Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome go Direla Jehofa

Ruta Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome go Direla Jehofa

“Jesu a tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.”—LUKE 2:52.

PINA: 41, 89

1, 2. (a) Batsadi bangwe ba tshwenyegile ka eng? (b) Bana ba ka dira eng se se ka ba thusang fa ba le mo dingwageng tsa bolesome?

TIRAGALO nngwe e e itumedisang thata mo botshelong jwa batsadi, ke go bona bana ba bone ba kolobediwa. Bana ba banè ba ga Berenice ba ne ba kolobediwa pele ba tshwara dingwaga tse 14. A re: “Dipelo tsa rona di ne di phophoma ka boitumelo. Re ne re itumeletse gore bana ba rona ba batla go direla Jehofa. Mme re ne re itse gore e re ka ba ne ba le mo dingwageng tsa bolesome, ba ne ba tlile go lebana le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe.” Le wena o ka tswa o tshwenyegile ka seno fa e le gore morwa kgotsa morwadio o mo dingwageng tseo kgotsa o tloga a tsena mo go tsone.

2 Moitseanape mongwe yo o ithutileng ka bana a re dingwaga tsa bolesome ke nako e e thata mo baneng le mo batsading mme gone batsadi ga ba a tshwanela go akanya gore bana ba bone ba a tsenwa kgotsa gore ba tletse bongwana. Go na le moo, ba tshwanetse go tlhaloganya gore bana ba dingwaga tsa bolesome ba botlhale, ba na le maikutlo a a thata go a tlhaloganya e bile ba batla go fetsa nako le ditsala tsa bone. Ka jalo, fa ba sa ntse ba le mo dingwageng tseo, ba ka kgona go atamalana le Jehofa fela jaaka Jesu a ile a dira. (Bala Luke 2:52.) Gape ba kgona go tokafatsa bokgoni jwa bone mo bodireding le go nna le keletso ya go direla Modimo mo go oketsegileng. E bile ba kgona go itirela ditshwetso, tse di jaaka go ineela mo go Jehofa le go mo ikobela. Mme gone, lona batsadi, lo ka thusa jang bana ba lona go direla Jehofa? Lo ka ithuta mo sekaong sa ga Jesu sa kafa a ileng a thapisa barutwa ba gagwe ka gone ka go ba rata, go ikokobetsa le go lemoga.

RATA NGWANA WA GAGO

3. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba itse jang gore ke tsala ya bone?

3 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba sa mo tseye e le Mong fela wa bone go na le moo ba ne ba mo tsaya e le tsala ya bone. (Bala Johane 15:15.) Ka nako ya ditiragalo tsa Baebele, beng ba ne ba sa bulele batlhanka ba bone mafatlha kgotsa ba ba rerisa gore ba akantse eng. Mme Jesu o ne a sa tshwarwe baaposetoloi ba gagwe jalo. O ne a ba rata e bile a ipha nako le bone. O ne a ba bulela mafatlha mme a ba reetsa fa le bone ba mmulela mafatlha. (Mareko 6:30-32) Seo se ne sa dira gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba nne ditsala tse di ntshanang se inong mme ga ba baakanyetsa tiro e e neng e larile kwa pele.

4. Batsadi, lo ka nna jang ditsala le bana ba lona? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Le fa o se monkana wa bana ba gago, gone o kgona go nna tsala ya bone. Ditsala di fetsa nako mmogo. Gongwe o ka fokotsa mekgaphe ya gago gore o fetse nako e ntsi o na le bana ba gago. Eno ke kgang e o tlhokang go e rapelela le go e akanyetsa thata. Ditsala di rata dilo tse di tshwanang. Ka jalo, batlisisa gore ngwana wa gago o rata mmino, difilimi kgotsa metshameko efe. Mme o leke go rata se a se ratang. Ilaria yo o nnang kwa Italy a re: “Batsadi ba me ba rata mmino o ke o ratang. Seo se ne sa dira gore nna le Papa re nne ditsala tse dikgolo e bile ke ikutlwa ke phuthologile go mmolelela sengwe le sengwe.” Fa o le tsala ya bana ba gago e bile o ba thusa go nna ditsala tsa ga Jehofa, seo ga se reye jaanong o repisitse dikgole. (Pesalema 25:14) Bana ba gago ba tla lemoga gore o a ba rata le gore o a ba tlotla, mme seo se tla dira gore go nne motlhofo gore ba bue le wena ka sengwe le sengwe.

5. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla kgona jang go itumela fa ba direla Jehofa?

