Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loka Puo ya Gago ka Letswai!

Loka Puo ya Gago ka Letswai!

‘A mafoko a molomo wa me . . . a nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa.’—PESALEMA 19:14.

PINA: 82, 77

1, 2. Ke eng fa Baebele e tshwantsha molelo le go bua?

KA 1871, go ne ga runya molelo mo dikgweng tsa Wisconsin kwa United States. Molelo wa teng o ne wa anama ka bonako jaana mo o neng wa kometsa ditlhare di le dibilione di le pedi. Batho ba feta 1 200 ba ne ba sha lorelore. Tota e bile, molelo oo o ne wa bolaya batho ba le bantsi go feta molelo ope fela kwa United States. Go bonala molelo oo o ile wa tlhosediwa ke ditlhase tse di neng di tlola go tswa mo ditereneng tse di neng di feta mo sekgweng. Seno se re gopotsa temana eno ya Baebele: “A bo go tlhokega molelo o monnye jang ne go tlhosetsa sekgwa se segolo thata ka molelo!” (Jakobe 3:5) Ke eng se se dirileng gore Jakobe a bue mafoko ano?

2 A re: “Loleme ke molelo.” (Jakobe 3:6) Fano “loleme” lo kaya go bua. Mme fela jaaka molelo, se re se buang le sone se ka baka tshenyo e e seng kana ka sepe. Mafoko a rona a ka ama batho ba bangwe fela thata. Tota e bile, Baebele ya re maatla a botshelo le loso a mo diatleng tsa loleme. (Diane 18:21) A mme seo se raya gore ga re a tshwanela go bua sepe fela ka gonne re tshaba gore re tla feleletsa re buile dilo tse di phoso? Nnyaa ga go jalo. Ga re kitla re tila go dirisa molelo fela ka gonne re tshaba gore re tla sha. Go na le moo, re o dirisa ka kelotlhoko thata. Ka sekai, re ka dirisa molelo go apaya, go ithutafatsa kgotsa go bonesa. Ka tsela e e tshwanang, fa re le kelotlhoko gore re bua eng, re ka dirisa loleme go baka Jehofa le go thusa ba bangwe.—Pesalema 19:14.

3. Ke dilo dife tse tharo tse di tla re thusang go bua ka tsela e e kgothatsang ba bangwe?

3 Re kgona go bolelela batho ba bangwe gore re akantse eng le gore re ikutlwa jang mme re ka dira jalo ka go bua kgotsa ka go dirisa diatla. Mme re ka dirisa jang bokgoni jono go kgothatsa ba bangwe? (Bala Jakobe 3:9, 10.) Re tshwanetse go itse gore ke leng re tlhokang go bua, dilo tse re ka buang ka tsone le tsela e re ka di buang ka yone.

KE LENG RE TLHOKANG GO BUA?

4. Ke leng re tlhokang go didimala?

4 Ka dinako tse dingwe go itidimalela go botoka. Baebele ya re go na le “nako ya go didimala.” (Moreri 3:7) Ka sekai, fa ba bangwe ba bua, re a didimala go ba bontsha tlotlo. (Jobe 6:24) Gape ga re bue ka dilo tsa batho ba bangwe tse e leng khupamarama. (Diane 20:19) Mme fa mongwe a re galefisa, go molemo go itidimalela re bo re leka go wela makgwafo.—Pesalema 4:4.

5. Re ka bontsha Jehofa jang gore re leboga go bo a re neile mpho ya go bua?

5 Mme ka dinako tse dingwe re tlhoka go bua. (Moreri 3:7) Re tlhoka go galaletsa Jehofa, go kgothatsa ba bangwe, go tlhalosetsa ba bangwe tsela e re ikutlwang ka yone le dilo tse re di tlhokang. (Pesalema 51:15) Mme fa re bua le batho ka tsela e e siameng, re a bo re bontsha Jehofa gore re leboga tota go bo a re neile mpho eno e e itumedisang. Tota e bile, fa tsala ya gago e go naya mpho nngwe e ntle, o tla e dirisa ka tsela e e molemo thata.

6. Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse nako e e siameng ya go bua?

