Jehofa ke Modimo yo o Lorato
“Modimo ke lorato.”—1 JOHANE 4:8, 16.
PINA: 18, 91
1. Nonofo ya konokono ya Modimo ke efe mme go itse seo go dira gore o ikutlwe jang ka ene?
BAEBELE ya re “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Mme seo se kaya eng? Lorato ga lo tshwane fela le dinonofo tse dintsi tse di molemo tse Jehofa a nang le tsone. Ke nonofo ya gagwe ya konokono. Ga a na lorato go na le moo ke lorato. Lorato lo kaela sengwe le sengwe se a se dirang. Re leboga tota go bo lorato lo tlhotlheleditse Jehofa gore a bope dilo tsotlhe.
2. Lorato lwa Modimo lo dira gore re tlhomamisege ka eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
2 Jehofa o rata popo ya gagwe fela thata. Tsela e a re ratang ka yone e dira gore re tlhomamisege gore boikaelelo jwa gagwe ka rona bo tla diragadiwa ka tsela e e molemolemo. Seno se tla dira gore batho ba ba mo ikobelang ba itumele tota. Ka sekai, lorato lo ile lwa dira gore Jehofa a ‘tlhome letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng,’ e bong Jesu Keresete. (Ditiro 17:31) Ga re belaele gore katlholo eo e tla direga. Mme batho ba ba ikobelang Modimo ba tla itumelela botshelo ka bosakhutleng.
HISITORI E RE THUSA JANG?
3. Botshelo bo tla bo ntse jang fa Modimo a ka bo a sa rate batho?
3 Go ne go tla direga eng ka batho fa lorato e ne e se nonofo ya konokono ya Modimo? Batho ba ne ba tla tswelela go ipusa e bile ba ne ba tla tlhotlhelediwa ke modimo yo o se nang lorato le yo o tletseng letlhoo e bong Satane. (2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 5:19; bala Tshenolo 12:9, 12.) Isagwe ya rona e tla bo e le letobo tota fa Jehofa a ka bo a sa re rate!
4. Ke eng fa Jehofa a ne a letla gore Satane le batho ba tsuologele puso ya gagwe?
4 Satane ga a ka a tsuologa a le esi, o ile a raela batsadi ba rona ba ntlha gore le bone ba tsuologele bolaodi jwa Modimo. O ne a re Modimo ga a na tshwanelo ya go busa. A re ene a ka busa botoka go na le Modimo. (Genesise 3:1-5) Jehofa o ne a dira dilo ka botlhale mme a naya Satane lobaka lo lokhutshwane lwa nako gore a supe se a ka se dirang. Mme hisitori e bontsha sentle gore Satane o paletswe, batho bone re sa bue.
Batho ga ba na bokgoni jwa go ipusa ntle le go kaelwa ke Jehofa
5. Ke eng se hisitori e ileng ya bontsha gore se boammaaruri?
5 Gone jaanong lefatshe le senyegela pele. Mo dingwageng di le 100 tse di fetileng, go ile ga swa batho ba feta dimilione di le 100. Baebele e bua jaana ka ‘metlha ya bofelo’: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:1, 13) Gape Baebele ya re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Hisitori e bontshitse gore mafoko ano a boammaaruri tota. Batho ga ba na bokgoni jwa go ipusa ntle le go kaelwa ke Jehofa.
6. Ke eng fa Modimo a letleletse bosula?
6 Jehofa o letleletse gore bosula bo tswelele pele ka lobakanyana e le tsela nngwe ya go bontsha gore ke ene fela a kgonang go busa. Modimo o tlile go nyeletsa bosula jotlhe. Morago ga moo, ope fela yo o tsuologelang bolaodi jwa gagwe, o tla nyelediwa ka ponyo ya leitlho. Modimo a ka nna a dirisa hisitori ya batho go bontsha gore botsuolodi jo bo ntseng jalo bo tshwanetse go tlosiwa ka bonako. Ga a kitla a tsamaya a bo letlelela gape.
MODIMO O ILE A BONTSHA LORATO LWA GAGWE JANG?