5 Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla itumela tota fa ba ne ba direla Jehofa ka tlhoafalo e bile ba tshwaregile mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Ka jalo, o ne a ba kgothaletsa go dira ka natla mo tirong ya go rera a bo a ba solofetsa gore o tla ba ema nokeng.—Mathaio 28:19, 20.

6, 7. O bontsha jang gore o rata bana ba gago fa o ba ruta go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go direla Jehofa?

6 Le wena o batla gore bana ba gago ba atamalane le Jehofa. Mme Jehofa o go neile maikarabelo a gore o ba thapise le go ba kgalemela. (Baefeso 6:4) Ka jalo, o tshwanetse go tlhomamisa gore o thapisa bana ba gago ka metlha. Akanya ka seno: O tlhomamisa gore bana ba gago ba tsena sekolo ka gonne o itse gore thuto e botlhokwa e bile o batla gore ba itumelele go ithuta dilo tse disha. Ka tsela e e tshwanang, tlhomamisa gore ba nna gone kwa dipokanong, kwa dikopanong le ka nako ya kobamelo ya lelapa. Tota e bile, thuto ya ga Jehofa e ka boloka matshelo a bone. Ka jalo, ba thuse gore ba itumelele go ithuta ka Jehofa le go lemoga gore a ka ba thusa gore ba nne botlhale tota. (Diane 24:14) Gape ba rute go ya bodireding jwa tshimo ka metlha. Etsa sekao sa ga Jesu ka go ba thusa gore ba itumelele go ruta batho ba bangwe ka Lefoko la Modimo.

7 Go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go direla Jehofa, e e jaaka go ithuta, go ya dipokanong, go ya bodireding jwa tshimo, go thusa bana jang? Erin yo o nnang mo Afrika Borwa a re: “Rona bana re rata go ngunanguna le go ngongorega ka thuto ya Baebele, ka dipokano le ka go ya tshimong. Ka dinako tse dingwe re dira ka boomo gore thuto ya lelapa e se ka ya tswelela pele. Mme batsadi ba rona ga ba a ka ba latlhela seditse.” O leboga batsadi ba gagwe ka gonne ba mo thusitse go lemoga gore dilo tsa botlhokwa ke dife. Gone jaanong, fa a sa kgona go ya dipokanong kgotsa tshimong, o bonako go baakanya dilo gore a kgone go nna gone.

IKOKOBETSE

8. (a) Jesu o ne a bontsha jang gore o ikokobeditse? (b) Boikokobetso jwa gagwe bo ile jwa thusa barutwa ba gagwe jang?

8 Le fa Jesu a ne a se na boleo, o ne a ikokobeditse e bile o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore le ene o tlhoka thuso ya ga Jehofa. (Bala Johane 5:19.) A seno se ne sa dira gore ba mo nyatse? Nnyaa. Fa ba bona tsela e a ikanyang Jehofa ka yone, ba ne ba mo ikanya le go feta. Le bone ba ne ba feleletsa ba le boikokobetso.—Ditiro 3:12, 13, 16.

Fa o amogela diphoso tsa gago, bana ba gago ba tla go tlotla

9. Go amogela diphoso le go kopa maitshwarelo go ka thusa bana ba gago jang?

9 Rona ga re tshwane le Jesu, re baleofi re dira diphoso. Ka jalo, ikokobetse. Itse gore ga o petleke ya malemela gotlhe, amogela fa o dirile phoso. (1 Johane 1:8) Fa o dira jalo, bana ba gago le bone ba tla amogela fa ba dirile diphoso e bile ba tla go tlotla le go feta. A o tlotla mothapi yo a reng fa a dirile phoso a amogele gore o molato kgotsa yo le motlha a se keng a kopa maitshwarelo? Rosemary yo o nang le bana ba bararo a re ene le monna wa gagwe ba a amogela fa ba dirile diphoso. A re: “Seno se dirile gore bana ba kgone go bua le rona fa ba na le mathata.” Gape a re: “Re rutile bana ba rona gore ba batle kae thuso fa ba na le mathata. Gantsi fa ba na le mathata re ba thusa ka dikgatiso tsa rona tsa Baebele le go rapela mmogo le bone.”

10. Jesu o ne a bontsha jang gore o ikokobeditse tota le fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe se ba tshwanetseng go se dira?

