Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

“Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

“Nthuse fa ke tlhokang tumelo gone!”—MAREKO 9:24.

PINA: 81, 135

1. Tumelo e botlhokwa go le kana kang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

A O KILE wa ipotsa go re, ‘A tota Jehofa o tla mpoloka ka nako ya pitlagano e kgolo?’ Moaposetoloi Paulo o ne a re tumelo ke nonofo ya botlhokwa thata e re tshwanetseng go nna le yone gore re kgone go falola. O ne a re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Go ka nna ga utlwala e kete ga se namane e tona ya tiro mme gone boammaaruri ke gore “tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Ditemana tseno tse pedi di re thusa go tlhaloganya botlhokwa jwa go nonotsha tumelo ya rona.

2, 3. (a) Tumelo ya rona e botlhokwa go le kana kang? (b) Re tla sekaseka dintlha dife?

2 Moaposetoloi Petere o ne a bua ka tumelo e e “lekilweng.” (Bala 1 Petere 1:7.) Pitlagano e kgolo e gaufi mme re batla go nna “mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka moya o tshela.” (Bahebera 10:39) Ka jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go nonotsha tumelo ya rona. Re batla go segofadiwa ka nako ya fa Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete e tla. Ka jalo, fela jaaka monna yo o neng a kopa Jesu gore a mo neye tumelo e e oketsegileng, le rona re ka nna ra re: “Nthuse fa ke tlhokang tumelo gone!” (Mareko 9:24) Kgotsa re ka etsa baaposetoloi ka go bua re re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.”—Luke 17:5.

3 Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dintlha tse di latelang: kafa re ka nonotshang tumelo ya rona ka gone, kafa re ka bontshang ka gone gore tumelo ya rona e nonofile le lebaka la go bo re ka ikanya Modimo gore o tla re araba fa re kopa gore a re neye tumelo e e oketsegileng.

MODIMO O A ITUMELA FA RE NONOTSHA TUMELO YA RONA

4. Ke dikai tsa bomang tse di ka re thusang gore re nonotshe tumelo ya rona?

4 E re ka tumelo e le botlhokwa thata jaana, Jehofa o re neile dikai di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba ileng ba bontsha tumelo. Dikai tseno ‘di ne tsa kwalwa go re laya.’ (Baroma 15:4) Dikai tsa batho ba ba jaaka Aborahame, Sara, Isake, Jakobe, Moshe, Rahabe, Gideone, Barake le ba bangwe di ka re tlhotlheletsa gore re nonotshe tumelo ya rona. (Bahebera 11:32-35) Gape re na le dikai tse dingwe tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tsa rona ba ba ileng ba bontsha gore ba na le tumelo. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

Re na le dikai tse dingwe tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tsa rona ba ba ileng ba bontsha gore ba na le tumelo

5. Elija o ne a bontsha jang gore o na le tumelo e e nonofileng mme rona re ka ipotsa dipotso dife?

5 Mongwe wa batho ba ba mo Baebeleng ba ba neng ba bontsha tumelo, ke moporofeti Elija. Ela tlhoko makgetlo a le matlhano a mo go one Elija a ileng a bontsha gore o ikanya Jehofa. (1) Fa Elija a ne a bolelela Kgosi Ahabe gore Jehofa o tla tlisa leuba, o ne a bua ka bopelokgale a re: “Jaaka Jehofa Modimo wa Iseraele yo ke emeng fa pele ga gagwe a tshedile, mo dingwageng tseno ga go na go nna le monyo le fa e le pula.” (1 Dikgosi 17:1) (2) Elija o ne a dumela gore Jehofa o ne a tla mo tlamela ene le ba bangwe ka nako ya leuba. (1 Dikgosi 17:4, 5, 13, 14) (3) Elija o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla tsosa morwa wa motlholagadi. (1 Dikgosi 17:21) (4) O ne a sa belaele gore Jehofa o tla tlisa molelo go laila setlhabelo sa gagwe kwa Thabeng ya Karamele. (1 Dikgosi 18:24, 37) (5) Tota le fa pula e ne e ise e ne, Elija o ne a bua jaana le Ahabe a tlhomamisegile: “Tlhatloga, o je o bo o nwe; gonne go na le modumo wa pheretlhego wa pula e kgolo.” (1 Dikgosi 18:41) Ka jalo, ipotse go re: ‘A tumelo ya me e nonofile jaaka ya ga Elija?’

