Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 25

Ikaege ka Jehofa fa o Gateletswe mo Maikutlong

Ikaege ka Jehofa fa o Gateletswe mo Maikutlong

‘Matshwenyego a me a ntsifetse; nketshe mo dipitlaganong tsa me tsweetswee.’—PES. 25:17.

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng fa re tshwanetse go reetsa tlhagiso ya ga Jesu?

FA JESU a ne a bua ka malatsi a bofelo o ile a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke . . . ditlhobaelo tsa botshelo.” (Luke 21:34) Re tshwanetse go reetsa tlhagiso eno. Ka ntlha yang? Ka gonne le rona re lebana le mathata a mongwe le mongwe a lebanang le one mo metlheng eno ya bofelo.

2. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba lebane le mathata afe?

2 Ka dinako tse dingwe, re lebana le mathata a mantsi ka nako e le nngwe. Akanya ka dikai tse di latelang. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang John, * yo o nang le bolwetse jwa go omelela dithishu tsa mmele, o ne a utlwile botlhoko tota fa mosadi wa gagwe a ne a mo tlogela. Ba ne ba na le dingwaga di le 19 ba nyalane. Moragonyana bomorwadie ba babedi ba ile ba tlogela go direla Jehofa. Banyalani bangwe e bong Bob le Linda, ba ile ba lebana le mathata a a farologaneng. Boobabedi ba ile ba latlhegelwa ke tiro ba bo ba sa tlhole ba kgona go duelela ntlo ya bone. Ka ntlha ya seo, ba ne ba tshwanelwa ke go fuduga. Mo godimo ga moo, ngaka e ile ya bolelela Linda gore o na le bolwetse jwa pelo mme gape, o ne a na le bolwetse jo bongwe jo bo neng bo tlhasela masole a gagwe a mmele.

3. Bafilipi 4:6 le 7 e re bolelela eng ka Jehofa?

3 Jehofa o a tlhaloganya gore re ikutlwa jang fa re gateletswe mo maikutlong. O batla go re thusa go itshokela mathata. (Bala Bafilipi 4:6, 7.) Mo Baebeleng go na le dipego tse di buang ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ileng ba itshokela mathata. Gape Baebele e tlhalosa gore Jehofa o ile a ba thusa jang go a itshokela. A re tlotle ka dikai di le mmalwa.

ELIJA O NE A NA LE “MAIKUTLO A A TSHWANANG LE A RONA”

4. Elija o ile a lebana le mathata afe, mme o ne a ikutlwa jang ka Jehofa?

4 Elija o ne a direla Jehofa ka dinako tsa mathata e bile o ile a lebana le diteko di le dintsi. Kgosi ya Iseraele e bong Ahabe o ne a sa ikanyege. Mosadi wa gagwe e bong Jesebele o ne a le bosula e bile a obamela Baale. Ahabe le Jesebele ba ile ba dira gore Baiseraele ba le bantsi ba obamele Baale e bile ba ile ba bolaya baporofeti ba le bantsi ba ga Jehofa. Elija ene o ile a kgona go tshaba. Gape o ne a kgona go itshokela leuba ka gonne o ne a ikaegile ka Jehofa. (1 Dikg. 17:2-4, 14-16) Mo godimo ga moo, o ile a ikaega ka Jehofa fa a ne a ya go kopana le baporofeti ba ga Baale. O ne a kgothaletsa Baiseraele gore ba direle Jehofa. (1 Dikg. 18:21-24, 36-38) Elija o ile a bona Jehofa a mo thusa e bile a mo sireletsa mo dinakong tseo tsa mathata.

Jehofa o ne a romela moengele gore a nonotshe Elija (Bona serapa 5-6) *

5-6. Go ya ka 1 Dikgosi 19:1-4, Elija o ne a ikutlwa jang, mme Jehofa o ile a mmontsha jang gore o a mo rata?

