Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Bua le Rona ka Puo E re E Tlhaloganyang

Jehofa o Bua le Rona ka Puo E re E Tlhaloganyang

“Utlwa, tsweetswee, mme nna ke tla bua.”—JOBE 42:4.

PINA: 113, 114

1-3. (a) Ke eng fa dikakanyo le puo e Modimo a e dirisang e le ya maemo a a kwa godimo thata fa e bapisiwa le ya batho? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?

JEHOFA o ne a sa batle go itumela a le nosi ke ka moo a ileng a bopa baengele mme morago a bopa le batho. (Pesalema 36:9; 1 Timotheo 1:11) Jehofa o ne a simolola ka go bopa “Lefoko.” (Johane 1:1; Tshenolo 3:14) Jehofa o ne a buisana le Lefoko e bong Jesu le go mo tlhalosetsa se a se akanyang le tsela e a ikutlwang ka yone. (Johane 1:14, 17; Bakolosa 1:15) Moaposetoloi Paulo a re baengele le bone ba a buisana e bile ba bua puo e e farologaneng gotlhelele le ya batho.—1 Bakorintha 13:1.

2 Jehofa o itse sengwe le sengwe ka batho mmogo le ka dibilione tsa baengele ba a ba bopileng. O kgona go reetsa dithapelo tsa batho ba le bantsi ka nako e le nngwe e bile o tlhaloganya dithapelo tseo le fa gone di rapelwa ka dipuo tse di farologaneng. Mo godimo ga moo, Jehofa o buisana le baengele le go ba naya ditaelo. Gore a kgone go dira jalo, dikakanyo tsa gagwe le puo e a e dirisang di tshwanetse tsa bo di feta kgakala dikakanyo le puo e rona batho re e dirisang. (Bala Isaia 55:8, 9.) Ka jalo, fa a buisana le batho, o bua le bone ka puo e go leng motlhofo gore ba e tlhaloganye.

3 Mo setlhogong seno, re tla ithuta kafa Jehofa a buisanang ka gone le batho ka tsela e e utlwalang sentle. Gape re tla ithuta kafa a fetolang puo ya gagwe ka gone fa maemo a mo letla.

MODIMO O BUISANA LE BATHO

4. (a) Jehofa o ne a dirisa puo efe fa a ne a buisana le Moshe, Samuele le Dafide? (b) Baebele e bua ka eng?

4 Jehofa a ka tswa a ne a dirisa puo nngwe ya Sehebera fa a ne a buisana le Adame kwa tshimong ya Edene. Moragonyana, o ne a buisana le batho ba ba jaaka Moshe, Samuele le Dafide. Le fa ba ne ba dirisa puo ya bone ya Sehebera e bile ba kwala ka tsela e bone ba e tlhaloganyang, tota ba ne ba kwala dikgopolo tsa Modimo. Ba ne ba kwala mafoko a ga Jehofa mme gape ba kwala ka tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone. Ka sekai, Baebele e bua ka tumelo ya bone le tsela e ba neng ba rata Jehofa ka yone e bile gape e bua ka diphoso le ka go sa ikanyege ga bone. Tshedimosetso eno yotlhe e kwadilwe gore e re thuse.—Baroma 15:4.

Bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala mafoko a ga Jehofa le go kwala ka tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone

5. A Jehofa o ne a dirisa Sehebera fela fa a buisana le batho? Tlhalosa.

5 Jehofa o ne a sa dirise Sehebera fela fa a buisana le batho. Fa Baiseraele ba ne ba gololwa kwa Babelona, bangwe ba bone ba ne ba bua Searamaika. Gongwe ke lone lebaka la go bo Daniele, Jeremia le Esera ba kwadile dipego tsa bone ka Searamaika.—Bona ntlha e e kwa tlase mo go Esera 4:8; 7:12; Jeremia 10:11; le Daniele 2:4 mo NW.

6. Ke eng fa Dikwalo Tsa Sehebera di ile tsa ranolelwa mo Segerikeng?

6 Fa Alexander yo Mogolo a ne a gapa dikarolo tse dintsi tsa lefatshe, dinaga di le dintsi di ne tsa tshwanelwa ke go dirisa puo nngwe ya Segerika e e bidiwang Se-Koine. Bajuda ba le bantsi ba ne ba simolola go bua Segerika, mme kgabagare Dikwalo Tsa Sehebera di ne tsa ranolelwa mo Segerikeng. Thanolo eo e bidiwa Septuagint. E ne e le Baebele ya ntlha go ranolwa e bile e le yone ya botlhokwa thata. Baitseanape ba re Septuagint e ne ya ranolwa ke baranodi ba le 72. * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Bangwe ba bone ba ne ba ranola mafoko a Sehebera fela jaaka a ntse fa bangwe bone ba ne ba sa dire jalo. Mme gone, Bajuda mmogo le Bakeresete ba ba neng ba bua Segerika, ba ne ba dumela gore Septuagint e ne e le Lefoko la Modimo.