7, 8. Jehofa o bontshitse jang gore o a re rata?
7 Jehofa o ile a bontsha lorato lwa gagwe lo logolo ka ditsela di le dintsi. Akanya ka tsela e lobopo lwa rona lo leng logolo e bile lo leng lontle ka teng. Lo na le masagaripa a le dibilionebilione a a nang le dinaledi le dipolanete di le dibilionebilione. Letsatsi ke nngwe ya dinaledi tse di leng gone mo losagaripeng lwa rona lwa Molala wa Tladi. Fa letsatsi le ne le seyo, go ne go se kitla go nna le ditshedi mo lefatsheng. Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore Jehofa ke Mmopi wa rona gape di bontsha dinonofo tsa gagwe tse di jaaka maatla, botlhale le lorato. Baroma 1:20.
Ke boammaaruri gore “dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.”—Sengwe le sengwe se Jehofa a se bopileng mo lefatsheng, se thusa batho le diphologolo
8 Jehofa o bopile lefatshe gore go nne le dilo tse di tshelang mo go lone. Sengwe le sengwe se se mo go lone, se thusa batho le diphologolo. Modimo o ne a naya batho tshimo e ntle gore ba nne mo go yone mme a ba naya megopolo le mebele e e se nang boleo gore ba tswelele pele ba tshela. (Bala Tshenolo 4:11.) Mo godimo ga moo, ‘o naya nama yotlhe dijo: gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.’—Pesalema 136:25.
9. Le fa Jehofa e le Modimo yo o lorato, ke eng se a se tlhoileng thata?
9 Jehofa ke Modimo yo o lorato mme gone o tlhoile se se bosula. Ka sekai, Pesalema 5:4-6 e bua jaana ka Jehofa: “Ga o Modimo yo o natefelelwang ke boikepo . . . O tlhoile botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko.” Gape o tlhoile “motho yo o tshololang madi le yo o tsietsang.”
BOSULA BO TLOGA BO FELA
10, 11. (a) Go tla direga eng ka batho ba ba bosula? (b) Jehofa o tla segofatsa batho ba ba kutlo jang?
10 Jehofa o beile nako e ka yone a tlileng go tlosa bosula mo lobopong lotlhe ka gonne ke Modimo yo o lorato le yo o tlhoileng se se bosula. Lefoko la Modimo le re solofetsa go re: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe. Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Baba ba ga Jehofa “ba tla [nyelela jaaka] mosi.”—Pesalema 37:9, 10, 20.
11 Gape Lefoko la Modimo le re solofetsa go re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Batho ba ba kutlo ba “tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Ka ntlha yang? Ka gonne ka dinako tsotlhe Modimo wa rona yo o re ratang o dira dilo tse di thusang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Baebele ya re: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Eo ke isagwe e e itumedisang e e letetseng batho ba ba kutlo ba ba anaanelang lorato lwa Modimo!
12. “Motho yo o se nang molato” ke yo o ntseng jang?
12 Baebele ya re: “Lebelela motho yo o se nang molato mme o nne o lebile motho yo o thokgameng, gonne isagwe ya motho yoo e tla nna le kagiso. Mme batlodi ruri ba tla nyelediwa mmogo; isagwe ya baikepi e tla kgaolwa.” (Pesalema 37:37, 38) “Motho yo o se nang molato” o ithuta ka Jehofa le ka Morwawe e bile o dira thato ya Modimo. (Bala Johane 17:3.) O dumela ka pelo yotlhe gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) E re ka lefatshe leno le tloga le fedisiwa, go potlakile gore re ‘solofele mo go Jehofa mme re boloke tsela ya gagwe.’—Pesalema 37:34.
