo, fela jaaka batho botlhe, Maratha le ene o ne a dira diphoso. Ka sekai, nako nngwe fa Jesu a ba etetse, Maratha o ne a galefela monnawe mme a bolelela Jesu gore a mo kgalemele. O ne a raya Jesu a re: “Morena, a ga go go re sepe go bo nnake a ntlogetse ke dira dilo ke le nosi? Jalo, mmolelele gore le ene a nthuse.” (Bala Luke 10:38-42.) Ke eng fa Maratha a ne a rialo mme re ka ithuta eng mo go se Jesu a neng a se mo raya?

MARATHA O NE A ITEEGILE TSEBE

3, 4. Jesu o ne a rata eng ka Marea mme ke eng se Maratha a ileng a ithuta sone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Jesu o ne a itumeletse go bo Maratha le Marea ba mo laleditse mo ntlong ya bone mme o ne a batla go dirisa nako eo go ba ruta boammaaruri. Marea ga a ka a senya nako, o ne a “reetsa lefoko la gagwe.” O ne a sa batle go latlhegelwa ke sepe fela se Morutisi yono yo Mogolo a neng a se bua. Maratha le ene o ka bo a ile a dira jalo. Mme Jesu o ka bo a ile a mo akgolela go bo a tlogetse se a neng a se dira le go tla go mo reetsa.

4 Mme Maratha o ne a iteegile tsebe. O ne a apeetse Jesu dijo tse di monate e bile a mmaakanyetsa dilo dingwe gore a ikutlwe a phuthologile. Fa a lemoga gore Marea ga a mo thuse, o ne a tenega mme a ngongorega mo go Jesu. E re ka Jesu a ne a itse gore Maratha o ntshitse ga tshwene, o ne a bua jaana ka bonolo: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi.” O ne a mmolelela gore letlepu ga le tlhokege, sejo sennye ga se fete molomo. Mme Jesu o ne a akgola Marea ka go bo a ne a mo reeditse. Jesu o ne a re: “Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.” Marea a ka tswa a ile a lebala gore o jele eng ka nako eo mme ga go pelaelo gore o ne a se kitla a lebala se a se ithutileng mo go Jesu. Morago ga dingwaga di feta 60, moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Jesu o ne a rata Maratha le monnawe.” (Johane 11:5) Mafoko ano a bontsha gore Maratha o ile a reetsa kgakololo e e lorato ya ga Jesu mme a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala.

5. Ke eng fa go le thata jaana gompieno go tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa thata, mme ke dipotso dife tse re tla di arabang?

5 Re a itse gore gone jaanong go na le dilo di le dintsi tse di ka re itayang tsebe fa re direla Jehofa go na le tse di neng di le gone ka motlha wa Baebele. Makasine wa Tora ya Tebelo ya September 15, 1958, o ne wa tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba letla thekenoloji e ba kgoreletsa mo tirong ya ga Jehofa. Tota le ka nako eo, go bonala letsatsi le letsatsi go ne go na le dilo tse disha mo mmarakeng. Dilo di tshwana le dimakasine, radio, difilimi le thelebishene di ne di tumile thata. Tora ya Tebelo e ne ya re fa re ntse re atamela bokhutlo jwa lefatshe leno, “dilo tse di itayang tsebe le tsone di ka nna tsa oketsega.” Gone jaanong dilo tse di ka re itayang tsebe ke ntletsentletse. Re ka dira eng gore re tshwane le Marea mme re tlhome mogopolo mo tirong ya ga Jehofa?

SE DIRISE LEFATSHE KA BOTLALO

6. Batho ba ga Jehofa ba dirisitse thekenoloji jang?

6 Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go dirisa thekenoloji go rera dikgang tse di molemo. Ka sekai, pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe le morago ga yone, ba ne ba dirisa “Photo-Drama of Creation.” Sedirisiwa seno sa diselaete le filimi e khutshwane ya ditshwantsho tsa mebalabala le modumo, se ne se dirisediwa go rerela batho ba le dimilione mo dinageng di le dintsi. Go ela kwa bokhutlong jwa terama eo, go ne go tlhalosiwa nako ya kagiso e e tlileng go nna gone fa Jesu Keresete a busa mo lefatsheng. Go tswa foo, batho ba ga Jehofa ba ne ba dirisa radio go anamisa molaetsa wa Bogosi mo bathong botlhe. Gompieno re dirisa dikhomputara le Internet go rerela batho ba ba nnang kwa mafelong a go leng thata go ya kwa go one, tota le ba ba mo mafelong a a kwa thokothoko thata.

