Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Ile ka Nna le Kagiso le Modimo Mmogo le Mmè

Ke Ile ka Nna le Kagiso le Modimo Mmogo le Mmè

MMÈ o ne a mpotsa a re: “Tota ke eng o sa batle go obamela badimo ba gago? A ga o lemoge gore ke bone ba go neileng botshelo? A ga o ba leboge le e seng? O ka latlha jang dingwao tse di sa bolong go nna gone? Fa o gana go ikobela badimo ba gago go tshwana le fa o re dilo tse re di dirang ke boleele fela.” Fa a sena go bua jalo, o ne a thubega ka selelo.

Dikgwedinyana pele ga tiragalo eno, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopa mmè gore a ithute Baebele le bone. E re ka a ne a batla go nna maitseo, o ne a rulaganya gore ba ithute le nna. Mme ke ne ke sa tlhaloganye lebaka la go bo a ne a nkgalefetse ka gonne ke mo ikobela ka dinako tsotlhe. Bothata e ne le gore mo lekgetlong leno, ke ne ke sa kgone go mo ikobela ka gonne ke batla go reetsa Jehofa. Go ne go le thata mme gone Jehofa o ile a mpha maatla.

GO ITHUTA KA JEHOFA

Fela jaaka batho ba le bantsi kwa Japane, le rona re ne re le Babuda. Mme morago ga dikgwedi tse pedi ke ntse ke ithuta le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka lemoga gore Baebele e ruta boammaaruri. Fa ke sena go itse gore ke na le Rre yo o nnang kwa legodimong, ke ne ka batla go mo itse sentle. Kwa tshimologong, nna le mmè re ne re tle re tlotle ka dilo tse ke neng ke di ithuta. Ke ne ka simolola go ya dipokanong ka Sontaga kwa Holong ya Bogosi. Fa ke ntse ke tsweletse ke ithuta, ke ne ka bolelela mmè ga ke tlhole ke batla go nna karolo ya mediro ya Babuda. Ke gone fa mathata a neng a simologa gone. O ne a nthaya a re: “Ke matlhabisa ditlhong tota gore go bo go na le mongwe mo lelapeng yo o sa rateng badimo ba gagwe.” O ne a ntaela gore ke emise go ithuta Baebele le go ya kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ke gamaregile tota! E ne e se mmè yo ke neng ke mo itse.

Rre o ne a dumalana le mmè. Ke ithutile mo Baebeleng mo go Baefeso kgaolo 6 gore Jehofa o batla gore ke ikobele batsadi ba me. Ke ne ke sa batle gore go nne le ntwa mo lelapeng mme ke akanya gore fa ke ba reetsa le bone ba tla kgona go ntheetsa. Ka nako eo, ke ne ke ipaakanyetsa go kwala ditlhatlhobo tsa sekolo, ka jalo, ka dumalana le bone. Ke ne ka solofetsa Jehofa gore morago ga dikgwedi di le tharo, ke tla boa ke ya dipokanong gape.

E ne e se tshwetso e e botlhale. Ka gonne sa ntlha, ke ne ke akanya gore morago ga dikgwedi di le tharo ke tla bo ke sa ntse ke rata Jehofa jaaka pele. Mme ga go a ka ga nna jalo ka gonne ka bonako fela ke ne ka katogela kgakala le Modimo. Sa bobedi, batsadi ba me ba ne ba leka ka thata go ntlhotlheletsa gore ke se ka ka direla Jehofa.

BA BA NTHUSANG LE BA BA MPOGISANG

Fa ke le kwa Holong ya Bogosi, ke ne ka kopana le Basupi ba le bantsi ba le bone ba neng ba ganediwa ke ba malapa a bone. Ba ne ba ntlhomamisetsa gore Jehofa o tla mpha maatla a go itshoka. (Mathaio 10:34-37) Ba ne ba ntlhalosetsa gore fa ke tswelela ke ikanyega mo go Jehofa, ba lelapa la gaetsho ba ka feleletsa ba ithuta ka Modimo. E re ka ke ne ke batla go ikaega ka Jehofa, ke ne ka simolola go rapela thata.

