Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leboga Jehofa ka Gonne o Pelotshweu

Leboga Jehofa ka Gonne o Pelotshweu

JEHOFA o pelotshweu. (Jakobe 1:17) Re kgona go bona seo mo dilong tsotlhe tse a di bopileng. O ne a tlatsa lobopo ka dinaledi mme a dira gore lefatshe le tlale ka dimela tse dintle.—Pesalema 65:12, 13; 147:7, 8; 148:3, 4.

Mokwadi wa Pesalema 104 o ne a leboga Jehofa fela thata ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a di bopileng, ke ka moo a neng a mo kwalela pina ya pako. Fa o bala pesalema eo, a le wena o ikutlwa fela jaaka mopesalema fa a ne a re: “Ke tla opelela Jehofa botshelo jwa me jotlhe; ke tla leletsa Modimo wa me pina fa fela ke sa ntse ke le teng”? (Pesalema 104:33) A ke se le wena o batlang go se dira?

SEKAO SE SE DI GAISANG TSOTLHE SA BOPELOTSHWEU

Jehofa o batla gore re etse sekao sa gagwe. Mme o re naya mabaka a a utlwalang a gore re dire jalo. O ne a kaela moaposetoloi Paulo go kwala jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele; ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:17-19.

Mo lokwalong lwa bobedi lo Paulo a neng a lo kwalela Bakorintha, o ne a tlhalosa gore maitlhomo a rona e tshwanetse go nna afe fa re thusa ba bangwe. O ne a re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Bopelotshweu jwa rona bo solegela mang molemo? Paulo o ne a re fa re naya batho se ba se tlhokang, re a bo re ba thusa mme gape re a bo re ithusa ka gonne Jehofa o tla re segofatsa.—2 Bakorintha 9:11-14.

Gape Paulo o ne a umaka tsela e e di gaisang tsotlhe e Modimo a bontshang bopelotshweu ka yone fa a ne a re: “A re lebogeng Modimo ka ntlha ya mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa.” (2 Bakorintha 9:15) ‘Mpho ya mahala’ ya ga Jehofa e akaretsa dilo tsotlhe tse di molemo tse a re di nayang ka Jesu Keresete. Letsatsi le ka tlhaba la bo la phirima re ntse re leka go tlhalosa kafa mpho eno e leng tlhwatlhwakgolo ka gone.

Re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa le Jesu ka dilo tsotlhe tse ba re diretseng tsone le tse ba sa ntseng ba tla re di direla? Tsela nngwe ya go dira seno ke ka go dirisa nako, maatla le dilo tsa rona go obamela Jehofa le go thusa batho ba bangwe gore ba mo itse. Re ka dira jalo go sa kgathalesege gore a re humile kgotsa re humanegile.—1 Ditiragalo 22:14; 29:3-5; Luke 21:1-4.