RE KA DIRA ENG GO NONOTSHA TUMELO YA RONA?

6. Ke eng se re tshwanetseng go se kopa mo go Jehofa se se tla re thusang go nonotsha tumelo ya rona?

6 Moya o o boitshepo ke one o re thusang go nonotsha tumelo ya rona, ka jalo, re tshwanetse go o kopa mo Modimong. Goreng? Ka gonne tumelo ke karolo ya leungo la moya o o boitshepo. (Bagalatia 5:22) Re tla bo re dira sentle fa re latela kgakololo ya ga Jesu ya go kopa moya o o boitshepo. Jesu o ne a re solofetsa gore Jehofa o tla “naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.”—Luke 11:13.

Re tla bo re dira sentle fa re latela kgakololo ya ga Jesu ya go kopa moya o o boitshepo

7. Tlhalosa se re ka se dirang gore re tswelele re na le tumelo e e nonofileng.

7 Fa re setse re na le tumelo e e nonofileng, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go e boloka e le jalo. Re ka tshwantsha tumelo le molelo. Molelo fa e le gone o gotsiwang, o bogale thata. Mme fa o sa o kgotletse, o tla tima go bo go sala molora. Fa o nna o o kgotletsa, o tla nna o ntse o tuka. Go ntse fela jalo le ka tumelo ya rona. Fa re bala le go ithuta Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, re tla rata Jehofa le Lefoko la gagwe fela thata. Fa re dira jalo, re tla nna le tumelo e e nonofileng e bile re tla tswelela re ntse re na le yone.

8. Ke eng se se ka go thusang go nonotsha tumelo ya gago le go e boloka e le jalo?

8 O se ka wa re fa o sena go kolobediwa, o bo o re o feditse go ithuta. (Bahebera 6:1, 2) Ka sekai, go ithuta boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe go ka go thusa go nonotsha tumelo ya gago le go e boloka e le fela jalo. Gape o ka dirisa Lefoko la Modimo go bona gore tumelo ya gago e nonofile go le kana kang.—Bala Jakobe 1:25; 2:24, 26.

9, 10. Tumelo ya rona e nonotshiwa jang ke (a) ditsala tse di molemo? (b) dipokano? (c) go rera?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a re Bakeresete ba kgona go ‘kgothatsana, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe.’ (Baroma 1:12) O ne a raya jang? Fa re fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re kgona go nonotshana mo tumelong. Seno se direga segolobogolo fa re fetsa nako le ba tumelo ya bone e “lekilweng.” (Jakobe 1:3) Ditsala tse di sa siamang di koafatsa tumelo ya rona mme tse di siameng di a e nonotsha. (1 Bakorintha 15:33) Ke ka moo re kgothalediwang go nna gone ka metlha kwa dipokanong ka gonne fa re le koo re kgona go “kgothatsana.” (Bala Bahebera 10:24, 25.) Mo godimo ga moo, dikgakololo tse re di newang kwa dipokanong di nonotsha tumelo ya rona. Baebele ya re “tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) Ka jalo, ipotse jaana: ‘A ke nna gone ka metlha kwa dipokanong?’

10 Gape tumelo ya rona e a nonofa fa re rera le fa re ruta ba bangwe dikgang tse di molemo tse di mo Baebeleng. Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, re ithuta go ikanya Jehofa le go bua ka bopelokgale mo maemong ape fela.—Ditiro 4:17-20; 13:46.

