Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thanolo e e Motlhofo

Thanolo e e Motlhofo

“Lefoko la Modimo le a tshela.” —BAHEBERA 4:12.

PINA: 37, 116

1. (a) Modimo o ne a naya Adame boikarabelo bofe? (b) Fa e sa le ka nako eo, batho ba Modimo ba ile ba dirisa jang mpho ya go itse puo?

JEHOFA MODIMO o neile batho mpho ya go itse puo. Modimo o ne a naya Adame boikarabelo jwa go naya diphologolo maina. Adame o ne a naya phologolo nngwe le nngwe leina le le e tshwanelang. (Genesise 2:19, 20) Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba dirisa puo go baka Jehofa le go bolelela ba bangwe ka ene. Bosheng jaana, batho ba Modimo ba ile ba dirisa bokgoni jwa go itse puo go ranola Baebele e le gore batho ba le bantsi ba kgone go ithuta ka Jehofa.

2. (a) Maloko a Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha a ile a latela dikgato dife fa a ranola? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?

2 Go na le dithanolo di le dintsi tota tsa Baebele, mme dingwe tsa tsone ga di a ranolwa sentle. Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ile ya latela dikgato tseno tse tharo gore e kgone ga ranola Baebele ka nepo: (1) Go busetsa leina la Modimo mo le neng le le teng mo mekwalong ya bogologolo. (Bala Mathaio 6:9.) (2) Fa go kgonega, go ranola molaetsa wa Baebele fela jaaka o ne o ntse kwa tshimologong. Fa go sa kgonege, go ranola bokao jwa se go buiwang ka sone. (3) Go dirisa mafoko a go leng motlhofo go a bala le go a tlhaloganya. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) (Bala Nehemia 8:8, 12.) Dikgato tseno tse tharo di ile tsa latelwa fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ne e ranolelwa mo dipuong di feta 130. Mo setlhogong seno, re tla ithuta kafa dikgato tseno di ileng tsa latelwa ka gone fa go ne go tokafadiwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya 2013 le kafa baranodi ba dipuo tse dingwe ba di latelang ka gone fa ba ranola Baebele eno.

THANOLO E E TLOTLANG LEINA LA MODIMO

3, 4. (a) Re ka bona kae Thaterakeramatone? (b) Baranodi ba le bantsi ba Baebele ba dirile eng ka leina la Modimo?

3 Leina la Modimo le kwalwa ka ditlhaka tsa Sehebera di le nnè tse di bidiwang Thaterakeramatone. Ditlhaka tseno tse nnè di gone mo mekwalong e le mentsi ya Sehebera sa bogologolo, e e jaaka Memeno ya Lewatle le le Suleng. Gape di teng le mo Septuagint ya Segerika. Mekwalo eo e sa le ntse e le gone dingwaga di le 200 pele Jesu a tla mo lefatsheng go fitlha dingwaga di le 100 morago ga gore a ye kwa legodimong. Batho ba le bantsi ba kgatlhega thata fa ba bona leina la Modimo le tlhaga mo mekwalong eo ya bogologolo.

Batho ba le bantsi ba kgatlhega thata fa ba bona leina la Modimo le tlhaga mo mekwalong ya bogologolo

4 Leina la Modimo le tshwanetse go tsenngwa mo Baebeleng. Mme go na le baranodi ba le bantsi ba ba sa le tsenyeng mo Baebeleng. Ka sekai, dingwaga di le pedi fela fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo Tsa Segerika e sena go gololwa, thanolo e e tokafaditsweng ya American Standard Version le yone e ne ya gololwa. Thanolo ya 1901 e ne e dirisa leina la Modimo mme thanolo eo ya 1952 yone e ne e sa le dirise. Ka ntlha yang? Baranodi ba yone ba ne ba tsaya gore leina la Modimo “ga le a tshwanela go dirisiwa gotlhelele”. Baranodi ba le bantsi ba Seesemane le ba dipuo tse dingwe le bone ba ile ba dira se se tshwanang.