Se letle dilo tse di seng botlhokwa go go itaya tsebe fa o direla Jehofa (Bona serapa 7)

7. (a) Ke eng fa go le kotsi go dirisa lefatshe ka botlalo? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

7 Baebele ya re re se ka ra dirisa lefatshe ka botlalo. Seno se akaretsa go se fetse nako e ntsi mo dilong tsa lefatshe leno. (Bala 1 Bakorintha 7:29-31.) Dingwe tsa dilo tseno ga di phoso mme gone di ja nako e e seng kana ka sepe. Ka sekai, gongwe re rata go itlosa bodutu ka tsela nngwe, go bala dibuka, go lebelela thelebishene, go etela mafelo a mantle, go ya dishopong le go batlisisa ka didirisiwa tsa bosheng tsa eleketeroniki kgotsa dilo dingwe tse di manobonobo. Batho ba le bantsi ba rata go dirisa Internet, go romela melaetsa ka founo kgotsa ka e-mail, go nna ba lebelela dikgang tsa bosheng kgotsa tsa metshameko. Mme bangwe ba feleletsa ba tshwakgotswe ke tsone. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) (Moreri 3:1, 6) Fa re fetsa nako e ntsi mo dilong tse di seng botlhokwa, re ka nna ra lebala go dira dilo tsa botlhokwa thata tse di amanang le kobamelo ya rona.—Bala Baefeso 5:15-17.

8. Ke eng fa go le botlhokwa thata jaana gore re se ka ra rata dilo tsa lefatshe?

8 Satane o leka ka thata go re oka ka dilo tsa lefatshe leno le go re itaya tsebe fa re ntse re direla Jehofa. O ne a dira jalo mo nakong e e fetileng mme o sa ntse a dira jalo le gompieno. (2 Timotheo 4:10) Ke ka moo re tshwanetseng go nna kelotlhoko gore re ikutlwa jang ka dilo tsa lefatshe leno mme re dire diphetogo fa go tlhokega. Baebele ya re ga re a tshwanela go rata dilo tsa lefatshe mme re tshwanetse go rata Jehofa. Fa re dira jalo, go tla nna motlhofo gore re ikobele Jehofa le go atamalana le ene.—1 Johane 2:15-17.

NNA O TLHOMILE MOGOPOLO MO DILONG TSA BOTLHOKWATLHOKWA

9. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go tlhoma mogopolo mo go eng mme o ne a tlhoma jang sekao mo ntlheng eo?

9 Se Jesu a neng a se ruta Maratha malebana le go sa itewe tsebe ke dilo di le dintsi, o ne a se bolelela le barutwa ba gagwe. O ne a ba kgothaletsa gore ba tlhome mogopolo mo go direleng Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe. (Bala Mathaio 6:22, 33.) Jesu ke sekao se se molemo thata sa motho yo o ileng a dira jalo. O ne a se na dilo tse dintsi e bile a se na ntlo le fa e le setsha.—Luke 9:58; 19:33-35.

10. Jesu o re tlhometse sekao se se molemo jang?

10 Jesu o ne a sa letle sepe go mo itaya tsebe mo tirong ya gagwe ya go rera. Ka sekai, fa a sena go simolola tiro ya gagwe ya go rera, batho ba kwa Kaperenama ba ne ba batla a nne lobakanyana le bone. Jesu o ne a dira eng? O ne a tlhoma mogopolo mo tirong ya gagwe. O ne a re: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:42-44) O ne a tsamaya sekgala se seleele go ya go rera dikgang tse di molemo mme a ruta batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka gone. Le fa gone Jesu a ne a itekanetse, o ne a lapa e bile a tlhoka go ikhutsa ka gonne o ne a bereka thata.—Luke 8:23; Johane 4:6.