7. Jesu o ne a dirisa puo efe fa a ruta balatedi ba gagwe?

7 Jesu a ka tswa a ne a bua Sehebera fa a ne a le mo lefatsheng. (Johane 19:20; 20:16; Ditiro 26:14) Gape a ka tswa a ne a dirisa mafoko mangwe a Searamaika a a neng a tlwaelegile ka nako eo. Mme o ne a itse Sehebera sa bogologolo se Moshe le baporofeti ba neng ba se dirisa mo mekwalong ya bone e e neng e balwa beke le beke kwa disinagogeng. (Luke 4:17-19; 24:44, 45; Ditiro 15:21) Le fa ka nako eo batho ba ne ba dirisa Segerika le Selatine, Baebele ga e tlhalose gore a Jesu o ne a itse dipuo tseo kana jang.

8, 9. Ke eng fa Bakeresete ba le bantsi ba ne ba bua Segerika, mme seno se re ruta eng ka Jehofa?

8 Balatedi ba ntlha ba ga Jesu ba ne ba bua Sehebera, mme fa a sena go swa, go ne ga nna le ba bangwe ba ba buang dipuo di sele. (Bala Ditiro 6:1.) Fa balatedi ba ga Jesu ba ntse ba oketsega, Bakeresete ba le bantsi ba ne ba bua Segerika thata. E re ka Segerika e ne e le puo e e buiwang thata, buka ya ga Mathaio, Mareko, Luke le Johane di ne tsa kwalwa ka Segerika. * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Gape makwalo a mangwe a ga Paulo le dibuka tse dingwe tsa Baebele di ne tsa kwalwa ka Segerika.

9 Re kgatlhiwa ke ntlha ya gore fa bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba nopola Dikwalo Tsa Sehebera, gantsi ba ne ba dirisa Septuagint. Ka dinako tse dingwe, thanolo ya bone e ne e farologane go se kae le mafoko a ntlhantlha a Sehebera. Ka jalo, dikarolo dingwe tsa thanolo eo di ile tsa tsenngwa mo Baebeleng e re nang le yone gone jaanong. Seno se re ruta gore Jehofa ga a tseye puo e nngwe e le botoka go gaisa e nngwe.—Bala Ditiro 10:34.

Modimo ga a lebelela gore re bue puo e e rileng gore re kgone go mo itse le go itse boikaelelo jwa gagwe

10. Tsela e Jehofa a buisanang le batho ka yone e re rutile eng?

10 Re ithutile gore Jehofa o buisana le batho go ikaegile ka maemo a bone. Ga a lebelela gore re bue puo e e rileng gore re kgone go mo itse le go itse boikaelelo jwa gagwe. (Bala Sekarea 8:23; Tshenolo 7:9, 10.) Gape re ithutile gore Jehofa ke ene a neng a kaela bakwadi ba Baebele le gore o ne a ba letlelela gore ba kwale dikgopolo tsa gagwe ka mafoko a ba a tlhaloganyang.

MOLAETSA WA MODIMO GA O ISE O FETOGE

11. Ke eng fa Jehofa a kgona go bua le batho le fa gone ba dirisa dipuo tse di farologaneng?

11 Jehofa o kgona go bua le batho le fa gone ba dirisa dipuo tse di farologaneng. Re itse seo jang? Baebele e na le mafoko a le mmalwa fela a Jesu a neng a a bua ka puo ya gagwe. (Mathaio 27:46; Mareko 5:41; 7:34; 14:36) Mme Jehofa o ne a tlhomamisa gore molaetsa wa ga Jesu o kwalwa le go ranolelwa mo puong ya Segerika mme fa nako e ntse e ya, le mo dipuong tse dingwe. Molaetsa wa Modimo ga o ise o fetoge ka gonne Lefoko la gagwe le ile la kwalololwa makgetlo a le mantsi ke Bajuda le Bakeresete. Mekwalo eo e ile ya ranolelwa mo dipuong tse dingwe tse dintsi. Dingwaga di ka nna 400 fa Jesu a sena go swa, John Chrysostom o ne a bolela gore dithuto tsa ga Jesu di ne tsa ranolelwa mo dipuong tsa Baasiria, Baegepeto, Ba-India, Baperesia, Ba-Ethiopia le batho ba bangwe ba bantsi.