5. Ke eng fa go le botlhokwa gore Baebele e dirise leina la Modimo?

5 A ntlha ya go bo baranodi ba le bantsi ba sa tsenye leina la Modimo mo dithanolong tsa bone e tshwanetse go re tshwenya? Ee! Ka gonne Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa, o batla gore batho ba itse leina la gagwe. Moranodi yo o ikanyegang o tshwanetse go itse gore mokwadi wa buka e a e ranolang o batla eng mme seo se tshwanetse go ama tsela e a ranolang ka yone. Go na le ditemana di le dintsi tse di bontshang gore leina la Modimo le botlhokwa e bile le tshwanetse go tlotlwa. (Ekesodo 3:15; Pesalema 83:18; 148:13; Isaia 42:8; 43:10; Johane 17:6, 26; Ditiro 15:14) Mme Jehofa o ile a kaela bakwadi ba Baebele gore ba dirise leina la gagwe makgetlo a le diketekete. (Bala Esekiele 38:23.) Ka jalo, fa baranodi ba ntsha leina la Modimo mo Baebeleng, ba bontsha gore ga ba mo tlotle.

6. Ke eng fa leina la Modimo le ile la tsenngwa makgetlo a mangwe a marataro mo Thanolong ya Lefatshe le Lesha?

6 Gone jaanong go na le bosupi bo le bontsi jo bo bontshang gore re tshwanetse go dirisa leina la Modimo. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya 2013 e dirisa leina la Modimo makgetlo a le 7 216. Seno se raya gore palo ya ditemana tse leina leno le tlhagelelang mo go tsone, e oketsegile ka makgetlo a le marataro go feta thanolo ya pele. Mo makgetlong a le matlhano, leina la Modimo le tsentswe mo ditemaneng dingwe ka gonne le ile la fitlhelwa mo Memenong ya Lewatle le le Suleng e e ileng ya phasaladiwa bosheng jaana. * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Leina leno le fitlhelwa makgetlo a le matlhano mo go 1 Samuele 2:25; 6:3; 10:26; 23:14, 16. Mme lekgetlo la borataro le mo go Baatlhodi 19:18, le akareditswe ka gonne go ile ga dirwa dipatlisiso tse di oketsegileng go tswa mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele.

7, 8. Leina Jehofa le kaya eng?

7 Bakeresete ba boammaaruri ba akanya gore batho ba tshwanetse go tlhaloganya bokao jwa leina la Modimo. Leina la gagwe le kaya gore “O Dira Gore go Diragale.” * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa bokao jwa leina la Modimo di dirisa bokao jwa leina leo jo bo tlhalosiwang mo go Ekesodo 3:14 e e reng: “Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone.” Thanolo ya 1984 e ne ya tlhalosa gore Jehofa o itira se a batlang go nna sone gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Mme thanolo ya 2013 yone ya re: “Bokao jwa leina Jehofa ga le reye fela se ene a batlang go nna sone. Gape le kaya gore o dira se a batlang gore se direge ka dilo tse a di bopileng le ka boikaelelo jwa gagwe.”

8 Jehofa o dirisa dilo tse a di bopileng ka tsela e a batlang ka yone. Ka sekai, Modimo o ne a dira gore Noa a nne moagi wa araka, Besalele a nne mmetli yo o setswerere, Gidione a nne motlhabani yo mogolo le gore Paulo a nne morongwa. Batho ba Modimo ba tsaya leina leno le le botlhokwa thata, ke ka moo Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e neng ya le tsenya fa e ranola Baebele.

9. Ke eng fa Setlhopha se se Laolang se bona go le botlhokwa gore Baebele e ranolelwe mo dipuong tse dingwe?

9 Dithanolo di le dintsi ga di dirise leina la Modimo. Go na le moo, di dirisa sereto se se reng “Morena” kgotsa leina la modimo wa lefelo le ba nnang mo go lone. Ke lengwe la mabaka a a dirang gore Setlhopha se se Laolang se akanye gore batho ba dipuo tsotlhe ba tshwanetse go nna le Baebele e e tlotlang leina la Modimo. (Bala Malaki 3:16.) Go tla go fitlha ga jaana, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e bontshitse gore e tlotla leina la Modimo ka go le ranolela mo dipuong tse di fetang 130.

