Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Akanya Eng ka go Rapela?

Batho ba Akanya Eng ka go Rapela?

“Fa ke kgobegile marapo, ke a rapela mme ke ikutlwa e kete Modimo o ntshwere ka seatla go nthusa.”—MARÍA.

“Mosadi wa me o ne a tlhokafala morago ga gore a fetse dingwaga di le 13 a tshwerwe ke kankere. Ke ne ke rapela Modimo letsatsi le letsatsi mme ke ne ke itse gore o reeditse dithapelo tsa me, seo se ne se dira gore ke ikutlwe botoka.”—RAÚL.

“Thapelo ke mpho e ntle e Modimo a e neileng batho.”—ARNE.

Fela jaaka María, Raúl le Arne, batho ba le bantsi ba tsaya thapelo e le mpho ya botlhokwa. Ba dumela gore fa ba rapela ba kgona go bua le Modimo, ba mo leboga le go mo kopa thuso. Ga ba belaele se Baebele e se rutang ka go rapela: “Mme eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”—1 Johane 5:14.

Mme go na le batho ba le bantsi ba ba fitlhelang go le thata go dumela se Baebele e se rutang ka thapelo. Steve a re: “Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ile ka latlhegelwa ke ditsala tsa me tse tharo. Mongwe wa bone o ile a tlhokafala mo kotsing ya koloi, mme ba babedi ba ile ba nwela mo lewatleng.” Steve o ile a dira eng? “Ke ile ka rapela Modimo ka gonne ke batla go tlhaloganya gore goreng dilo tseno di ile tsa direga, mme ga ke a ka ka bona karabo. Ke ne ke ipotsa gore: ‘Goreng ke tshwanetse go rapela?’” Batho ba le bantsi ba ipotsa gore goreng ba tshwanetse go rapela ka gonne Modimo ga a arabe dithapelo tsa bone.

Go na le mabaka mangwe a a dirang gore batho ba akanye gore go rapela ga go thuse. Bangwe ba re Modimo o itse sengwe le sengwe go akaretsa le mathata a re nang le one, ka jalo ga re tlhoke go mmolelela ka one.

Ba bangwe ba dumela gore ga a batle go reetsa dithapelo tsa bone ka gonne go na le diphoso tse ba kileng ba di dira. Jenny a re: “Bothata jwa me ke gore ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Ke dirile diphoso di le dintsi tse ke di ikwatlhaelang, ka jalo, ke akanya gore ga ke tshwanelege go rapela Modimo.”

O ikutlwa jang ka go rapela? Fa e le gore o na le dipotso dingwe ka go rapela o tla bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng. O ka tshepa se Baebele e se rutang ka thapelo; * gape e ka go arabela dipotso tse di tshwanang le tseno:

  • A mme Modimo o utlwa dithapelo tsa rona?

  • Goreng a sa arabe dithapelo dingwe?

  • O ka rapela jang gore Modimo a utlwe dithapelo tsa gago?

  • Go rapela go ka go thusa jang?

^ ser. 9 Mo Baebeleng go na le dithapelo tsa batlhanka ba Modimo di le dintsi, go akaretsa le tsa ga Jesu Keresete. Mo Dikwalong tsa Sehebera kgotsa Tesetamente e Kgologolo, go na le dithapelo di ka feta 150.