11. Ke ka ntlha yang fa Kalebe le Joshua ba ne ba na le tumelo e e nonofileng mme re ka ba etsa jang?

11 Tumelo ya rona mo go Jehofa e a nonofa fa re bona tsela e a re thusang ka yone le e a arabang dithapelo tsa rona ka yone. Seo se ile sa diragalela Kalebe le Joshua. Ba bontshitse tumelo mo go Jehofa ka nako ya fa e ne e le ditlhola kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Tumelo ya bone e ne ya nonofa le go feta fa ba bona kafa Jehofa a neng a ba thusa ka gone. Ke ka moo Joshua a neng a kgona go bolelela Baiseraele jaana ka bopelokgale: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona.” Moragonyana o ne a re: “Jaanong boifang Jehofa lo mo direle ka go tlhoka molato le ka boammaaruri.” Go tswa foo a bo a re: “Nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” (Joshua 23:14; 24:14, 15) Fa re ikanya Jehofa e bile re bona kafa a re thusang ka gone, tumelo ya rona e nonofa le go feta.—Pesalema 34:8.

KAFA RE KA BONTSHANG KA GONE GORE RE NA LE TUMELO

12. Re bontsha jang gore re na le tumelo e e nonofileng?

12 Re bontsha jang gore re na le tumelo e e nonofileng? Morutwa Jakobe o ne a re: “Ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.” (Jakobe 2:18) Ditiro tsa rona di bontsha gore re na le tumelo e e nonofileng. Jang?

Batho ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang mo bodireding, ba bontsha gore ba na le tumelo e e nonofileng (Bona serapa 13)

13. Go rera go bontsha jang gore re na le tumelo?

13 Go rera go bontsha gore re na le tumelo. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re rera, re bontsha gore re dumela gore bokhutlo bo atametse le gore ‘ga bo kitla bo tla morago ga nako.’ (Habakuke 2:3) Dipotso tse di latelang di ka re thusa go bona gore tumelo ya rona e nonofile go le kana kang: ‘O tsaya tiro ya go rera e le botlhokwa go le kana kang? A o dira sotlhe se o ka se kgonang go bolelela ba bangwe ka Modimo? A o dirisa tshono nngwe le nngwe go oketsa bodiredi jwa gago?’ (2 Bakorintha 13:5) A re bontsheng gore tumelo ya rona e nonofile ka go “dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko” ke gore, go rera dikgang tse di molemo.—Bala Baroma 10:10.

14, 15. (a) Re ka bontsha jang gore re na le tumelo? (b) Anela maitemogelo a a bontshang tumelo e e nonofileng.

14 Gape re bontsha gore re na le tumelo mo go Jehofa ka go itshokela mathata a botshelo. Fa, re lwala, re kgobegile marapo, re gateletswe mo maikutlong, re humanegile kgotsa re lebana le mathata ape fela, re tshwanetse go dumela gore Jehofa le Jesu ba tla re ‘thusa ka nako e e tshwanetseng.’ (Bahebera 4:16) Re bontsha tumelo mo go Jehofa fa re mo kopa gore a re thuse. Jesu o ne a re re ka kopa Jehofa gore a re neye “senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka se re se tlhokang mo letsatsing leo.” (Luke 11:3) Dipego tsa Baebele di re thusa go bona gore Jehofa o kgona go re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang. Ka sekai, Jehofa o ne a naya Elija dijo le metsi ka nako ya leuba le le botlhoko kwa Iseraele. Baebele ya re “magakabe a ne a mo tlisetsa senkgwe le nama mo mosong le senkgwe le nama mo maitseboeng, mme a nna a nwa mo mokgatšheng o o phothoselang.” (1 Dikgosi 17:3-6) Re na le tumelo ya gore Jehofa o tla re naya dilo tse re di tlhokang.