6 Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse nako e e siameng ya go bua? Diane 25:11 ya re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.” Diapole tsa gouta di dintle mme bontle jwa tsone bo bonala sentle fa di beilwe fa pele ga sengwe sa selefera. Ka tsela e e tshwanang, gongwe go na le sengwe se se itumedisang se re batlang go se bolelela mongwe mme fa re se bua ka nako e e siameng, motho yoo a ka se itumelela. Re ka dira seo jang?

7, 8. Basupi ba kwa Japane ba ne ba etsa sekao sa ga Jesu jang?

7 Fa re sa bue ka nako e e siameng, batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya gore re batla goreng kgotsa go amogela se re se buang. (Bala Diane 15:23.) Ka sekai, ka March 2011, thoromo ya lefatshe le tsunami di ne tsa senya ditoropo di le dintsi tse di kwa botlhaba jwa Japane. Go ne ga swa batho ba feta 15 000. Le fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhokafaletswe ke ba masika le ditsala, ba ne ba batla go dirisa Baebele go thusa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo a a tshwanang le a bone. Mme ba ne ba itse gore batho bao e ne e le Babuda le gore ba ne ba sa itse go le kalo ka Baebele. Go na le gore ba ba bolelele ka tsogo ya baswi, ba ne ba ba gomotsa le go ba tlhalosetsa lebaka la go bo dilo tse di bosula di diragalela batho ba ba siameng.

8 Bakeresete bao ba ne ba etsa sekao sa ga Jesu ka gonne o ne a itse nako e a tshwanetseng go didimala le e a tshwanetseng go bua ka yone. (Johane 18:33-37; 19:8-11) Mme o ne a emela nako e e siameng gore a rute balatedi ba gagwe dilo dingwe. (Johane 16:12) Basupi ba ga Jehofa ba kwa Japane ba ne ba letela nako e e siameng gore ba kgone go bolelela batho ka tsogo ya baswi. Dingwaga di le pedi le halofo morago tsunami, ba ne ba naya batho ba koo pampitshana ya A Tota Baswi ba ka Tshela Gape? Batho ba le bantsi ba ne ba e tsaya mme ba gomodiwa ke se ba neng ba se bala. Le rona re tshwanetse go akanyetsa dingwao le dilo tse batho ba tshimo ya rona ba di dumelang gore re kgone go tlhopha nako e e siameng ya go bua le bone.

Re tshwanetse go leta le go tlhopha nako e e siameng e batho ba ka nnang ba re reetsa ka yone

9. Ke mo maemong afe a mangwe a re tla tlhokang go tlhopha nako e e siameng ya go bua?

9 Ke mo maemong afe a mangwe a re tla tlhokang go tlhopha nako e e siameng ya go bua? Gongwe mongwe o bua sengwe se se re kgopisang. Go na le gore re itlhaganelele go mo araba mme re bue sengwe se re tla se ikwatlhaelang, go molemo gore re akanye pele mme re ipotse go re: ‘A e ne e le maikaelelo a gagwe go bua mafoko ano a a tlhabang? A ke tlhoka go bua le ene?’ Gongwe go botoka go itidimalela fela. Mme fa e le gore re tlhoka go bua le ene, re tshwanetse go leta go fitlha re wela makgwafo. (Bala Diane 15:28.) Kgotsa gongwe re batla go kgothatsa mongwe wa losika yo e seng Mosupi gore a ithute Baebele. Re tshwanetse go leta, go akanya ka se re tla se buang le go tlhopha nako e e siameng e ba ka nnang ba re reetsa ka yone.

KE ENG SE RE TSHWANETSE GO SE BUA?

10. (a) Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko ka dilo tse re di buang? (b) Ke puo efe e re tshwanetseng go e tila?

10 Se re se buang se ka nna sa kgothatsa ba bangwe kgotsa sa ba kgoba marapo. (Bala Diane 12:18.) Batho ba lefatshe leno le le laolwang ke Satane ba dirisa “puo e e bogalaka” e e tshwanang le “motswi” kgotsa “tšhaka” ka gonne ba batla go utlwisa ba bangwe botlhoko. (Pesalema 64:3) Ba bangwe ba ithuta puo eo mo difiliming le mo mananeong a thelebishene a ba a lebelelang. Mme Bakeresete ga ba a tshwanela go bua dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko le fa e le go dira metlae ka tsone. Metlae e monate e bile e dira gore ba bangwe ba tshege. Mme le ka motlha ga re a tshwanela go sotla ba bangwe jaaka go bua dilo tse di tla ba tsenyang matlho tota le e leng go tlhapatsa yo mongwe fela ka gonne re batla go tshegisa ba bangwe. Baebele e laela Bakeresete gore ba se ka ba dirisa “puo ya go kgoba.” Gape ya re: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—Baefeso 4:29, 31.

