Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Tla go Ema Nokeng

Jehofa o Tla go Ema Nokeng

“Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse.”—PESALEMA 41:3.

PINA: 23, 138

1, 2. Modimo o ne a dirang mo metlheng ya Baebele, mme ke eng se bangwe ba ka tswang ba ipotsa sone fa ba lwala?

FA E le gore o kile wa lwala thata, o ka tswa o ile wa ipotsa go re: ‘A ke tla fola?’ Kgotsa fa mongwe wa losika kana tsala e lwala o ka tswa o ile wa ipotsa gore a o tla fola. Boammaaruri ke gore, ga go ope yo o ratang go lwala kgotsa go bona mongwe yo a mo ratang a lwala. Baebele e na le dikai tsa batho bangwe ba ba neng ba lwala e bile ba batla go itse gore a ba tla fola. Ka sekai, morwa Ahabe le Jesebele e bong Kgosi Ahasia, o ne a ipotsa gore a o tla fola. Mme moragonyana, fa Kgosi Bene-hadade wa Asiria a ne a lwala, o ne a botsa gore a o tla fola.—2 Dikgosi 1:2; 8:7, 8.

2 Baebele ya re Jehofa o ne a fodisa batho ka tsela ya kgakgamatso le e leng go naya baporofeti ba gagwe maatla a go tsosa ba ba neng ba sule. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:17-20, 32-35) Batho bangwe fa ba lwala ba ipotsa gore a le bone Modimo o tla ba fodisa.

3-5. Ke eng se Jehofa le Jesu ba kgonang go se dira mme ke dipotso dife tse re tlileng go tlotla ka tsone?

3 Jehofa o na le maatla. O ne a otlhaya batho ba ba jaaka Faro wa mo motlheng wa ga Aborahame mme moragonyana a otlhaya le kgaitsadie Moshe e bong Miriame, ka bolwetse. (Genesise 12:17; Dipalo 12:9, 10; 2 Samuele 24:15) Mme fa Baiseraele ba ne ba sa ikanyege, o ne a ba otlhaya ka ‘bolwetse le sebetso.’ (Duteronome 28:58-61) Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe gore ba se ka ba lwala. (Ekesodo 23:25; Duteronome 7:15) Gape o ne a fodisa bangwe ba bone. Ka sekai, o ne a fodisa Jobe fa a ne a lwala thata e bile a eletsa go swa.—Jobe 2:7; 3:11-13; 42:10, 16.

4 Re a itse gore Jehofa le Jesu ba na le maatla a go fodisa batho ba ba lwalang. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa batho ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a jaaka lepero kgotsa bolwetse jwa mototwane. O ne a fodisa batho ba ba sa boneng le ba ba golafetseng. (Bala Mathaio 4:23, 24; Johane 9:1-7) Dikgakgamatso tseno di dira gore re lebelele pele go bona dilo tse dintle tse Jesu a tla re direlang tsone mo lefatsheng le lesha. Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

5 A fa re lwala, re ka lebelela gore Jehofa le Jesu ba re fodise ka tsela ya kgakgamatso? Mme ke eng se re tshwanetseng go se akanyetsa fa go tla mo kgannyeng ya go tlhopha mofuta wa kalafi?

IKAEGE KA JEHOFA FA O LWALA

6. Baebele ya reng malebana le dikgakgamatso tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba di dira?

6 Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, Bakeresete ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo mme Jehofa o ne a naya bangwe ba bone maatla a go dira dikgakgamatso. (Ditiro 3:2-7; 9:36-42) Ka sekai, ba ne ba kgona go fodisa batho le go bua ka diteme tse di farologaneng. (1 Bakorintha 12:4-11) Mme fa nako e ntse e ya, dikgakgamatso tseo di ne tsa khutla fela jaaka Baebele e ne e boleletse pele. (1 Bakorintha 13:8) Ka jalo, re ka se lebelele gore Modimo a re fodise kgotsa a fodise batho ba re ba ratang ka tsela ya kgakgamatso.