THANOLO E E UTLWALANG SENTLE E BILE E NEPA DILO

10, 11. Ke dikgwetlho dife tse baranodi ba neng ba lebana le tsone fa ba ne ba ranolela Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo dipuong tse dingwe?

10 Baranodi ba ile ba nna le mathata fa ba ne ba ranolela Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane mo dipuong tse dingwe. Ka sekai, Baebele ya Seesemane e ne e dirisa lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “Sheole” mo go Moreri 9:10 le mo ditemaneng tse dingwe. Mme Dibaebele tse dingwe tsa Seesemane le tsone di ne di dirisa leina leno thata. Mme seno se ne se tla bakela baranodi ba dipuo tse dingwe bothata ka gonne babadi ba bantsi ba bone ga ba itse leina leno la Sehebera e leng “Sheole.” Leina leno ga le yo mo didikishinareng tsa bone e bile bangwe ba ne ba akanya gore ke leina la lefelo lengwe. Ke gone ka moo baranodi ba neng ba newa tetla ya gore ba ranole lefoko la Sehebera “Sheol” le la Segerika “Hades” ba re ke “Lebitla.” Lefoko lebitla ke leina le le tshwanelang maina ao e bile le a tlhaloganyesega.

11 Gape dipuo tse dingwe di ne tsa lebana le bothata jwa go ranola leina la Sehebera le la Segerika e leng “soul.” Lefoko leno mo dipuong tse dingwe le kaya sepoko kgotsa sengwe se se tswang mo mmeleng fa motho a sena go tlhokafala. Go tila go ranola lefoko leo ka tsela eo, baranodi ba ile ba newa tetla ya go le ranola go ya ka se temana e tla bong e bua ka sone. Baebele ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References e tlhalosa lefoko leno ka ditsela tse di farologaneng. Tshedimosetso e e oketsegileng ya mafoko a Sehebera le a Segerika e tsentswe mo dintlheng tse di kwa tlase tsa Baebele e e tokafaditsweng go thusa mmadi gore a kgone go bala ditemana tsa Baebele le go di tlhaloganya sentle.

Fa maloko a Komiti ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha a ntse a tshwaragane le tiro ya go tokafatsa Baebele, ba ne ba sekaseka dipotso tse dintsi tse baranodi ba neng ba di botsa

12. Ke diphetogo dife tse di ileng tsa dirwa mo thanolong ya 2013? (Gape bona setlhogo se se reng, “The 2013 Revision of the New World Translation” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya standard ya Seesemane ya December 15, 2015.)

12 Dipotso tse baranodi ba neng ba di botsa di ne di senola mathata a ba ka lebanang le one fa ba ranola ditemana dingwe tsa Baebele. Ka jalo, ka September 2007, Setlhopha se se Laolang se ne sa dira tshwetso ya gore Thanolo ya Seesemane e tokafadiwe. Fa maloko a Komiti ya Baebele a ntse a tshwaragane le tiro ya go tokafatsa Baebele eo, ba ne ba sekaseka dipotso tse dintsi tse baranodi ba neng ba di botsa. Mafoko a Seesemane sa bogologolo a ne a ntshiwa mme ga tsenngwa a a dirisiwang bosheng mme seo sa dira gore ditemana tsa Baebele di kgone go balega le go tlhaloganyesega mme gone di ntse di sa fetole bokao. Baranodi ba bangwe ba Baebele ba ba neng ba setse ba e ranoletse mo dipuong tse dingwe le bone ba ne ba thusa mo go tokafatseng mafoko mangwe a Seesemane.—Diane 27:17.

SE BANGWE BA SE BUILENG KA THANOLO ENO

13. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka thanolo ya 2013?