11. Ke eng se se ka re thusang go nna kelotlhoko fa re bua le ba bangwe?

11 Jesu o ne a re “molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Seno se raya gore dilo tse re di buang di ka tswa di bontsha kafa re ikutlwang ka teng. Ka jalo, fa re rata batho ba bangwe e bile re amega thata ka bone, re tla nna kelotlhoko fa re bua le bone. Re tla bua dilo tse di kgothatsang le tse dintle.

12. Ke eng gape se se tla re thusang go tlhopha mafoko a a siameng?

12 Motho o tlhoka go tsaya matsapa a magolo go tlhopha mafoko a a siameng. Tota le fa Kgosi Solomone a ne a le botlhale, o ne a “tlhatlhanya a bo a batla ka botlalo” gore a kgone go kwala mafoko a a boammaaruri e bile a balega monate. (Moreri 12:9, 10) Ke eng se se tla re thusang gore re itse se re tshwanetseng go se bua? Re ka bala Baebele le dikgatiso tsa rona gore re bone ditsela tse disha tsa go bua. Re ka ithuta bokao jwa mafoko a re sa a tlhaloganyeng. Gape re ka ithuta ka Jesu le go bona kafa a neng a bua le ba bangwe ka gone. O ne a itse sentle se a tshwanetseng go se bua ka gonne Jehofa o ne a mo rutile ‘gore a tle a itse kafa a ka arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko.’ (Isaia 50:4) Gape go botlhokwa gore re akanye kafa mafoko a rona a tla amang ba bangwe ka gone. (Jakobe 1:19) Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A motho yo o tla tlhaloganya gore ke ne ke batla goreng? O tla ikutlwa jang?’

13. Ke eng fa re tshwanetse go bua ka tsela e e utlwalang sentle?

13 Kwa Iseraele go ne go lediwa diterompeta go tlhagisa batho ka sengwe. Go na le modumo o ya reng fa o lediwa, batho ba bo ba itse gore ke nako ya go kopana. O mongwe o ne o tlhagisa masole gore a simolole go tlhasela. Akanya fela gore go ne go tla diregang fa masole a ne a sa utlwe modumo oo sentle! Baebele e tshwantsha modumo o o utlwalang wa terompeta le mafoko a a tlhaloganyesegang motlhofo. Fa re sa itlhalose sentle, batho ba ka nna ba tlhakana tlhogo kgotsa ba se ka ba dumela gore re bua boammaaruri. Le fa re batla go itlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra go dira ka tsela e e bontshang lonyatso kgotsa go tlhoka maitseo.—Bala 1 Bakorintha 14:8, 9.

14. Ke sekai sefe se se bontshang gore Jesu o ne a bua ka tsela e go leng motlhofo go e tlhaloganya?

14 Sekao se se molemolemo sa kafa Jesu a neng a tlhopha mafoko a a utlwalang sentle, se mo bukeng ya Mathaio kgaolo 5 go ya go 7. Jesu ga a ka a dirisa mafoko a makimakima kgotsa a a raraaneng go sa tlhokege a re o leka go kgatlha batho e bile o ne a sa bue dilo tse di neng di tla utlwisa ba bangwe botlhoko. Jesu o ne a ruta dilo tsa botlhokwa tse di neng di na le bokao jo bo kwa teng mme se a neng a se bua se ne se tlhaloganyesega sentle. Ka sekai, Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore ba se ka ba tshwenyega gore ba tla jang eng. Ka jalo, o ne a ba tlhalosetsa kafa Jehofa a tlhokomelang dinonyane ka gone. Go tswa foo, a ba botsa a re: “A ga lo botlhokwa go feta tsone?” (Mathaio 6:26) Jesu o ne a dirisa mafoko ao go ba thusa go tlhaloganya thuto ya botlhokwa thata le go ba kgothatsa.