Jesu o ne a re ruta gore fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse dintsi re ka iteega tsebe re bo re sa direle Modimo sentle

11. Jesu o ne a dira eng fa monna mongwe a ne a mo kopa gore a mo thuse ka bothata jwa kwa lapeng? Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe thuto efe?

11 Nako nngwe Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe thuto nngwe ya botlhokwa thata, fa monna mongwe a mo tsena ganong a bo a kopa a re: “Moruti, bolelela morwarre gore a kgaoganye boswa le nna.” Jesu ga a ka a leka go rarabolola bothata jwa monna yono. O ne a tswelela ka se a neng a se ruta. Tota e bile, o ne a dirisa tshono eo go ruta balatedi ba gagwe gore fa ba ka tlhoma mogopolo mo dilong tse dintsi ba tla iteega tsebe ba bo sa direle Modimo sentle.—Luke 12:13-15.

12, 13. (a) Jesu o ne a dira eng se se neng sa kgatlha Bagerika bangwe kwa Jerusalema? (b) Jesu o ne a reng fa Filipo a mo raya a re go na le batho ba ba batlang go kopana le ene?

12 Malatsi a bofelo a ga Jesu a ne a ngomola pelo fela thata. (Mathaio 26:38; Johane 12:27) O ne a itse gore o tlile go boga botlhoko a bo a bolawa. Gape o ne a itse gore o na le namane e tona ya tiro e a neng a tshwanetse go e dira pele a swa. Ka sekai, ka Sontaga, Nisane 9, o ne a tsena mo Jerusalema a palame tonki. Batho ba ne ba mo amogela jaaka Kgosi. (Luke 19:38) Mo letsatsing le le latelang, Jesu o ne a leleka batho ba ba bogagaru mo tempeleng ba ba neng ba tsietsa batho ka go turisa dilo.—Luke 19:45, 46.

13 Bagerika bangwe ba ba neng ba tlile Tlolaganyong kwa Jerusalema, ba ne ba bona Jesu mme ba kgatlhiwa ke se a neng a se dira. Ka jalo, ba ne ba kopa moaposetoloi Filipo gore ba batla go kopana le Jesu. Mme Jesu ene o ne a sa batlane le batho ba ba tla mo thusang le go mo sireletsa mo babeng ba gagwe. O ne a itse gore ke eng se se botlhokwa. O ne a tlhomile mogopolo mo go se Jehofa a batlang gore a se dire e leng go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. O ne a gopotsa barutwa ba gagwe gore go ise go ye kae o tla swa mme batho ba ba batlang go mo sala morago le bone ba tshwanetse go iketleeletsa go latlhegelwa ke matshelo a bone. O ne a re: “Yo o ratang moya wa gagwe o a o senya, mme yo o tlhoileng moya wa gagwe mo lefatsheng leno o tla o dibelela botshelo jo bo sa khutleng.” Gape o ne a ba raya a re motho yo o ntseng jalo “Rara o tla mo tlotla” ka go mo naya botshelo jo bo sa khutleng. Filipo o ne a ka bolelela Bagerika bao molaetsa oo o o kgothatsang.—Johane 12:20-26.

14. Le fa Jesu a ne a tlhomile mogopolong mo tirong ya go rera, ke eng se sengwe gape se a neng a se dira?

14 Tiro ya konokono e Jesu a neng a e dira fa a ne a le mo lefatsheng e ne le go rera dikgang tse di molemo. Le fa a ne a tlhomile mogopolo mo tirong eno, o ne a tle a dire dilo dingwe di sele. Ka sekai, o ne a ya kwa moletlong mongwe wa lenyalo a bo a fetola metsi go nna beine e e monate. (Johane 2:2, 6-10) Gape ditsala tsa gagwe le batho ba bangwe ba ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo ba ne ba tle ba mo laletse go ya go ja kwa magaeng a bone. (Luke 5:29; Johane 12:2) Sa botlhokwa thata, gangwe le gape Jesu o ne a ipha nako ya go rapela, ya go tlhatlhanya le ya go ikhutsa.—Mathaio 14:23; Mareko 1:35; 6:31, 32.

