Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ope Fela Yo o Se Nang Maitemogelo o Dumela Lefoko Lengwe le Lengwe”

“Ope Fela Yo o Se Nang Maitemogelo o Dumela Lefoko Lengwe le Lengwe”

“Motho yo o se keng a bala lokwalodikgang, ke seeleele, mme yo o dumelang sengwe le sengwe se a se balang fela ka gonne se le mo lokwalodikgannyeng, ke seeleele tota.” —Rahisitori le mokwadi wa Mojeremane e bong August von Schlözer (1735-1809).

DINGWAGA tse 200 tse di fetileng, batho ba ne ba sa dumele sengwe le sengwe se ba se balang mo lokwalodikgannyeng. Gone jaanong ga re kgone go dumela dilo tse re di bonang le go di bala mo Internet. Go na le tshedimosetso e e seng kana ka sepe mo Internet mme thekenoloji e dirile gore go nne motlhofo go e bona. Tshedimosetso e nngwe e boammaaruri, e a thusa e bile ga e kotsi mme e nngwe yone e maaka, ga e na mosola wa sepe e bile e kotsi. Ke ka moo re tshwanetseng go nna kelotlhoko gore re bala eng. Fa motho a simolola go dirisa Internet, a ka nna a akanya gore pego nngwe ya dikgang e boammaaruri fela ka gonne e le mo Internet kgotsa tsala ya gagwe e mo romeletse yone ka e-mail. A ka nna a e dumela le fa gone e le selo se se sa tlwaelegang. Mme Baebele e re tlhagisa jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Mme gone, go na le batho ba ba botlhale. Re bontsha botlhale joo ka go nna kelotlhoko le go dumela fela dilo tse re itseng gore di boammaaruri. Ga re kitla re tsietsega go dumela kgang nngwe e re e balang mo Internet, go sa kgathalesege gore e itsege go le kana kang. Ke eng se se tla re thusang go nna botlhale? Sa ntlha, ipotse: ‘A kgang eno e tswa mo websiteng e e ka ikanngwang? Kgotsa a e tswa mo websiteng e mongwe le mongwe a kwalang se a se batlang fela mo go yone kgotsa a e tswa golo gongwe kwa go sa itseweng gone? A website e e ikanngwang e ile ya tlhalosa gore kgang eo ke maaka fela a matala?’ * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Fa go le jalo, nna “botlhale.” (Diane 7:7) Fa go le thata go dumela kgang nngwe, gongwe go raya gore ga e boammaaruri. Gape fa o bala dikgang tse di sa itumediseng ka batho bangwe, ipotse gore mosola wa tsone ke eng le gore ke eng fa motho yo o begang kgang eno a batla gore e tlalatlale thata jaana.

A O RATA GO TSAYA O FETISA?

Batho bangwe ba ka nna ba fetisetsa molaetsa mongwe kwa bathong ba ba ba itseng ntle le go tlhomamisa gore a kgang eo e boammaaruri kana jang kgotsa ntle le go akanya ka se se ka diregang fa ba sena go romela molaetsa oo. Gongwe ba dira jalo ka gonne ba batla go dira mponeng kgotsa ba batla go nna ba ntlha go anamisa dikgang. (2 Samuele 13:28-33) Mme motho yo o botlhale o akanyetsa diphelelo tse di botlhoko tse kgang eno e ka di bakang. Ka sekai, gore a e ka senya leina la motho kgotsa la mokgatlho mongwe.

Motho yo o fetisang molaetsa a ka nna a se ka a tlhomamisa gore a molaetsa oo o boammaaruri kana jang ka gonne go dira jalo go tlhoka nako le matsapa a magolo. O tsaya gore batho ba a ba romelelang molaetsa oo ba tla itirela dipatlisiso tseo. Mme le bone ga ba na nako. (Baefeso 5:15, 16) Ka jalo, go na le go romela dilo tse o sa tlhomamisegang ka tsone, go botoka go akanya jaana: “Fa ke belaela, a ke latlhe!”

Ipotse jaana: ‘A ke rata go fetisa di e-mail? A nkile ka kopa maitshwarelo mo bathong ba ke ba romeletseng tshedimosetso e e phoso kgotsa e e seng boammaaruri? A go na le mongwe yo o kileng a nkopa gore ke se ka ka tlhola ke fetisa di e-mail?’ Se lebale gore fa ditsala tsa gago di na le e-mail, di kgona go dirisa Internet, ka jalo, ga ba batle thuso ya gago ka gonne ba kgona go ipatlela dilo tse di ba kgatlhang. Ga ba batle go romelelwa melaetsa e e nang le dikgang, dibidio kgotsa ditshwantsho tse di tshegisang. Gape ga go tlhokege gore o fetise dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng kgotsa dintlha tse o di kwadilweng. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) E bile, se lebale gore fa motho a itirela dipatlisiso, a leba ditemana tsa Baebele kgotsa a baakanyetsa dipokano, o tla ithuta go le gontsi go na le fa wena o mo romelela tshedimosetso eo.