12. Batho ba ile ba leka go fedisa Baebele jang?

12 Batho ba ba ranolang Baebele le go e gatisa, ba ile ba tlhaselwa makgetlo a le mantsi mo nakong e e fetileng. Dingwaga di ka nna 300 fa Jesu a sena go tsholwa, Mmusimogolo wa Moroma e bong Diocletian o ne a ntsha taelo ya gore Dibaebele tsotlhe di senngwe. Dingwaga di ka nna 1 200 moragonyana, William Tyndale o ne a simolola go ranolela Baebele mo Seesemaneng. O ne a bolela gore fa Modimo a ka dira gore a tshele lobaka lo loleele, o tla netefatsa gore mosimane wa kwa dipolasing o itse Baebele botoka go gaisa moruti. E re ka Tyndale a ne a bogisiwa, o ne a tshwanelwa ke go tshaba kwa Engelane a ye kwa Yuropa gore a kgone go ranola Baebele le go e printa. Le fa baruti ba ne ba leka go fisa Dibaebele tsotlhe tsa ga Tyndale, go ne ga nna le batho ba le bantsi ba ba neng ba na le tsone. Tyndale o ne a feleletsa a kgamilwe le go fisediwa mo koteng. Mme baruti ga ba a ka ba kgona go senya Baebele e a neng a e ranotse e bile ke yone e neng ya dirisiwa fa go ne go ranolwa King James Version.Bala 2 Timotheo 2:9.

13. Baitseanape ba ile ba lemoga eng fa ba ithuta mekwalo ya bogologolo?

13 Ke boammaaruri gore go na le diphosonyana tse di rileng mo Dibaebeleng dingwe tsa bogologolo. Mme gone, baitseanape ba Baebele ba ile ba ithuta mekwalo ya bogologolo e le mentsi, dikarolo dingwe tsa mekwalo eo le dithanolo tsa bogologolo tsa Baebele ba le kelotlhoko thata. Fa ba sena go di bapisa, ba ile ba lemoga gore go na le ditemana di le mmalwa fela tse di sa tshwaneng go se kae. Mme molaetsa wa Baebele one ga o ise o fetoge. Tshedimosetso eno e tlhomamisetsa baithuti ba Baebele gore thanolo e ba nang le yone gone jaanong ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la ga Jehofa.—Isaia 40:8. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

14. Baebele e aname go le kana kang gompieno?

14 Le fa batho ba ile ba leka go fedisa Baebele makgetlo a le mantsi, e ile ya ranolelwa mo dipuong di feta 2 800. Ga go na buka epe e e kwadilweng ka dipuo di le dintsi jaana. Le fa batho ba le bantsi ba sa dumele mo Modimong, Lefoko la gagwe Baebele le aname thata go feta buka epe fela. Le fa go na le Dibaebele tse dingwe tse go seng motlhofo go di bala kgotsa di se boammaaruri go le kalo, bontsi jwa tsone di na le molaetsa wa tsholofelo le wa botshelo jo bo sa khutleng.

GO NE GO TLHOKEGA THANOLO E NTŠHA YA BAEBELE

15. (a) Dikgatiso tsa Baebele di fetogile go le kana kang fa e sa le ka 1919? (b) Ke eng fa dikgatiso tsa Baebele di ne di kwala pele ka Seesemane?

15 Ka 1919, setlhotswana sa baithuti ba Baebele se ne sa tlhomiwa go nna “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Ka nako eo, motlhanka yo o boikanyego o ne a dirisa Seesemane fa a bua le batho ba Modimo. (Mathaio 24:45) Mme gone jaanong dikgatiso tsa Baebele di gone ka dipuo di feta 700. Fela jaaka puo ya Segerika, Seesemane se dirisiwa thata mo dikgwebong le kwa dikolong e bile se buiwa ke batho ba le bantsi. Ka jalo, dikgatiso tsa rona di kwalwa ka Seesemane go tswa foo di bo di ranolelwa mo dipuong tse dingwe.

16, 17. (a) Batho ba Modimo ba ne ba tlhoka eng? (b) Ba ne ba thusiwa jang? (c) Mokaulengwe Knorr o ne a eletsa eng?