13 Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tokafaditsweng ya Seesemane? Bakaulengweng le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba kwalela ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Brooklyn, New York, ba leboga fela thata. Ba le bantsi ba dumalana le mafoko ano a a neng a buiwa ke kgaitsadi mongwe: “Baebele e tshwana le letlole le le nang le dibenyane tse di tlhwatlhwakgolo fela thata. Fa o bala mafoko a ga Jehofa a a mo Baebeleng eno, go tshwana le fa o ntsha sebenyane sengwe le sengwe se se mo letloleng leo le go leba bontle, mebalabala, mekgabiso le tsela e se phatsimang ka yone. Tsela e e motlhofo e Baebele eno e ranotsweng ka yone e dirile gore ke tlhaloganye Jehofa botoka fela thata, go nna jaaka e kete Modimo ke rre yo o ntlamparetseng mme a mpalela mafoko a a monate a a itumedisang.”

14, 15. O ikutlwa jang ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e ranoletsweng mo dipuong tse dingwe?

14 Batho ba bangwe ba ba dirisang dipuo tse dingwe le bone ba itumelela go bala Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Monnamogolo mongwe yo o nnang kwa Sofia kwa Bulgaria o ne a bua jaana ka thanolo ya Se-Bulgaria: “Ke na le dingwagangwaga ke ntse ke bala Baebele mme ga ke ise ke ko ke bale thanolo e e balegang motlhofo jaana e bile e tlhaloganyesega mme e nwelelela mo pelong ya me.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Albania le ene o ne a kwala a re: “Lefoko la Modimo le balega monate tota ka Se-Albania! Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go utlwa Jehofa a bua le rona ka puo e re e tlhaloganyang sentle!”

15 Mo dinageng di le dintsi, Dibaebele di a tura e bile di bonwa sewelo. Batho ba dinaga tseo ba leboga tota go bo ba na le Dibaebele tsa bone! Pego nngwe e e tswang kwa Rwanda ya re: “Go fetile lobaka lo loleele batho ba ba ithutang Baebele le Basupi ba sa gatele pele ka gonne ba ne ba se na Dibaebele. Ba ne ba se na madi a go reka Dibaebele tse dikereke di neng di di rekisa. Mme gantsi ba ne ba sa tlhaloganye ditemana dingwe sentle mme seo se ne se dira gore ba se ka ba kgona go gatela pele.” Lelapa lengwe la kwa Rwanda le le nang le bana ba le banè le ne la bua jaana fa le sena go amogela Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya bone: “Re leboga Jehofa le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka gonne ba re neile Baebele eno. Re humanegile e bile ga re na madi a go rekela mongwe le mongwe mo lelapeng Baebele. Mme gone jaanong rotlhe re na le Dibaebele tsa rona. Re bala Baebele letsatsi le letsatsi re le lelapa go bontsha Jehofa gore re a mo leboga.”

16, 17. (a) Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba dire eng? (b) Re ikemiseditse go dira eng?

16 Mo nakong e e tlang, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tokafaditsweng e tla nna gone ka dipuo tse dingwe. Satane o leka go thibela tiro eo mme re a itse gore Jehofa o batla gore batho ba utlwe fa a bua le bone ka puo e ba e tlhaloganyang sentle. (Bala Isaia 30:21.) Go ise go ye kae, “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

17 A re ikemisetseng go dirisa mpho nngwe le nngwe e Jehofa a re nayang yone, go akaretsa le thanolo eno e e tlotlang leina la gagwe! Mo letle gore a bue le wena letsatsi le letsatsi a dirisa Lefoko la gagwe. Modimo o kgona go reetsa dithapelo tsotlhe tsa rona. Go buisana le Jehofa ka tsela eno, go tla dira gore re mo itse le go mo rata fela thata.—Johane 17:3.

“Ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go utlwa Jehofa a bua le rona ka puo e re e tlhaloganyang sentle!”

^ ser. 2 Bona Appendix A1 ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane le setlhogo se se reng “O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 2008.

^ ser. 6 Memeno ya Lewatle le le Suleng e na le dingwaga di feta 1 000 e ntse e le gone go feta mekwalo ya Sehebera sa Masora.

^ ser. 7 Go na le dibuka tse dingwe tse di tlhalosang leina la Modimo ka tsela eno mme baitseanape ba le bantsi ga ba dumalane fa go tla mo ntlheng eo.

^ ser. 7 Bona New World Translation of the Holy Scriptures—With References, Appendix 1A e e reng, “The Divine Name in the Hebrew Scriptures,” tsebe 1561.