TSELA E E DI GAISANG TSOTLHE E MODIMO A ILENG A BONTSHA LORATO KA YONE
13. Ke tsela efe e e di gaisang tsotlhe e Modimo a ileng a bontsha ka yone gore o a re rata?
13 Re kgona go ikobela Modimo tota le fa gone re le baleofi. Gape re ka kgona go atamalana le Jehofa ka gonne o re neile setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, e leng yone tsela e e di gaisang tsotlhe e Modimo a bontshitseng ka yone gore o a re rata. Jehofa o re neile thekololo gore batho ba ba kutlo ba kgone go nna le tshono ya go gololwa mo boleong le mo losong. (Bala Baroma 5:12; 6:23.) E re ka Jesu a ne a ikanyega ka lobaka lo loleele fa a ne a le kwa legodimong, Jehofa o ne a sa belaele gore Morwawe o tla tswelela a ikanyega le fa a ne a le mo lefatsheng. Jehofa ke Rre yo o lorato ka jalo, o ne a utlwa botlhoko tota fa a bona tsela e batho ba neng ba tshwara Morwawe makgwakgwa ka yone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ema bolaodi jwa Modimo nokeng mme ka go dira jalo a bontsha gore motho yo o se nang boleo o kgona go nna a ikanyega mo Modimong le fa a ka gatelelwa botlhoko go le kana kang.
14, 15. Loso lwa ga Jesu lo ile lwa thusa batho jang?
14 Le fa Jesu a ile a boga botlhoko thata, o ne a tswelela a tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa. Re tshwanetse go leboga tota go bo Jesu a ile a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ka gonne o neile batho tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo! Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana fa a tlhalosa lorato lo Jehofa le Jesu ba ileng ba re bontsha lone ka go re naya thekololo: “Gonne, eleruri, Keresete, fa re ne re sa ntse re le bokoa, o ne a swela batho ba e seng ba bomodimo ka nako e e tlhomilweng. Gonne ga go motlhofo gore mongwe a swele motho yo o siameng; eleruri, motho yo o molemo ene, gongwe mongwe o nna le bopelokgale jwa go mo swela. Mme Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Baroma 5:6-8) Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.”—1 Johane 4:9, 10.
15 Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Go ne go le botlhoko thata mo go Jehofa fa a ne a ntsha Morwawe thekololo mme gone o ile a dira jalo. Seno se bontsha gore o rata batho fela thata. Mme lorato loo ga lo kitla lo fela. Paulo o ne a kwala a re: “Ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.”—Baroma 8:38, 39.
BOGOSI JWA MODIMO BO A BUSA
16. Bogosi jwa ga Mesia ke eng, mme ke mang yo Jehofa a mo tlhomileng go nna Mmusi wa jone?
16 Puso ya Modimo, e leng Bogosi jwa ga Mesia, ke bosupi bo bongwe gape jo bo bontshang gore Jehofa o rata batho. Jang? Jehofa o setse a tlhomile Mmusi yo o ratang batho yo o tshwanelegelang go busa e bong Jesu Keresete. (Diane 8:31) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a tlhopha batho ba le 144 000 gore ba ye go busa le Keresete kwa legodimong. Fa ba le koo, ba tla bo ba na le maitemogelo a go tshela mo lefatsheng. (Tshenolo 14:1) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a ruta batho ka Bogosi mme o ne a re balatedi ba gagwe ba rapele ba re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Re lebile pele go bona thapelo eo e diragadiwa fa Bogosi Jwa Modimo bo tla bo bo leretse batho masego a mantsi!
17. Puso ya ga Jesu e farologane jang le ya batho?
17 Puso ya ga Jesu e farologane thata le ya batho. Puso ya motho e bakile dintwa tse di bolaileng batho ba le bantsintsi. Mme Mmusi wa rona Jesu ene o rata batho fela thata e bile o etsa dinonofo tse di molemo tsa Modimo, segolo jang lorato. (Tshenolo 7:10, 16, 17) Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) A taletso e e lorato ruri!
18. (a) Go ntse go direga eng fa e sa le ka 1914? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Baebele e bontsha gore Bogosi Jwa Modimo bo simolotse go busa kwa legodimong ka 1914. Fa e sa le ka nako eo, go ntse go phuthiwa masalela a batho ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong mmogo le “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba tla falolang fa lefatshe leno le senngwa mme ba tsene mo lefatsheng le lesha. (Tshenolo 7:9, 13, 14) Boidiidi joo bo kana kang? Modimo o batla gore ba dire eng? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.