Ba lelapa la gaetsho ba ne ba mpogisa ka ditsela tse di farologaneng. Mmè o ne a nthapela gore ke tlogele go ithuta mme a leka go mpontsha mabaka. Gantsi ke ne ke itidimalela fela. Fa ke bua sengwe, gantsi re ne re feleletsa re kgakgauthana ka mafoko ka gonne go ne go se ope yo o neng a batla go ineela. Gone jaanong ke lemoga gore fa nkabo ke ile ka leka go tlhaloganya tsela e Mmè a ikutlwang ka yone le dilo tse a di dumelang, gongwe maemo a ka bo a nnile botoka. Batsadi ba me ba ne ba mpolaisa tiro ka maikaelelo a go dira gore ke se ka ka tswa ka ntlo. Ka dinako tse dingwe, ba ne ba ntswalela kwa ntle kgotsa ba ntima dijo.

Mmè o ne a kopa batho ba bangwe gore ba leke go bua le nna. O ne a bua le morutabana wa me mme le ene a itaya se fololetse. Gape o ne a kopa manejara wa gagwe gore a leke go mpontsha gore madumedi otlhe ga a na mosola wa sepe. O ne a bo a leletsa ba masika a lela a ba kopa gore ba mo thuse go bua le nna. Seo se ne sa nkgalefisa le go feta. Mme fa ke le kwa dipokanong, bagolwane ba ne ba mpolelela gore tota fa Mmè a bua le ba bangwe, o ba rerela a sa lemoge.

Batsadi ba me ba ne ba batla gore ke ye yunibesithing gore ke kgone go bona tiro e e duelang. E re ka re ne re sa kgone go bua re sa lwe ka kgang eno, ke ne ka ba kwalela makwalo ke ba tlhalosetsa se ke ikaeletseng go se dira. Rre o ne a galefile thata jaana mo a neng a nthaya a re: “Fa e le gore o akanya gore o tla kgona go bona tiro, kamoso o e batle kgotsa o ntswele ka ntlo.” Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse. Mo letsatsing le le latelang fa ke le mo bodireding, bokgaitsadi ba babedi ba ne ba mpha tiro ya gore ke rute bana ba bone. Rre o ne a sa itumela le e seng, ka jalo, o ne a emisa go mpuisa le go simolola go intlhokomolosa. Mmè o ne a mpolelela gore go ka bo go ile ga nna botoka gore ke nne senokwane go na le go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Jehofa o ne a nthusa go baakanya tsela e ke neng ke akanya ka yone le go itse se ke tshwanetseng go se dira

Ka dinako tse dingwe, ke ne ke tle ke ipotse gore a tota Jehofa o batla gore ke ganetsane le batsadi ba me go ya bokgakaleng jo bo kana kana. Ka jalo, ke ne ka rapela le go akanya ka se Baebele e se rutang ka lorato lwa ga Jehofa. Seno se ne sa nthusa gore ke se ka ka ineela mme ke tlhaloganye gore batsadi ba me ba nkganetsa jaana ka gonne ba tshwenyegile ka nna. Jehofa o ne a nthusa go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone le go itse se ke tshwanetseng go se dira. Mo godimo ga moo, fa ke ntse ke ya bodireding, ke ne ka bo itumelela le go feta. Ke ne ke batla go nna mmulatsela.

KE NNA MMULATSELA

Fa bokgaitsadi bangwe ba utlwa gore ke batla go nna mmulatsela, ba ne ba mpolelela gore ke letele batsadi ba me ba dige makgwafo pele. Ke ne ka kopa Jehofa gore a mphe botlhale, ka dira dipatlisiso, ka akanya ka mabaka a go bo ke batla go nna mmulatsela mme ka bua le Bakeresete ba ba nang le maitemogelo. Go tswa foo, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke batla go itumedisa Jehofa. Ke ne ke itse gore batsadi ba me ba ne ba se kitla ba emisa go mpogisa fa nka leta lobakanyana pele ke tsenela tirelo ya bobulatsela.

Mo ngwageng wa me wa bofelo kwa sekolong, ke ne ka nna mmulatsela. Morago ga go nna mmulatsela ka lobakanyana, ke ne ke batla go ya kwa lefelong le go se nang baboledi ba le bantsi gone. Mme batsadi ba me ba ne ba sa batle gore ke tsamaye. Ke ne ka leta go fitlha ke le dingwaga tse 20. Go tswa foo, ka kwalela ofisi ya lekala gore e mphe kabelo gaufi le ba losika ba ba kwa borwa jwa Japane gore Mmè a se ka a tshwenyega thata ka nna.