10 Jesu o ne a na le dithata tsa go bolelela barutwa ba gagwe gore ba dire eng. Mme e re ka a ne a ikokobeditse, o ne a ba tlhalosetsa lebaka la go bo ba tshwanetse go dira sengwe. Ka sekai, ga a ba raya fela a re ba batle pele Bogosi le tshiamo ya Modimo. Gape o ne a re: “Mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” Fa a ne a ba bolelela gore ba tlogele go atlhola batho ba bangwe o ne a tlhalosa a re: “Gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone.”—Mathaio 6:31–7:2.

11. Go tlhalosa mabaka a ditshwetso kgotsa molao o o o beileng go ka thusa bana jang?

11 Iphe nako e e go siametseng ya go tlhalosetsa bana ba gago mabaka a go bo o beile molao kgotsa o dirile tshwetso e e rileng. Fa ba tlhaloganya, ba ka nna ba ikoba. Barry yo o godisitseng bana ba banè a re: “Go tlhalosetsa bana mabaka go dira gore ba go tshepe.” Ba tla bona gore ga o dire molao kgotsa tshwetso fela ka gonne o na le dithata tsa go dira jalo go na le moo o dira jalo ka gonne o na le mabaka a a utlwalang. Se lebale gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ga se masea. Ba sa ntse ba ithuta go ikakanyetsa e bile ba batla go itirela ditshwetso. (Baroma 12:1) Barry a re: “Bana ba tlhoka go ithuta go dira ditshwetso ba ikaegile ka mabaka a a utlwalang e seng ka maikutlo.” (Pesalema 119:34) Ka jalo, ikokobetse mme o tlhalosetse bana ba gago mabaka a go bo o dirile ditshwetso tse di rileng. Fa o dira jalo, ba tla ithuta go itirela ditshwetso tse di siameng e bile ba tla go tlotla le go lemoga gore ga o ba tseye jaaka masea.

DIRISA TEMOGO

12. Jesu o ne a dirisa jang temogo fa a ne a thusa Petere?

12 Jesu o ne a lemoga e bile a tlhaloganya dilo tse barutwa ba gagwe ba neng ba di tlhoka. Ka sekai, fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe gore o tlile go bolawa, Petere o ne a mo raya a re a ikutlwele botlhoko. Jesu o ne a itse gore Petere o ne a buisiwa ke go bo a mo rata mme gone o ne a itse gore tsela e a neng a akanya ka yone e ne e le phoso. Jesu o ne a mo thusa jang ene le barutwa ba bangwe? Sa ntlha o ne a kgalemela Petere. Go tswa foo, a ba tlhalosetsa gore go tla direga eng ka motho yo e reng go le thata a bo a sa dire thato ya ga Jehofa. Gape o ne a re Jehofa o tla segofatsa batho ba ba intshang setlhabelo. (Mathaio 16:21-27) Petere o ne a tshwara ntlha.—1 Petere 2:20, 21.

13, 14. (a) Ke eng se se ka go thusang go lemoga gore ngwana wa gago o tlhoka go nonotsha tumelo ya gagwe? (b) O ka lemoga jang gore ngwana wa gago o tlhoka go thusiwa?

13 Kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga gore bana ba gago ba tlhoka eng. (Pesalema 32:8) Gongwe o lemoga gore ngwana ga a sa tlhole a itumetse jaaka pele kgotsa gore o bua maswe ka bakaulengwe mo phuthegong. Gongwe o lemoga gore o go fitlhela sengwe. Se itlhaganelele go akanya gore ngwana wa gago o dira sengwe se se phoso mo sephiring. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Mme gone, se itlhokomolose bothata o akanya gore bo tla feta. Go ka direga gore o tlhoka go mo thusa go nonotsha tumelo ya gagwe.

Thusa bana ba gago gore ba nne le ditsala tse di molemo mo phuthegong (Bona serapa 14)

14 Fa o batla go thusa bana ba gago, ba botse dipotso ka botlhale le ka tlotlo. Go ntse jaaka fa o gelela metsi mo sedibeng. Fa o a gelela ka bonako, ga o na go tlatsa kgamelo. Ka tsela e e tshwanang, fa o se pelotelele kgotsa o leka go pateletsa ngwana go bua, ga a kitla a go bolelela se a se akanyang le kafa a ikutlwang ka teng. (Bala Diane 20:5.) Ilaria a re fa a ne a mosha, o ne a batla go fetsa nako le baithuti ka ene mme gone a itse gore go phoso. Batsadi ba gagwe ba ne ba lemoga gore o tlhobaediwa ke sengwe. Ilaria a re: “Nako nngwe, ba ne ba mpolelela gore ba lemogile gore ga ke a itumela mme ba mpotsa gore molato ke eng. Ke ne ka thubega ka selelo, ka ba tlhalosetsa bothata jwa me mme ka ba kopa gore ba nthuse. Ba ne ba ntlamparela, ba mpolelela gore ba a tlhaloganya mme ba ntsholofetsa gore ba tla nthusa.” Batsadi ba ga Ilaria ba ne ba tsaya kgato ka bonako go mo thusa go nna le ditsala tse di siameng mo phuthegong.