16 Dikgatiso tsotlhe tsa rona di theilwe mo Baebeleng. Kwa tshimologong, batho ba Modimo ba ne ba dirisa Baebele ya King James Version, e e weditsweng ka 1611. Le fa go ntse jalo, e ne e dirisa puo ya bogologolo e bile go le thata go e tlhaloganya. E ne e tsentse leina la Modimo ka makgetlo a le mmalwa, le fa gone mekwalo ya bogologolo e ne e dirisa leina la Modimo ka makgetlo a le diketekete. Baebele eo e ne e na le diphoso e bile go tsentswe ditemana tse di seyong mo mekwalong ya bogologolo. Go na le Dibaebele tse dingwe tsa Seesemane tse di nang le bothata joo.

17 Batho ba Modimo ba ne ba tlhoka thanolo e e boammaaruri le e go leng motlhofo go e tlhaloganya. Ke ka moo go neng ga tlhamiwa Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha mme bakaulengwe ba yone ba ne ba golola dikarolo tsa Baebele go tswa ka 1950 go ya go 1960. Bolumo ya ntlha ya tse thataro e ne ya gololwa kwa kopanong ya August 2, 1950. Kwa kopanong eo, Mokaulengwe Knorr o ne a re batho ba Modimo ba tlhoka Baebele e e boammaaruri mme e ranotswe ka tsela e e motlhofo gore e ba thuse go itse boammaaruri sentle. Ba ne ba tlhoka thanolo e go neng go le motlhofo go e bala le go e tlhaloganya fela jaaka mekwalo ya ntlhantlha ya balatedi ba ga Keresete e ne e ntse. Mokaulengwe Knorr o ne a eletsa gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e thuse batho ba le dimilionemilione gore ba itse Jehofa.

18. Baranodi ba Baebele ba ile ba thusiwa go dira eng?

18 Ka 1963, go ne ga nna fela jaaka Mokaulengwe Knorr a ne a eleditse. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne ya nna gone ka Se-Dutch, Sefora, Sejeremane, Se-Italy, Sepotokisi le ka Se-Spain. Ka 1989, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa tlhoma lefapha le lesha la go thusa baranodi ba Baebele. Go tswa foo, ka 2005, go ne ga dirwa tshwetso ya gore Baebele e ranolelwe mo dipuong tse Tora ya Tebelo e ranolelwang mo go tsone. Seo se ile sa dira gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e feletse kgotsa dikarolo dingwe tsa yone di nne gone ka dipuo di feta 130.

19. Ke tiragalo efe ya botlhokwa e e neng ya direga ka 2013, mme re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

19 Puo ya Seesemane e ile ya fetoga fa e sa le go tloga ka nako ya fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ne e gololwa, ka jalo, go ile ga tlhokega gore mafoko a Baebele eno a tokafadiwe gape. Ka October 5 le 6, 2013, go ne go na le batho ba le 1 413 676 ba ba leng gone kgotsa ba golagantswe ka Internet mo dinageng di le 31, ba ba neng ba reeditse pokano ya ngwaga le ngwaga ya bo129 ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Leloko la Setlhopha se se Laolang le ne la golola Baebele e e tokafaditsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane. Batho ba ne ba itumetse mme ba le bantsi ba ne ba lela fa ba newa Baebele eno e ntšha. Fa dibui di bala go tswa mo go yone, go ne go bonala sentle gore Baebele eno e kwadilwe ka tsela e e motlhofo. Setlhogo se se latelang se tla re thusa go itse kafa Baebele eno e ileng ya tokafadiwa ka gone le kafa e ranotsweng ka gone ka dipuo tse dingwe.

^ ser. 6 Septuagint e raya “Masome a Supa.” Go bonala e ne ya simolola go ranolwa dingwaga di ka nna 300 pele Jesu a tla mo lefatsheng mme e ile ya wediwa dingwaga di le 150 moragonyana. Thanolo eno e sa ntse e le botlhokwa le gompieno ka gonne e thusa baitseanape gore ba tlhaloganye mafoko a a thata le ditemana tsotlhe tsa Sehebera.

^ ser. 8 Bangwe ba re Mathaio o ne a kwala buka ya gagwe ka Sehebera mme moragonyana a ka tswa a ile a e ranolela mo Segerikeng.

^ ser. 13 Bona Appendix A3 mo Baebeleng e e tokafaditsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Seesemane le setlhogo se se reng, “Buka Eno E ne Ya Falola Jang?” mo kgatisong ya “Buka ya Batho Botlhe,” tsebe 7-9.