Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Tlhatlhanya ka Dilo Tsa Semoya

Nna o Tlhatlhanya ka Dilo Tsa Semoya

“Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 TIMOTHEO 4:15.

PINA: 57, 52

1, 2. Ke eng se se re farologanyang le diphologolo?

BOBOKO jwa motho bo bopilwe ka tsela e e gakgamatsang. Ka sekai, re kgona go ithuta puo e sele. Mme seo se dira gore re kgone go bala, go kwala, go bua le go tlhaloganya se re se utlwang. Gape re kgona go rapela le go opelela Jehofa dipako. Seno se dira gore re se ka ra tshwana le diphologolo. Baitsesaense ga ba kgone go tlhaloganya ka botlalo gore go tla jang gore boboko bo kgone go dira dilo tseno tse di gakgamatsang.

2 Jehofa ke ene a re neileng mpho ya go tlhaloganya puo. (Pesalema 139:14; Tshenolo 4:11) O re neile mpho e nngwe gape e e re farologanyang le diphologolo. Re bopilwe mo “setshwanong sa [Modimo].” Re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso mme re ka tlhopha go baka le go direla Jehofa re dirisa puo.—Genesise 1:27.

3. Jehofa o re neile eng se se re tlhalefisang?

3 Jehofa o re neile Baebele gore re itse kafa re ka mo direlang le go mo galaletsa ka gone. Baebele e feletse kgotsa dikarolo dingwe tsa yone di gone ka dipuo di feta 2 800. Fa re tlhatlhanya ka se re se balang mo Baebeleng, re ka kgona go akanya jaaka Modimo a akanya. (Pesalema 40:5; 92:5; 139:17) Mme dikakanyo tsa ga Jehofa di a re tlhalefisa e bile di dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bala 2 Timotheo 3:14-17.

4. Go tlhatlhanya ke go dira eng mme ke dipotso dife tse re tla di sekasekang?

4 Go tlhatlhanya ke go tlhoma mogopolo mo sengweng le go akanyetsa kwa teng ka sone. (Pesalema 77:12; Diane 24:1, 2) Go tlhatlhanya ka dilo tse re ithutang tsone ka Jehofa le Jesu go ka re thusa fela thata. (Johane 17:3) Setlhogo seno se tla re thusa go araba dipotso tseno: Re ka bala jang ka tsela e e dirang gore go nne motlhofo go tlhatlhanya? Re ka tlhatlhanya ka eng? Mme ke eng se se ka re thusang go tlhatlhanya ka metlha le go itumelela go dira jalo?

TLHOMAMISA GORE GA O ITHUTELE LEFELA

5, 6. Ke eng se se ka go thusang gore o gakologelwe le go tlhaloganya sentle dilo tse o di balang?

5 A o kile wa ela tlhoko gore go na le dilo dingwe tse o di dirang o sa akanye tse di jaaka go hema, go tsamaya kgotsa go palama baesekele? Ka maswabi, go a tle go direge gore motho a bale mme gone a sa akanye ka se a se balang. Gongwe e bile fa o ntse o bala, o ka nna wa simolola go akanya ka dilo dingwe. O ka dira eng go thibela mokgwa ono? Go botlhokwa gore o tlhome mogopolo mo go se o se balang le go akanya ka bokao jwa sone. Fa o sena go fetsa go bala serapa kgotsa fa o fitlha kwa setlhogwaneng se sengwe, ema go sekae mme o tlhatlhanye ka se o sa tswang go se bala. Akanya ka se o se ithutang mme o tlhomamise gore o se tlhaloganya sentle.

Go balela Baebele kwa godimo go tla go thusa gore o tlhome mogopolo le go gakologelwa se o se balang

6 Baitsesaense ba re fa o balela kwa godimo go motlhofo gore o gopole se o se badileng. Mmopi wa rona o itse seo, ke ka moo a neng a raya Joshua a re a balele buka ya Molao “kwa tlase.” (Bala Joshua 1:8.) Go balela Baebele kwa godimo go tla go thusa gore o tlhome mogopolo le go gakologelwa se o se balang.