A ke tshwanetse go . . . fetisetsa e-mail eno kwa mothong yo mongwe?

O tshwanetse go dira eng fa o bona tshedimosetso nngwe mo Internet e e buang maaka a matala ka phuthego ya ga Jehofa? E time ka bonako! Se e dumele. Ga go tlhokege gore o romelele ba bangwe tshedimosetso eo gore o utlwe gore bone ba reng ka yone ka gonne o tla bo o thusa go anamisa maaka ao go ya pele. Fa o bone sengwe se se go tshwenyang mo Internet, kopa Jehofa gore a go neye botlhale mme o bue le bakaulengwe ba ba godileng semoyeng. (Jakobe 1:5, 6; Jude 22, 23) Ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke maaka a batho ba a buang ka phuthego ya Modimo. Batho ba ne ba akela Jesu mme o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore baba ba bone ba tla ba bogisa le go “bua . . . selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo . . . e bile ba aka” ka bone. (Mathaio 5:11; 11:19; Johane 10:19-21) Ka jalo, fa o le botlhale e bile o le kelotlhoko, o tla kgona go lemoga fa motho a bua maaka le fa a leka go tsietsa ba bangwe.—Diane 2:10-16.

TLOTLA BATHO BA BANGWE

Gape re tshwanetse go nna kelotlhoko ka dilo tse re di buang ka bakaulengwe ba rona kgotsa ka go bua dilo tse re di utlwileng. Ka dinako tse dingwe ga go a siama e bile e tla bo e se go bontsha lorato fa o anamisa tshedimosetso le fa e ka tswa e le boammaaruri. (Mathaio 7:12) Ka sekai, ga go bontshe lorato e bile ga go kgothatse go fetisa tshedimosetso e e sa ageng ka batho ba bangwe. (2 Bathesalonika 3:11; 1 Timotheo 5:13) Mme go ka tswa go na le dilo tse dingwe tse e leng khupamarama. Beng ba dikgang ba ka tswa ba rulagantse go di itsise batho moragonyana kgotsa go di itsise ka tsela nngwe. Ka jalo, re tshwanetse go tlotla tshwetso ya bone ya gore ba batla go ntsha dikgang leng le gone jang. Tota e bile, fa re itlhaganelela go bolelela ba bangwe, seo se ka baka mathata.

Go sa kgathalesege gore a dikgang di boammaaruri kgotsa di maaka, gore a di a thusa kgotsa gore a ga di na mosola, gore a di siame kgotsa gore a di kotsi, tsone di anama ka lobelo lo lo seng kana ka sepe. Le fa o ka romelela motho a le mongwe molaetsa, ene a ka nna a o anamisa lefatshe lotlhe mo metsotsong e se kae fela. Ka jalo, se itlhaganelele go fetisetsa tshedimosetso kwa bathong ba o ba itseng. Le fa gone lorato “lo dumela dilo tsotlhe” e bile lo sa belaele, ga re a tshwanela go dumela sengwe le sengwe se re se bonang. (1 Bakorintha 13:7) E bile ga re kitla re dumela maaka kgotsa dilo tse di buiwang ke batho ba ba tlhoileng phuthego ya ga Jehofa le bakaulengwe ba rona ba re ba ratang. Se lebale gore motho yo o simololang go anamisa maaka o itumedisa “ramaaka” e bong Satane Diabolo. (Johane 8:44) Ka jalo, a re nneng botlhale mme re akanye ka kelotlhoko kafa re ka dirisang ka gone tshedimosetso e ntsintsi e re nang le yone gompieno. Baebele e bua boammaaruri fa e re “ba ba se nang maitemogelo ruri ba tla rua boeleele, mme ba ba botlhale ba tla rwala kitso jaaka serwalo sa tlhogo.”—Diane 14:18.

^ ser. 4 Nako le nako kgang nngwe e ka nna ya tsoga gape le fa gone go ile ga bolelwa gore ga e boammaaruri. E ka nna ya fetolwa go se kae gore e lebege e kete e boammaaruri.

^ ser. 8 Bona “Lebokoso la Dipotso” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2010.