Ela tlhoko dinonofo tse ngwana wa gago a nang le tsone mme o mo akgole

15. Jesu o ne a bontsha jang gore o na le temogo?

15 Gape Jesu o ne a lemoga dinonofo tse dintle tse barutwa ba neng ba na le tsone. Ka sekai, fa Nathanaele a ne a utlwa gore Jesu o tswa kwa Nasaretha, o ne a re: “A go ka tswa sengwe se se molemo mo Nasaretha?” (Johane 1:46) Fa o ne o le koo, a o ne o tla akanya gore Nathanaele o a sotla kgotsa gore ga a rate batho ba kwa Nasaretha kgotsa gore ga a na tumelo? Jesu ga a ka a akanya jalo. Go na le moo, o ne a lemoga gore Nathanaele o ne a bua puo phaa, ka jalo, o ne a re: “Moiseraele ruri, yo go se nang tsietso epe mo go ene.” (Johane 1:47) Jesu o ne a kgona go bona se se mo pelong mme o ne a dirisa bokgoni joo go batlana le dinonofo tse di molemo mo bathong.

16. O ka thusa jang ngwana wa gago go tokafatsa bokgoni jwa gagwe?

16 Le fa gone re sa bone se se mo pelong ya motho jaaka Jesu, re kgona go lemoga se a se akantseng. Jehofa a ka go thusa gore o bone dinonofo tse di molemo mo baneng ba gago. Tota le fa ngwana wa gago a go swabisitse, le ka motlha o se ka wa mo raya o re ke motho yo o sa siameng kgotsa gore ga a na ditsebe. O se ka wa bo wa akanya go bua jalo. Go na le moo, mmolelele gore o kgona go bona dinonofo tsa gagwe tse di molemo le gore o a itse gore o batla go dira se se siameng. Ela tlhoko dilo tse a lekang mo go tsone mme o mo akgole. Mo thuse gore a tokafatse dinonofo tse di molemo tse a nang le tsone mme o mo neye maikarabelo a a oketsegileng fa go kgonega. Jesu o ne a dira jalo ka barutwa ba gagwe. Ngwaga le sephatlo fa Jesu a sena go kopana le Nathanaele (yo gape a neng a bidiwa Barotholomeo), o ne a mo naya maikarabelo a a botlhokwa thata. O ne a mo tlhoma go nna moaposetoloi mme Nathanaele o ne a dira maikarabelo ao ka boikanyegi. (Luke 6:13, 14; Ditiro 1:13, 14) Go na le go tlhola o kgoba ngwana marapo ka go mmolelela gore o a palelwa, mo akgole mme o mo kgothatse. Mo dire gore a itse gore a ka kgona go itumedisa wena le Jehofa le gore a ka kgona go dirisa bokgoni jwa gagwe mo tirong ya ga Jehofa.

GO THAPISA BANA GO TLA DIRA GORE O ITUMELE FELA THATA

17, 18. Go tla nna le diphelelo dife fa o sa lape go thapisa bana ba gago?

17 O ka tswa o ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a tshwenyegile thata ka batho ba a neng a ba tsaya e le bana ba gagwe. O ne a ba thusitse go ithuta ka Jehofa e bile a ba rata fela thata. Ka jalo, o ne a utlwa botlhoko tota fa a akanya gore bangwe ba bone ba ka nna ba tlogela go direla Jehofa. (1 Bakorintha 4:15; 2 Bakorintha 2:4) Victor yo o godisitseng bana ba bararo a re: “Dingwaga tsa bolesome ke dingwaga tse di thata. Mme gone, melemo ya teng e botoka thata go gaisa dikgwetlho tsa teng. Jehofa o ile a re thusa gore re atamalane fela thata le bana ba rona.”

18 Batsadi, lo tshwerwe phage ka mangana go thapisa bana ba lona ka gonne lo ba rata fela thata. Se latlheleng seditse. Akanyang fela ka boipelo jo bogolo jo lo tla nnang le jone fa bana ba lona ba dira tshwetso ya go direla Modimo ka boikanyegi.—3 Johane 4.