RE TSHWANETSE GO BUA JANG LE BA BANGWE?

15. Ke eng fa re tshwanetse go bua sentle le batho ba bangwe?

15 Tsela e re buang le ba bangwe ka yone e botlhokwa fela jaaka se re se buang le bone. Batho ba ne ba itumelela go reetsa Jesu ka gonne o ne a bua le bone ka mafoko a a “ipedisang” kgotsa a bua sentle le bone. (Luke 4:22) Fa re bua le batho sentle, ba ka nna ba rata go re reetsa le go amogela se re se buang. (Diane 25:15) Fa re tlotla ba bangwe e bile re amega ka maikutlo a bone re tla kgona go bua le bone sentle. Jesu le ene o ne a dira jalo. Ka sekai, fa a lemoga gore batho ba ne ba leka ka natla go mo reetsa, o ne a itumelela go ipha nako le bone le go ba ruta. (Mareko 6:34) Tota le fa batho ba ne ba mo tlhapatsa, ga a ka a ipusolosetsa.—1 Petere 2:23.

16, 17. (a) Re ka etsa Jesu jang fa re bua le ba losika le ditsala tsa rona? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo.) (b) Go ne ga diregang fa mmè mongwe a ne a bua ka bopelontle le kgaitsadi yo mongwe?

16 Tota le fa re rata ba losika le ditsala tsa rona, re ka nna ra bua mafoko a a botlhoko ka gonne re tsaya gore re a itse gore ga ba kitla ba galefa. Re ka nna ra akanya gore ga re tlhoke go nna kelotlhoko gore re bua jang le bone. Mme Jesu ga a ise a ko a bue le ditsala tsa gagwe ka tsela e e ntseng jalo. Fa bangwe ba bone ba ne ba ngangisana gore ke mang yo mogolo mo go bone, o ne a ba kgalemela mme a dirisa ngwana go ba thusa go fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone. (Mareko 9:33-37) Bagolwane ba ka etsa sekao sa ga Jesu ka go bua le ba bangwe ka bonolo fa ba ba gakolola.—Bagalatia 6:1.

17 Tota le fa motho a bua sengwe se se re kgopisang, re tla bo re dira sentle fa re sa mo tlhabe ka mafoko. (Diane 15:1) Ka sekai, mosimane mongwe yo o neng a godisiwa ke mmè yo o se nang molekane, o ne a itira e kete o direla Jehofa mme gone a dira dilo tse di bosula mo sephiring. Kgaitsadi mongwe o ne a utlwela kgaitsadi yo mongwe botlhoko mme o mo raya a re: “Go utlwisa botlhoko tota gore o paletswe ke go godisa ngwana sentle.” Mmè yoo o ne a didimala mme go tswa foo a bo a re: “Gone o bua nnete, dilo ga di tsamaye sentle gone jaanong, mme gone ga ke ise ke fetse go mo katisa. A re bue morago ga Haramagedona, fa e se go siame ka nako eo, ke tla bo ke itse gore ke paletswe.” E re ka mmè yono a ne a ritibetse maikutlo e bile a sa garumela kgaitsadi yono, ba ne ba tswelela e ntse e le ditsala. Mo godimo ga moo, mosimane o ne a reeditse fa mmaagwe a bua mafoko ao e bile o ne a lemoga gore mmaagwe ga a ise a mo tlhoboge. Ka jalo, o ne a tswa mo ditsaleng tse di sa siamang, a kolobediwa, mme a direla kwa Bethele. Le fa re ka tswa re bua le Bakeresete ka rona, ba lelapa kgotsa batho ba re sa ba itseng, a ka dinako tsotlhe puo ya rona e nne “ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.”—Bakolosa 4:6.

18. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu mo tseleng e re buang ka yone?

18 Jehofa o re neile mpho e ntle tota ya go bua re bolelela ba bangwe kafa re ikutlwang ka gone le se re se akanyang. Fa re etsa sekao sa ga Jesu, re tla itse gore ke leng re tlhokang go bua, re tla nna kelotlhoko gore re bua eng e bile ka dinako tsotlhe re tla leka go bua le ba bangwe ka bopelontle. Ka jalo, a re diriseng mafoko a rona go kgothatsa ba bangwe le go itumedisa Jehofa.