5 Bala 1 Dikgosi 19:1-4. Le fa go ntse jalo, Elija o ile a tshoga fa Kgosigadi Jesebele a ne a batla go mmolaya. Ka jalo, o ne a siela kwa Beere-sheba. O ne a kgobegile marapo thata mo a neng a “kopa gore [a] swe.” Ke eng fa a ne a ikutlwa jalo? Elija o ne a sa itekanela e bile “e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Gongwe o ne a gateletswe mo maikutlong e bile a lapile thata. Go bonala a ne a akanya gore matsapa a gagwe a go kgothaletsa batho gore ba obamele Jehofa e ne e le a lefela. Gape o ne a akanya gore go ne go sa fetoga sepe mo Iseraele le gore ke ene fela a neng a direla Jehofa. (1 Dikg. 18:3, 4, 13; 19:10, 14) Re ka nna ra gakgamadiwa ke gore Elija o ne a ikutlwa jalo. Mme Jehofa ene o ne a tlhaloganya gore Elija o ikutlwa jang.

6 Jehofa ga a ka a omanya Elija fa a ne a mmolelela gore o ikutlwa jang. Go na le moo, o ile a mo thusa gore a nne le maatla gape. (1 Dikg. 19:5-7) Moragonyana Jehofa o ile a thusa Elija go leba dilo sentle ka go mmontsha maatla a gagwe. Gape o ile a mmolelela gore go na le Baiseraele ba le 7 000 ba ba ganang go obamela Baale. (1 Dikg. 19:11-18) O ile a bolelela Elija dilo tseno e le go mmontsha gore O a mo rata.

JEHOFA O TLA RE THUSA JANG?

7. Tsela e Jehofa a ileng a thusa Elija ka yone e re kgothatsa jang?

7 A o lebane le maemo a a ngomolang pelo? Ruri re a gomotsega go itse gore Jehofa o ne a tlhaloganya gore Elija o ne a ikutlwa jang. Seo se re bontsha gore Jehofa o tlhaloganya gore re ikutlwa jang. O itse dilo tse re kgonang go di dira le tse re sa di kgoneng e bile o itse gore re akanyang le gore re ikutlwa jang. (Pes. 103:14; 139:3, 4) Fa re ikaega ka Jehofa, le rona o tla re thusa go itshokela mathata a a re ngomolang pelo.—Pes. 55:22.

8. Jehofa o tla go thusa jang fa o gateletswe mo maikutlong?

8 Fa o gateletswe mo maikutlong, o ka nna wa akanya gore maemo a gago a ka se fetoge mme seo se ka go kgoba marapo. Fa seo se direga, gopola gore Jehofa a ka go thusa. Jang? O batla gore o mmolelele mathata a gago le gore o ikutlwa jang. O tla araba dithapelo tsa gago. (Pes. 5:3; 1 Pet. 5:7) Ka jalo, tswelela o bolelela Jehofa mathata a gago. A ka se bue le wena ka tlhamalalo jaaka a ile a bua le Elija, go na le moo, o tla bua le wena a dirisa Baebele le phuthego ya gagwe. Dipego tse o di balang mo Baebeleng di ka go gomotsa e bile di ka go naya tsholofelo. Gape bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka go kgothatsa.—Bar. 15:4; Baheb. 10:24, 25.

9. Ditsala tsa rona di ka re thusa jang fa re na le mathata?

9 Jehofa o ile a laela Elija gore a neye Elisha tiro nngwe ya gagwe. Ka go dira jalo, Jehofa o ne a naya Elija tsala e e siameng e e neng e tla mo thusa fa a kgobegile marapo. Ka tsela e e tshwanang, fa re bolelela mongwe yo re mo tshepang gore re ikutlwa jang, a ka re thusa go itshokela mathata a re lebanang le one. (2 Dikg. 2:2; Dia. 17:17) Fa go se na ope yo o ka mmolelelang mathata a gago, kopa Jehofa gore a go thuse gore o nne le tsala mo phuthegong e e ka go kgothatsang.