Jehofa o itse sentle gore batlhanka ba gagwe ba a boga e bile ga a ba itlhokomolose

7. Pesalema 41:3 e re kgothatsa jang?

7 Mme fa o lwala, Jehofa o tla go gomotsa le go go ema nokeng fela jaaka a ne a dira ka batlhanka ba gagwe ba bogologolo. Kgosi Dafide o ne a kwala a re: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase; Jehofa o tla mo falotsa mo letsatsing la masetlapelo. Jehofa o tla mo disa le go mmoloka a tshela.” (Pesalema 41:1, 2) Gone Dafide o ne a sa reye gore motho yo o neng a akanyetsa motho wa maemo a kwa tlase, o ne a se kitla a swa. Ka jalo, Jehofa o ne a tla thusa jang motho yo o ntseng jalo? Dafide a re: “Jehofa ka boene o tla mo tshegetsa mo bolawaneng jwa bolwetse; ruri o tla fetola bolao jotlhe jwa gagwe fa a sa ntse a bobola.” (Pesalema 41:3) Jehofa o itse sentle gore batlhanka ba gagwe ba a boga e bile ga a ba itlhokomolose. A ka ba kgothatsa le go ba naya botlhale. Gape Jehofa o dirile gore mebele ya rona e kgone go ikalafa.

8. Go ya ka Pesalema 41:4, Dafide o ne a kopa eng mo go Jehofa?

8 Mo go Pesalema 41, Dafide o re bolelela ka nako ya fa a ne a gateletswe ke bolwetse e bile a le bokoa a tlhoka thuso. Go bonala ka nako eo morwawe e bong Abesalome a ne a batla go mo tseela bogosi. Dafide o ne a lwala thata jaana mo a neng a palelwa ke go thibela se Abesalome a neng a se dira. O ne a itse gore mathata a lelapa la gagwe a ne a bakilwe ke boleo jwa gagwe le Bathesheba. (2 Samuele 12:7-14) Ka jalo, o ne a dirang? O ne a rapela jaana: “Tlhe Jehofa, nkutlwele botlhoko. A ko o fodise moya wa me, gonne ke go leofetse.” (Pesalema 41:4) Dafide o ne a itse gore Jehofa o ne a mo itshwaretse e bile o ne a ikaegile ka ene gore a mo fodise fa a lwala. A mme gone Dafide o ne a solofetse gore Jehofa a mo fodise ka kgakgamatso?

9. (a) Jehofa o ne a thusa jang Kgosi Hesekia? (b) Dafide o ne a solofetse gore Jehofa a mo direle eng?

9 Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe Modimo o dira tshwetso ya go fodisa motho. Ka sekai, fa Kgosi Hesekia a ne a lwala la go swa, Jehofa o ne a mo fodisa. Mme Jehofa o ne a oketsa botshelo jwa gagwe ka dingwaga di le 15. (2 Dikgosi 20:1-6) Mme Dafide ene o ne a sa solofele go fodisiwa ka kgakgamatso. Go na le moo, o ne a solofetse gore Modimo a mo thuse fela jaaka a ne a ka thusa “ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase.” Dafide e ne e le tsala ya ga Jehofa, ka jalo, o ne a kgona go kopa Jehofa gore a mo gomotse le go mo tlhokomela ka nako ya fa a lwala. Gape o ne a kopa gore a fole mme a nne botoka. Le rona re ka dira se se tshwanang.—Pesalema 103:3.

10. Go ile ga diregang ka Terofimo le Epaforodito mme seno se re ruta eng?

10 Ga se gore moaposetoloi Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ne ba tsamaya ba fodisa mongwe le mongwe fela yo o lwalang. (Bala Ditiro 14:8-10.) Moaposetoloi Paulo o ne a fodisa rraagwe Pubelio yo o neng a tshwerwe ke letshoroma e bile a tshwaeditswe ke mogare o o kotsi. Paulo o ne a “rapela, a mmaya diatla a mo fodisa.” (Ditiro 28:8) Mme Paulo ga a ka a fodisa mongwe le mongwe yo o neng a mo itse. Tsala ya ga Paulo e bong Terofimo o ne a tle a tsamaye le ene mo maetong a borongwa. (Ditiro 20:3-5, 22; 21:29) Fa Terofimo a lwala, Paulo ga a ka a mo fodisa. Ka jalo, Paulo o ne a tshwanelwa ke go mo tlogela kwa Mileto gore a kgone go ikoka. (2 Timotheo 4:20) Tsala e nngwe ya ga Paulo e bong Epaforodito o ne a lwala mo a batlileng a tlhokafala. Mme Baebele ga e re Paulo o ile a mo fodisa.—Bafilipi 2:25-27, 30.