‘A RE APOLENG BOKETE BONGWE LE BONGWE’

15. Paulo o ne a re Bakeresete ba tshwanetse go dira eng mme o ne a ba tlhomela sekao jang?

15 Moaposetoloi Paulo o ne a re Bakeresete ba tshwana le batabogi ba ba mo lobelong lo loleele mme a re ga ba a tshwanela go rwala kgotsa go apara sepe fela se se ka ba kgoreletsang fa ba batla go wetsa lobelo lwa bone. (Bala Bahebera 12:1.) Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo. O ka bo a ile a huma le go nna moeteledipele wa bodumedi wa Bajuda yo o tumileng thata mme ga a ka dira jalo. O ne a tlhoma mogopolo mo ‘dilong tse di botlhokwa thata,’ a rera ka tlhagafalo le go etela mafelo a mantsi a a jaaka Siria, Asia Minor, Makedonia, le Judea. O ne a lebile pele go newa maduo a botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong. O ne a re: “Ke lebala dilo tse di kwa morago mme ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng.” (Bafilipi 1:10; 3:8, 13, 14) Paulo o ne a sa nyala mme seo se ile sa mo thusa gore a ‘direle Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe.’—1 Bakorintha 7:32-35.

Paul o ne a tlogela tiro ya gagwe gore a tlhome mogopolo mo ‘dilong tse di botlhokwa thata’

16, 17. Re ka latela sekao sa ga Paulo jang le fa re nyetse kgotsa re sa nyala? Mark le Claire ba ile ba dira seo jang?

16 Bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba etsa Paulo ka go sa nyale gore ba kgone go direla Jehofa ba sa kgorelediwe ke sepe. (Mathaio 19:11, 12) Batho ba ba sa nyalang ga ba na maikarabelo a mantsi a a tshwanang le a ba ba nyetseng ba nang le one. Le fa re ka tswa re nyetse kgotsa re sa nyala, rotlhe re ka ‘apola bokete bongwe le bongwe’ jo bo ka re kgoreletsang go direla Jehofa. Re ka nna ra tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe tse di re jelang nako ya go direla Jehofa.

17 Ka sekai, Mark le Claire ba ba goletseng kwa Wales, ba ne ba simolola go nna babulatsela fa ba fetsa sekolo. Ba ne ba tswelela ka bobulatsela le fa ba sena go nyalana. Mme ba ne ba batla go oketsa tirelo ya bone. Mark a re: “Re ne ra kgona go rekisa ntlo ya rona ya dikamore tse tharo le go tlogela tiro ya nakwana e re neng re e dira gore re kgone go ithaopela go tsenela tiro ya go aga mo dinageng tse di farologaneng.” Go setse go fetile dingwaga di le 20 ba ntse ba le mo tirong eno ya go aga Diholo Tsa Bogosi mo dikarolong tse di farologaneng tsa Afrika. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tlhoka tšhelete mme gone Jehofa o ne a nna a ba tlamela. Claire a re: “Go direla Jehofa letsatsi le letsatsi go re kgotsofatsa fela thata. Gongwe le gongwe kwa re direlang gone re nna le ditsala e bile ga re tlhoke sepe. Re ka se bapise se re se tlogetseng kwa morago le boitumelo jo re nang le jone ka gonne re direla Jehofa ka nako e e tletseng.” Badiredi ba le bantsi ba nako e e tletseng ba ikutlwa fela jalo. *—Bona ntlha e e kwa tlase.

18. Re ka ipotsa dipotso dife?

18 A o akanya gore o ka direla Jehofa botoka go feta kafa o ntseng o mo direla ka teng? A go na le sengwe se se go itayang tsebe go dira dilo tsa botlhokwa? Fa go le jalo, o ka dira eng? Gongwe o ka tokafatsa tsela e o balang le go ithuta Baebele ka yone. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha kafa re ka dirang seo ka gone.

^ ser. 17 Gape bala kgang ya botshelo jwa ga Hadyn le Melody Sanderson mo setlhogong se se reng “Go Itse se se Siameng Le go Se Dira.” (Tora ya Tebelo ya March 1, 2006) Ba ne ba na le kgwebo e e atlegileng kwa Australia mme ba ne ba e tlogela le go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Bala ka se se ba diragaletseng fa ba ne ba felelwa ke tšhelete ka nako ya fa e ne le barongwa kwa India.