Fa ke le koo, ke ne ka itumela thata fa ke bona batho ba ke ithutang Baebele le bone ba kolobediwa. Ke ne ka ithuta Seesemane ka gonne ke batla go rerela batho ba le bantsi. Tsela e babulatsela ba babedi ba ba kgethegileng ba phuthego ya rona ba neng ba tlhagafetse ka yone, e ne ya dira gore le nna ke eletse go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Makgetlo a mabedi Mmè o ne a lwala thata mo ke neng ka tshwanelwa ke go ya go mo thusa. Seno se ne sa mo gakgamatsa mo a neng a simolola go dirisana sentle le nna.

JEHOFA O NTSHEGOFATSA FELA THATA

Dingwaga di le supa moragonyana, mongwe wa babulatsela ba ba kgethegileng e bong Atsushi, o ne a nthomelela lekwalo a mpotsa gore a nka se rate gore re nyalane. Ke ne ke sa mo kgatlhegele e bile ke akanya gore le ene o ne a sa nkgatlhegele. Morago ga kgwedi, ke ne ka mmolela gore nka rata go mo itse botoka. Re ne ra lemoga gore go na le dilo tse dintsi tse re tshwanang ka tsone tse di jaaka gore re ne re batla go tswelela mo tirelong ya nako e e tletseng e bile re ikemiseditse go ya gongwe le gongwe fela kwa re abelwang gone. Re ne ra feleletsa re nyalane. Ke ne ke itumetse tota fa ke bona batsadi ba me mmogo le bangwe ba losika ba tlile lenyalong.

Nepal

Go ise go ye kae, ke fa Atsushi a kopiwa gore e nne molebedi yo o etang. Moragonyana, re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng, go tswa foo, ra tsenela tirelo ya potologo. Fa re sena go etela diphuthego tsotlhe tse re neng re di abetswe, ofisi ya lekala e ne ya re founela e re botsa gore a ga re eletse go ya go direla kwa Nepal.

Go direla mo dinageng tse di farologaneng go nthusitse go ithuta go le gontsi ka Jehofa

Ke ne ke ipotsa gore batsadi ba me ba tla ikutlwa jang fa ba utlwa gore ke ya kgakala jaana. Fa ke ba founela, Rre o ne a nthaya a re: “O ya kwa lefelong le lentle tota.” Beke pele ke ba founela, tsala nngwe ya gagwe e ne e mo neile buka e e neng e bua ka Nepal mme o ne a akanya go etela naga eo.

Re ne re itumelela go tshela le batho ba ba botsalano ba kwa Nepal. Moragonyana, Bangladesh e ne ya akarediwa mo mafelong a re tla a etelang. E ne e farologane le Nepal le fa gone di ne di bapile thata. Re ne ra kopana le batho ba ba farologaneng tota fa re le mo bodireding. Morago ga dingwaga di le tlhano, re ne ra kopiwa gore re boele kwa Japane kwa re direlang teng le gompieno.

Ke ithutile dilo di le dintsi tota ka Jehofa fa ke ntse ke direla kwa Japane, Nepal le kwa Bangladesh. Batho ba dinaga tseo ba na le dingwao, mekgwa le meetlo e e farologaneng thata. Mme mongwe le mongwe yo re kopanang le ene o ne a na le tsa gagwe. Ke bone gore Jehofa o amega ka batho, o ba amogela fela jaaka ba ntse, o a ba thusa le go ba segofatsa.

Go na le dilo di le dintsi tse ke lebogang Jehofa ka tsone. O nthusitse gore ke mo itse le go dira tiro ya gagwe mme a mpha monna yo o ratang Modimo. Jehofa o nthusitse gore ke dire ditshwetso tse di siameng mme ga jaana nna le ba lelapa la gaetsho re dirisana sentle e bile ke atamalane thata le Jehofa. Ke leboga Jehofa go bo nna le Mmè re le ditsala gape. Ke leboga tota go bo ke na le kagiso le Modimo mmogo le mmè wa me.

Re itumelela tiro ya potologo