O TSHWANETSE GO AMOGELA KGAKOLOLO EFE?

11, 12. Ke eng se re se itseng ka Luke mme go bonala a ile a thusa Paulo jang?

11 Luke e ne e le ngaka e bile a tsaya maeto le Paulo. (Ditiro 16:10-12; 20:5, 6; Bakolosa 4:14) Ga go pelaelo gore o ne a alafa Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone fa ba lwala. (Bagalatia 4:13) Jesu o ne a bua boammaaruri fa a ne a re “ba ba bobolang” ba tlhoka ngaka.—Luke 5:31.

Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa mongwe a re naya kgakololo ka dilo tsa kalafi

12 Luke e ne e se motho fela yo o neng a rata go gakolola batho ka dilo tsa botsogo. O ne a ithutetse bongaka. Baebele ga e re bolelele gore o ne a bo ithutetse kae. Mme ya re Luke o ne a raya Paulo a re a mo dumedisetse Bakeresete ba kwa Kolosa. Ka jalo, go ka direga gore Luke o ne a ithutetse bongaka kwa sekolong sa dingaka se se kwa Laodikia e e bapileng le Kolosa. Gape Luke o ne a dirisa mafoko a a kgethegileng a bongaka fa a ne a kwala Efangele ya gagwe le buka ya Ditiro. E re ka e ne e le ngaka, o kwadile dipego di le dintsi tsa fa Jesu a ne a fodisa batho.

13. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola pele re naya kgotsa re amogela kgakololo nngwe ya tsa kalafi?

13 Gone jaanong ga go na Mokeresete ope yo o kgonang go dira dikgakgamatso le go re fodisa fa re lwala. Bakaulengwe bangwe ba rona ba ka nna ba re naya kgakololo tota le fa re sa e kopa. Boammaaruri ke gore, dingwe tsa dilo tse ba di buang ga di kotsi. Ka sekai, Paulo o ne a akantsha Timotheo gore a nwe beinenyana. Timotheo o ne a tshwenngwa ke mala gongwe ka gonne a ne a nole metsi a a leswe. * (Bala ntlha e e kwa tlase.) (Bala 1 Timotheo 5:23.) Mme re tlhoka go nna kelotlhoko. Mokaulengwe a ka nna a leka go re rotloetsa gore re dirise melemo mengwe e e rileng, re je kgotsa re se ka ra ja dijo dingwe tse di rileng. A ka nna a re bolelela gore dilo tseno di ile tsa thusa mongwe mo lelapeng la gagwe yo o neng a na le bothata jo bo tshwanang. Mme seno ga se reye gore le wena dilo tseno di ka go thusa. Re tshwanetse go gopola gore molemo mongwe o o rileng kgotsa mofuta mongwe wa kalafi, o ka nna kotsi le fa gone o dirisiwa ke batho ba le bantsi.—Bala Diane 27:12.

NNA BOTLHALE

14, 15. (a) Ke batho bafe ba re tshwanetseng go nna kelotlhoko mo go bone? (b) Diane 14:15 e ka re thusa jang?

14 Ga go ope wa rona yo o batlang go lwala. Mme ga go na gope kwa re ka tshabelang bolwetse gone ka gonne re baleofi. Mme fa re lwala, go ka tswa go na le mefuta e e farologaneng ya kalafi e re ka itlhophelang go e dirisa. Ka maswabi, go na le batho bangwe kgotsa dikhampani dingwe tse di buang gore di na le kalafi ya bolwetse jo bo re tshwereng. Ba bua jalo ka gonne ba batla tšhelete. Ba ka nna ba re bolelela gore go na le batho ba ba dirisitseng kalafi eo mme e ba thusitse fela thata. Mme fa re lwala, re ka nna ra lekeletsa sengwe le sengwe fela gore re fole. Ga re a tshwanela go lebala kgakololo eno ya Baebele: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Re tshwanetse go nna botlhale le go nna kelotlhoko ka dilo tse re di bolelelwang

15 Fa re le botlhale, re tla nna kelotlhoko go dumela sengwe le sengwe se re se utlwang segolobogolo jang fa motho yo o re nayang kgakololo eo a sa ithutela tiro eo. Re tshwanetse go ipotsa go re: ‘Motho yono a re melemo eno kgotsa dijo tseno di thusitse batho ba le bantsi, ke tlhomamisegile go le kana kang gore o bua boammaaruri? Tota le fa e le gore e thusitse batho ba le bantsi, ke itse jang gore nna e tla nthusa? A ke tshwanetse go dira dipatlisiso tse di oketsegileng le go bua le batho ba ba thapisitsweng mo tirong eno?’—Duteronome 17:6.