10. Se se diragaletseng Elija se ka re kgothatsa jang, mme tsholofetso e e mo go Isaia 40:28 le 29 e ka re thusa jang?

10 Jehofa o ile a thusa Elija gore a kgone go itshokela go gatelelwa mo maikutlong le gore a tswelele a mo direla ka boikanyegi dingwaga di le dintsi. Se se diragaletseng Elija se a re kgothatsa. Ka dinako tse dingwe re lebana le mathata a a ka re kgobang marapo le a a re fetsang maatla. Mme gone, fa re ikaega ka Jehofa, o tla re thusa gore re tswelele re mo direla.—Bala Isaia 40:28, 29.

HANA, DAFIDE LE MOPESALEMA BA NE BA IKAEGILE KA JEHOFA

11-13. Go gatelelwa mo maikutlong go ile ga ama batlhanka bangwe ba ga Jehofa jang?

11 Go na le bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba le bone ba neng ba gateletswe thata mo maikutlong. Ka sekai, Hana o ne a utlwile botlhoko ka gonne a ne a sa kgone go nna le bana e bile mogadikane wa gagwe o ne a mo sotla. (1 Sam. 1:2, 6) Hana o ne a utlwile botlhoko thata, ka jalo, o ne a lela e bile a gana le go ja.—1 Sam. 1:7, 10.

12 Ka dinako tse dingwe, Kgosi Dafide o ne a ngomogile pelo thata. Akanya ka mathata a a ileng a lebana le one. O ne a ikutlwa molato ka ntlha ya diphoso di le dintsi tse a di dirileng. (Pes. 40:12) Morwawe yo a mo ratang e bong Abesalome o ile a mo tlhanogela mme moragonyana Abesalome o ile a bolawa. (2 Sam. 15:13, 14; 18:33) Mo godimo ga moo, tsala ya gagwe le yone e ne ya mo tlhanogela. (2 Sam. 16:23–17:2; Pes. 55:12-14) Dipesalema di le dintsi tse Dafide a di kwadileng di bontsha gore o ne a kgobegile marapo le gore o ne a ikanya Jehofa.—Pes. 38:5-10; 94:17-19.

Ke eng se se thusitseng mopesalema gore a boe a direle Jehofa a itumetse? (Bona serapa 13-15) *

13 Moragonyana, mopesalema mongwe o ne a simolola go tswela batho ba ba sa siamang pelo. Mopesalema yoo e ka tswa e ne e le setlogolwana sa ga Asafe wa Molefi yo o neng a direla kwa tempeleng. Mopesalema yono o ne a gateletswe mo maikutlong mme seno se ne sa dira gore a se ka a itumela le gore a se ka a kgotsofalela dilo tse a neng a na le tsone. Tota e bile, o ne a simolola go belaela gore a go direla Jehofa go mo tswela mosola.—Pes. 73:2-5, 7, 12-14, 16, 17, 21.

14-15. Re ithuta eng mo go Hana, Dafide le mopesalema?

14 Batlhanka ba ga Jehofa ba re sa tswang go bua ka bone, ba ile ba ikaega ka Jehofa gore a ba thuse. Ba ne ba bolelela Jehofa dilo tse di ba tshwenyang. Gape ba ne ba mmolelela mabaka a go bo ba ngomogile pelo. Mo godimo ga moo, ba ile ba tswelela ba ya kwa lefelong le go obamelwang Jehofa kwa go lone.—1 Sam. 1:9, 10; Pes. 55:22; 73:17; 122:1.