Re bontsha gore re na le tumelo fa re itshokela mathata a botshelo (Bona serapa 14)

15 Re tlhatswegile pelo gore melaometheo ya Baebele e tla re thusa go tlamela ba malapa a rona ka dilo tse ba di tlhokang. Kgaitsadi mongwe yo o nyetsweng wa kwa Asia e bong Rebecca o tlhalosa kafa ene le ba lelapa la gagwe ba neng ba dirisa ka gone molaomotheo o o mo go Mathaio 6:33 le Diane 10:4. A re monna wa gagwe o ne a tlogela mmereko ka gonne a lemogile gore o mo kgoreletsa go direla Jehofa. Ba ne ba simolola go rekisa dijo gore ba kgone go tlhokomela bana ba bone ba banè. E re ka ba ne ba bereka ka thata, ba ne ba na le tšhelete e e lekaneng go tlhokomela lelapa la bone. A re: “Re ne re itse gore Jehofa a ka se tsamaye a re latlha. Ga re ise re ko re robale ka tlala.” A o kile wa nonotshiwa tumelo ke sengwe sa go tshwana le seno?

Re tlhatswegile pelo gore melaometheo ya Baebele e tla re thusa go tlamela ba malapa a rona ka dilo tse ba di tlhokang

16. Go tla direga eng fa re ikanya Modimo?

16 Re se ka ra ba ra tsamaya re belaela gore Jehofa o tla re thusa fa re latela kaelo ya gagwe. Paulo o ne a nopola mafoko a ga Habakuke fa a ne a re: “Mosiami o tla tshela ka ntlha ya tumelo.” (Bagalatia 3:11; Habakuke 2:4) Ke ka moo re tshwanetseng go dumela mo go Ene yo tota a ka re thusang. Paulo o re gakolola gore Modimo ke ene “a ka kgonang go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong, go ya ka maatla a gagwe a a dirang mo go rona.” (Baefeso 3:20) Batlhanka ba ga Jehofa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go dira thato ya Modimo mme ba a itse gore go kgotswa e e maoto manè. Re leboga tota go bo Modimo a re ema nokeng le go segofatsa matsapa a re a tsayang.

KOPA O TLA NEWA

17. (a) Jesu o ne a araba baaposetoloi jang? (b) Ke eng fa re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re thusa fa re mo kopa tumelo e e oketsegileng?

17 Se re sa tswang go se sekaseka se ka nna sa dira gore re ikutlwe jaaka baaposetoloi ba ga Jesu fa ba ne ba mo kopa ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” (Luke 17:5) Jesu o ne a araba baaposetoloi ba gagwe ka tsela e e kgethegileng ka Pentekosete ya ngwaga wa 33 fa a ne a ba tshololela moya o o boitshepo gore ba kgone go tlhaloganya dilo tse di boteng ka boikaelelo jwa Modimo. Tumelo ya bone e ne ya nonofa fela thata. Go ne ga direga eng? Ba ne ba simolola letsholo le legolo la go rera. (Bakolosa 1:23) A re ka lebelela gore Jehofa a re neye tumelo e e oketsegileng fa re mo kopa? Jehofa o re solofetsa gore o tla re thusa fa re mo kopa go ya ‘ka thato ya gagwe.’—1 Johane 5:14.

18. Jehofa o segofatsa jang batho ba ba nonotshang tumelo ya bone?

18 Jehofa o tla itumela thata fa re mo ikanya ka pelo yotlhe. O tla re araba fa re mo kopa tumelo e e oketsegileng, tumelo ya rona e tla nonofa le go feta e bile re tla ‘kaiwa re tshwanela Bogosi Jwa Modimo.’—2 Bathesalonika 1:3, 5.

^ ser. 4 Ka sekai, bala ka botshelo jwa ga Lillian Gobitas Klose (Tsogang! ya July 22, 1993 ka Seesemane), Feliks Borys (Tsogang! ya February 22, 1994 ka Seesemane), le Josephine Elias (Tsogang! ya September 2009).