16. Ke dintlha dife tse re tlhokang go di akanyetsa fa re dira tshwetso ya mofuta wa kalafi o re tla o amogelang?

16 Fa re dira tshwetso ya gore ke mofuta ofe wa kalafi o re tla o amogelang, re tshwanetse ra bo re ‘itekanetse sentle mo mogopolong’ kgotsa re akanyetsa dilo sentle. (Tito 2:12) Seno se botlhokwa thata segolo jang fa e le gore kalafi eo ga e a tlwaelega. A motho yo re buang le ene o kgona go re tlhalosetsa gore kalafi eo e bereka jang? A o bua dilo tse di sa tlwaelegang? A dingaka di le dintsi di dumela gore kalafi eo e kgona go thusa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse joo? (Diane 22:29) Gongwe motho o re bolelela gore go na le kalafi golo gongwe kgakala mme dingaka ga di ise di itse ka yone. Mme a go na le bosupi jo bo bontshang gore kalafi eo e gone? Bangwe ba ka nna ba buelela kalafi e mo go yone go tweng go tsentswe motswako mongwe o batho ba sa o itseng kgotsa boselamose bongwe. Seo se ka nna kotsi fela thata. Se lebale gore Modimo a re re se ka ra dirisa maatla a a sa tlwaelegang kgotsa boselamose.—Duteronome 18:10-12; Isaia 1:13.

“NNANG LE BOTSOGO JO BONTLE!”

17. Ke keletso efe e rotlhe re nang le yone?

17 Setlhopha se se laolang sa phuthego ya bogologolo se ne sa romela Bakeresete lekwalo se ba bolelela ka dilo dingwe tse ba tshwanetseng go di tila. Lekwalo leo le ne le konela ka mafoko a a reng: “Fa lo ithiba mo dilong tseno ka kelotlhoko, lo tla tlhogonolofala. Nnang le botsogo jo bontle!” (Ditiro 15:29) Le fa mafoko ao a bontsha gore ba ne ba laela, a re gopotsa gore go tlwaelegile gore re eletse go nna le botsogo jo bo molemo.

Le fa re batla go nna le botsogo jo bo molemo, re tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa (Bona serapa 17)

18, 19. Ke eng se re lebileng pele go se bona mo lefatsheng le lesha?

18 Re baleofi, ka jalo, ga go na gope kwa re ka tshabelang bolwetse gone. Mme fa re lwala, ga re a lebelela gore Jehofa a re fodise ka kgakgamatso. Re a itse gore Modimo o tlile go fedisa malwetse otlhe. Mo go Tshenolo 22:1, 2, moaposetoloi Johane o ne a bua ka “metsi a botshelo” le “ditlhare tsa botshelo” tse di tla fodisang batho. Dilo tseno ga di kaye melemo mengwe e re tlhokang go e nwa gone jaanong kgotsa mo nakong e e tlang gore re kgone go fola. Go na le moo, di kaya se Jehofa le Jesu ba tla re direlang sone gore re kgone go tshela ka bosakhutleng.—Isaia 35:5, 6.

19 Re lebile pele go bona dilo tseno di direga. Mme gone jaanong re a itse gore Jehofa o a re rata le gore o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone fa re lwala. Fela jaaka Dafide, le rona re a itse gore fa re lwala, Jehofa ga a kitla a re latlha. O tlhokomela batho botlhe ba ba ikanyegang mo go ene.—Pesalema 41:12.

^ ser. 13 Buka ya The Origins and Ancient History of Wine ya re baitsesaense ba lemogile gore typhoid le megare e mengwe e e kotsi, e swa ka bonako fa e kopana le beine.