15 Jehofa o ile a thusa batlhanka bano ba gagwe. Hana o ile a nna le kagiso ya mogopolo. (1 Sam. 1:18) Dafide o ile a re: “Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pes. 34:19) Moragonyana mopesalema o ile a re Jehofa o a mo kaela e bile “o tshwere seatla sa [gagwe] sa moja.” O ile a re: “Fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Pes. 73:23, 24, 28) Re ithuta eng mo dikaing tseno? Ka dinako tse dingwe, re lebana le mathata a a re ngomolang pelo. Mme fa re akanya ka tsela e Jehofa a ileng a thusa batlhanka ba gagwe ka yone, re rapela e bile re dira dilo tse a reng re di dire, re ka kgona go a itshokela.—Pes. 143:1, 4-8.

IKAEGE KA JEHOFA MME O TLA KGONA GO ITSHOKA

Kwa tshimologong, kgaitsadi mongwe o ne a itlhaola mme dilo di ne tsa fetoga fa a simolola go thusa ba bangwe (Bona serapa 16-17)

16-17. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go itlhaola? (b) Ke eng gape se se ka re kgothatsang?

16 Se se diragaletseng batlhanka bano ba ga Jehofa gape se re ruta gore fa re na le mathata, ga re a tshwanela go itlhaola. (Dia. 18:1) Ka sekai, Nancy yo o neng a utlwile botlhoko thata fa monna wa gagwe a ne a mo tlogela a re: “Bontsi jwa nako ke ne ke sa batle go bua le ope. Mme go itlhaola jalo go ne go dira gore ke utlwe botlhoko le go feta.” Dilo di ne tsa fetoga fa Nancy a ne a simolola go thusa batho ba bangwe ba ba nang le mathata. A re: “Ke ne ke ba reetsa fa ba mpolelela mathata a bone. Go dira jalo go ne go nthusa gore ke se ka ka akanya ka mathata a me.”

17 Go ya dipokanong go ka re thusa. Fa re le kwa dipokanong Jehofa o tla re thusa e bile o tla re gomotsa. (Pes. 86:17) O dirisa moya o o boitshepo, Lefoko la gagwe le batho ba gagwe go re nonotsha. Kwa dipokanong re a ‘kgothatsana.’ (Bar. 1:11, 12) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Sophia o ile a re: “Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba nthusa gore ke itshoke. Go ya dipokanong go ne go le botlhokwa thata mo go nna. Ke ne ka lemoga gore fa ke nna le seabe kwa bodireding le kwa dipokanong, ke kgona go itshokela mathata a me.”

18. Jehofa a ka re thusa jang fa re kgobegile marapo?

18 Fa o kgobegile marapo, o se ka wa lebala gore Jehofa ga a re solofetse fela gore o tlile go fedisa mathata a rona mo nakong e e tlang, gape o re thusa go a itshokela gone jaanong. O re thusa go fenya maikutlo a go kgobega marapo le go ikutlwa re se batho ba sepe.—Bafil. 2:13.

19. Baroma 8:37-39 e re solofetsa eng?

19 Bala Baroma 8:37-39. Moaposetoloi Paulo a re ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa Modimo. Re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba gateletsweng mo maikutlong? Setlhogo se se latelang se tla re thusa go bona gore re ka etsa Jehofa jang ka go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba gateletsweng mo maikutlong gore re ba utlwela botlhoko le ka go ba ema nokeng.

PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso

^ ser. 5 Go tshwenyega thata mo maikutlong go ka re tsenya malwetse e bile go ka re kgoba marapo. Jehofa a ka re thusa jang? Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa o ile a thusa jang Elija fa a ne a tshwenyegile. Mo godimo ga moo, batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba tla re thusa go bona gore re ka ikaega jang ka Jehofa fa re gateletswe mo maikutlong.

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

^ ser. 53 SETSHWANTSHO: Moengele wa ga Jehofa o tsosa Elija a bo a mo naya senkgwe le metsi.

^ ser. 55 SETSHWANTSHO: Mopesalema yo e leng setlogolwana sa ga Asafe o itumelela go kwala dipesalema le go opela a na le Balefi ba bangwe.