7. Ke nako efe e e siametseng go tlhatlhanya ka Baebele? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Go tlhatlhanya le go tlhoma mogopolo mo go se o se balang ke namane e tona ya tiro. Ke ka moo go leng molemo thata gore o tlhatlhanye o sa lapa, o le mo lefelong le le seng modumo e bile go se na sepe se se tla go itayang tsebe. Mopesalema Dafide o ne a tlhatlhanya bosigo fa a le mo bolaong. (Pesalema 63:6) Jesu o ne a ya kwa mafelong a a didimetseng gore a tlhatlhanye le go rapela.—Luke 6:12.

DILO TSE DI MOLEMO TSE O KA TLHATLHANYANG KA TSONE

8. (a) Ke eng se re ka tlhatlhanyang ka sone? (b) Jehofa o ikutlwa jang fa re bolelela ba bangwe ka ene?

8 Go na le dilo tse dingwe gape tse o ka tlhatlhanyang ka tsone. Ka sekai, fa o bona sengwe se se go kgatlhang mo popong ya ga Jehofa, se fete fela, ema mme o ipotse go re, ‘Selo seno se nthuta eng ka Jehofa?’ Ga go pelaelo gore go dira jalo go tla go thusa gore o leboge Jehofa. Mme o tla batla go bolelela ba bangwe ka ene. (Pesalema 104:24; Ditiro 14:17) Jehofa o a reetsa mme o a itumela fa a re bona re tlhatlhanya, re rapela e bile re bolelela ba bangwe ka ene. Baebele ya re: “Buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.”—Malaki 3:16.

A o tlhatlhanya ka se o ka se dirang go thusa motho yo o ithutang Baebele le ene? (Bona serapa 9)

9. (a) Paulo o ne a bolelela Timotheo gore a tlhatlhanye ka eng? (b) Re ka tlhatlhanya ka eng fa re ipaakanyetsa go ya bodireding?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo gore a tlhatlhanye ka tsela e mafoko, boitshwaro le dithuto tsa gagwe di amang ba bangwe ka yone. (Bala 1 Timotheo 4:12-16.) Le wena o ka tlhatlhanya ka dilo tseno. Ka sekai, o tlhoka go ipha nako ya go tlhatlhanya fa o ipaakanyetsa go ya go ruta mongwe Baebele. Akanya ka moithuti wa gago le ka potso kgotsa setshwantsho se se tla mo thusang go gatela pele. Fa o dira jalo, tumelo ya gago le yone e tla nonofa e bile o tla nna morutisi yo o tlhagafetseng thata. Gape go tlhatlhanya pele o ya bodireding go ka go thusa fela thata. (Bala Esera 7:10.) Gongwe o ka bala kgaolo nngwe mo bukeng ya Ditiro go go thusa gore o tlhagafale fa o le mo bodireding. Gape o ka akanya ka ditemana le dikgatiso tse o rulagantseng go di dirisa. (2 Timotheo 1:6) Akanya ka batho ba mo tshimong ya lona le ka dilo tse ba di kgatlhegelang. Fa o ipaakanyetsa ka tsela eno, o tla kgona go dirisa Baebele ka botswerere go thusa ba bangwe.—1 Bakorintha 2:4.

Letla gore se o se balang, se tsene mo pelong mme o leboge Jehofa ka dilo tse di molemo tse o ithutang tsone

10. Ke dilo dife tse dingwe tse o ka tlhatlhanyang ka tsone?

10 Ke eng gape se o ka tlhatlhanyang ka sone? Fa o kwala dintlha ka nako ya puo ya phatlalatsa le kwa dikopanong, iphe nako ya go di boeletsa. Ipotse jaana: ‘Ke eng se ke se ithutileng mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe?’ Gape o ka tlhatlhanya ka se o se balang mo makasineng wa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le mo dikgatisong tse di golotsweng kwa dikopanong. Fa o sena go bala maitemogelo mangwe mo bukeng ya ngwaga, iphe nako ya go akanya ka se o se badileng gore se kgone go nwelelela mo pelong. Fa o bala dikgatiso tsa rona, o ka nna wa tshwaya dintlha tsa konokono kgotsa wa di kwala fa thoko ga serapa. Seno se tla go thusa fa o ipaakanyetsa go ya poelong, go ya loetong lwa bodisa kgotsa go ya go neela puo. Sa botlhokwa le go feta, fa o ipha nako ya go tlhatlhanya ka se o se balang, se tla tsena mo pelong e bile o tla nna le nako ya go leboga Jehofa ka dilo tse di molemo tse o ithutang tsone.

TLHATLHANYA KA LEFOKO LA MODIMO LETSATSI LE LETSATSI

11. Ke kgatiso efe ya botlhokwatlhokwa e re tshwanetseng go tlhatlhanya ka yone mme go dira jalo go tla re thusa jang? (Gape bona ntlha e e kwa tlase.)

11 Ke boammaaruri gore Baebele ke kgatiso e e botlhokwatlhokwa e re tshwanetseng go tlhatlhanya ka yone. Mme o tla dira eng fa letsatsi lengwe o sa letlelelwe go nna le yone? * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Ga go ope yo o tla go thibelang go tlhatlhanya ka dilo tse di mo mogopolong wa gago, tse di jaaka ditemana tse o di ratang le dipina tsa Bogosi. (Ditiro 16:25) Mme moya wa Modimo o tla go thusa go gopola dilo tse o ithutileng tsone tse di tla go thusang gore o nne o ikanyega.—Johane 14:26.

12. Ke thulaganyo efe e o ka e dirang gore o kgone go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

12 Ke thulaganyo efe e o ka e dirang gore o kgone go bala Baebele letsatsi le letsatsi? Gongwe malatsi mangwe a beke o ka bala le go tlhatlhanya ka mmalo wa beke le beke o o mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Mme mo go a mangwe o ka bala Efangele ya ga Mathaio, Mareko, Luke le Johane le go tlhatlhanya ka se Jesu a neng a se bua le go se dira. (Baroma 10:17; Bahebera 12:2; 1 Petere 2:21) Gape re na le kgatiso e e tlhalosang tatelano ya ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu mme e ka go thusa gore o tlhaloganye Diefangele tseno sentle.—Johane 14:6.

KE ENG FA GO TLHATLHANYA GO LE BOTLHOKWA THATA JAANA?

13, 14. Ke eng fa go le botlhokwa thata jaana go tswelela re tlhatlhanya ka Jehofa le ka Jesu mme go dira jalo go tla re tlhotlheletsa gore re dire eng?

13 Go tlhatlhanya ka Jehofa le Jesu go ka nonotsha tumelo ya motho le go dira gore a atamalane thata le bone. (Bahebera 5:14; 6:1) Motho yo o sa ipheng nako e e lekaneng ya go akanya ka thato ya Modimo, o feleletsa a katogetse kgakala le Jehofa kgotsa le e leng go mo itatola. (Bahebera 2:1; 3:12) Jesu o ne a re tlhagisa gore fa re sa utlwe kgotsa re sa amogele Lefoko la Modimo “ka pelo e e molemo le e e siameng,” ga re kitla re le ‘tshegetsa’ mme go tla nna motlhofo gore re ‘gapiwe ke ditlhobaelo le dikhumo le menate ya botshelo jono.’—Luke 8:14, 15.

14 Ka jalo, a re tsweleleng re tlhatlhanya ka Baebele mme re itse Jehofa botoka. Seno se tla re tlhotlheletsa gore re etse botho jwa gagwe ka botlalo. (2 Bakorintha 3:18) Re ka kgona go tswelela re ithuta go le gontsi ka Rraarona yo o kwa legodimong le go mo etsa. Ga go tlotla e e fetang eo!—Moreri 3:11.

Go tlhatlhanya ka Jehofa le ka Jesu go re thusa gore re nne re tlhagafaletse boammaaruri

15, 16. (a) Go tlhatlhanya ka Jehofa le Jesu go go thusitse jang? (b) Ke eng fa ka dinako tse dingwe go le thata go tlhatlhanya mme ke eng fa re tshwanetse go nna re leka go dira jalo?

15 Go tlhatlhanya ka Jehofa le ka Jesu go re thusa gore re nne re tlhagafaletse boammaaruri. Matlhagatlhaga a gago a tla kgothatsa bakaulengwe ba gago le batho ba o kopanang le bone mo bodireding. Mme fa o tlhatlhanya ka se Jehofa a go diretseng sone ka go ntsha Jesu gore e nne setlhabelo sa thekololo, o tla tswelela o anaanela botsala jwa gago le Modimo. (Baroma 3:24; Jakobe 4:8) Mokaulengwe mongwe wa mo Afrika Borwa yo o neng a fetsa dingwaga di le tharo mo kgolegelong e bong Mark a re: “Go tlhatlhanya go tshwana le go ya kwa mafelong a o sa a itseng. Fa o nna o tlhatlhanya, o ithuta dilo tse disha ka Modimo wa rona Jehofa. Fa ke kgobegile marapo kgotsa ke tshwenyegile thata ka isagwe, ke bula Baebele ke bo ke tlhatlhanya ka temana nngwe. Morago ke ikutlwa ke ritibetse tota.”

16 Lefatshe le tletse ka dilo tse dintsi thata tse di itayang tsebe tse di dirang gore go nne thata go ipha nako ya go tlhatlhanya ka Baebele. Patrick wa mo Afrika a re: “Tlhaloganyo ya me e tshwana le poso e e oletseng makwalo a mantsintsi a a tlhokang go rulaganngwa sentle ka gonne a mangwe a botlhokwa fa a mangwe one a se na mosola. Fa ke ntse ke rulaganya mogopolo wa me, gantsi ke fitlhela ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang,’ mme ke tshwanelwa ke go rapela Jehofa ka tsone pele nka tlhatlhanya ka sepe fela. Le fa go dira jalo go ka tsaya nakonyana pele nka simolola go tlhatlhanya ka dilo tse ke ithutang tsone mo Lefokong la Modimo, ke ikutlwa ke atamalane le Jehofa fela thata. Seno se dira gore ke kgone go tlhaloganya Baebele sentle.” (Pesalema 94:19) Boammaaruri ke gore go bala le go tlhatlhanya ka Baebele letsatsi le letsatsi, go re thusa ka ditsela di le dintsi.—Ditiro 17:11.

O KA TLHATLHANYA LENG?

17. O ka dira jang gore o nne le nako ya go tlhatlhanya?

17 Bangwe ba tsoga go sa le phakela gore ba bale, ba tlhatlhanye le go rapela. Ba bangwe ba go dira ka nako ya dijo tsa motshegare. Gongwe wena nako e e go siametseng ya go bala Baebele ke maitseboa kgotsa pele o ya go robala. Ba bangwe ba rata go bala Baebele mo mosong le pele ba ya go robala. (Joshua 1:8) Selo sa botlhokwa ke go ‘ithekela nako e e go siametseng,’ ke gore, o tseye nako e o e dirisang mo dilong tse di seng botlhokwa mme o e dirisetse go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.—Baefeso 5:15, 16.

18. Batho ba ba tlhatlhanyang ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le ba ba dirisang se ba se ithutang, ba solofediwa eng?

18 Baebele e solofetsa gore Jehofa o tla segofatsa batho ba ba tlhatlhanyang ka Lefoko la gagwe le ba ba lekang ka thata go dirisa se ba se ithutang. (Bala Pesalema 1:1-3.) Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!” (Luke 11:28) Sa botlhokwa le go feta, go tlhatlhanya ka Lefoko la ga Jehofa letsatsi le letsatsi, go tla re thusa go dira dilo ka tsela e e mo itumedisang. Fa re dira jalo, Jehofa o tla dira gore re itumele gone jaanong le go re naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha.—Jakobe 1:25; Tshenolo 1:3.

^ ser. 11 Bona setlhogo se se reng “Go Lwela go Nna re Nonofile Semoyeng” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 2006.