Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?

A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?

A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?

A KE boammaaruri gore Modimo o dirisitse mokgwa wa go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe go dira batho go tswa mo diphologolong? A Modimo o ne a dira gore dibakateria di fetoge ditlhapi mme morago ga moo di bo di fetoga digagabi tse le tsone di nnang diphologolo tse di amusang, mme kwa bofelong di bo di nna ditshwene tse kwa morago di fetogang batho? Borasaense bangwe le baeteledipele ba bodumedi ba bolela fa ba dumela kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe mmogo le kgopolo e e mo Baebeleng ya gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Ba bolela gore buka ya Baebele ya Genesise ke tlhamane fela. Gongwe o kile wa ipotsa gore, ‘A kgopolo ya gore motho o tlhagile go tswa mo diphologolong e dumalana le Baebele?’

Go tlhaloganya kwa re tswang teng go tla re thusa gore re itse gore re bomang, re lebile kae le gore re tshwanetse go tshela jang. Ke fela fa re itse gore motho o tswa kae, re ka kgonang go tlhaloganya lebaka la go bo Modimo a letleletse pogo le boikaelelo jwa gagwe ka isagwe ya batho. Re ka se itumelele go nna le kamano e e molemo le Modimo fa re sa tlhomamisege gore a ke ene Mmopi wa rona. Ka jalo a re sekasekeng se Baebele e se rutang ka tshimologo ya batho, boemo jo gone jaanong ba leng mo go jone, le isagwe ya bone. Ka go dira jalo re tla bona gore a kgopolo ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe e dumalana le Baebele.

Fa Motho A ne A le Mongwe Fela

Gantsi batho ba ba dumelang thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ba bolela gore diphologolo di ne tsa fetoga ka iketlo go nna batho, ba latola gore pele go ne go na le motho a le mongwe fela. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua se se farologaneng. Ya re re tswa mo mothong a le mongwe, e bong Adame. Pego ya Baebele ya re Adame e ne e le motho wa mmatota. E re bolelela leina la mosadi wa gagwe le maina a bangwe ba bana ba gagwe. E re bolelela ka botlalo se a neng a se dira, se a neng a se bua, gore o ne a tshela leng le gore o ne a swa leng. Jesu o ne a sa tseye pego eo e le tlhamane fela e e kwaletsweng batho ba ba sa rutegang. Fa a ne a bua le baeteledipele ba ba rutegileng thata ba bodumedi, o ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi?” (Mathaio 19:3-5) Ka nako eo Jesu o ne a nopola mafoko a a buang ka Adame le Efa a a mo go Genesise 2:24.

Luke, yo e leng mokwadi wa Baebele e bile e le rahisitori yo o kelotlhoko, o ne a tlhalosa Adame e le motho wa mmatota fela jaaka Jesu le ene e le motho wa mmatota. Luke o ne a tlhalosa tatelano ya losika lwa ga Jesu go simolola ka motho wa ntlhantlha, e bong Adame. (Luke 3:23-38) Gape, fa moaposetoloi Paulo a ne a bua fa pele ga bareetsi ba mo go bone go neng go na le borafilosofi ba ba neng ba rutilwe mo dikolong tse di itsegeng thata tsa kwa Gerika, o ne a re: “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone . . . o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Ditiro 17:24-26) Ga go pelaelo gore Baebele e ruta gore re tswa mo “mothong a le mongwe.” A se Baebele e se bolelang ka maemo a batho a kwa tshimologong se dumalana le thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe?

Motho o Simolola go Nna le Bosaitekanelang

Baebele ya re Jehofa o ne a bopa motho wa ntlha a itekanetse. Ga go kgonege gore Modimo a bope dilo tse di sa itekanelang. Pego e e malebana le popo ya re: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe . . . Morago ga moo Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Genesise 1:27, 31) Motho yo o itekanetseng o ntse jang?

Motho yo o itekanetseng o na le kgololesego ya go itlhophela e bile o kgona go etsa dinonofo tsa Modimo ka botlalo. Baebele ya re: “Modimo wa boammaaruri o dirile batho ba thokgame, mme bone ba senkile maano a le mantsi.” (Moreri 7:29) Adame o ne a itlhophela go tsuologela Modimo. Ka ntlha ya botsuolodi jwa gagwe, Adame o ne a sa tlhole a itekanetse mme a fetisetsa seo le mo baneng ba gagwe. Kgang ya go bo batho ba ile ba simolola go nna le bosaitekanelang e tlhalosa lebaka la go bo gantsi re dira dilo tse re sa di rateng, le fa gone re ne re batla go dira dilo tse di siameng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Se ke se eletsang, ga ke tlwaele go se dira; mme se ke se tlhoileng ke sone se ke se dirang.”—Baroma 7:15.

Go ya ka Baebele, motho yo o itekanetseng o ne a tla tshela ka bosakhutleng a na le botsogo jo bo molemo. Re lemoga seno sentle mo go se Modimo a neng a se bolelela Adame gore fa a ne a sa tlola taolo ya gagwe, o ka bo a sa swa. (Genesise 2:16, 17; 3:22, 23) Jehofa o ne a ka se ke a re go “molemo tota” go bo a bopile motho fa e le gore motho o ne a diretswe gore a bobole kgotsa a tsuologe. Go latlhegelwa ga motho ke mmele o o itekanetseng ke lone lebaka la go bo mmele wa motho, le mororo o dirilwe ka tsela e e gakgamatsang, go leng motlhofo fela gore o golafale kana o tsenwe ke bolwetse. Ka gone, thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ga e dumalane le Baebele. Thuto eno e bontsha gore motho ke phologolo e e nnang e fetoga. Mme Baebele yone e re motho ke setlogolwana se se nnang se koafala sa motho yo o neng a itekanetse.

Kgopolo ya gore Modimo o dirisitse mokgwa wa go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe go bopa motho le yone ga e dumalane le se Baebele e se bolelang ka botho jwa gagwe. Fa Modimo a ne a dirisitse mokgwa ono go bopa motho, go ne go tla bolela gore ke ene a dirileng gore batho ba bo ba le seemong se ba leng mo go sone gone jaanong sa malwetse le se se ngomolang pelo. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua jaana ka Modimo: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame. Bone ka bobone ba dirile bosula; ga se bana ba gagwe, bogole ke jwa bone.” (Duteronome 32:4, 5) Ka jalo, go boga ga batho gone jaanong ga se ka go bo Modimo a dirile gore ditshedi di iphetogele ka botsone go nna tse dingwe. Ke matswela a go bo motho a le mongwe a ne a simolola go nna le bosaitekanelang fa a sena go tsuologela Modimo mme a bo fetisetsa mo baneng ba gagwe. Jaanong ka re setse re tlotlile ka Adame, a re tlotleng ka Jesu. A thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e dumalana le se Baebele e se buang ka Jesu?

A o Ka Dumela mo Thutong ya go Iphetogela ga Ditshedi le mo Bokereseteng?

“Keresete o ne a swela maleo a rona.” Jaaka o ka tswa o itse, eno ke nngwe ya dithuto tsa motheo tsa Bokeresete. (1 Bakorintha 15:3; 1 Petere 3:18) Go tlhaloganya lebaka la go bo thuto ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe e sa dumalane le mafoko a a fa godimo, re tshwanetse go tlhaloganya pele lebaka la go bo Baebele e re re baleofi le se boleo bo re dirang sone.

Rotlhe re baleofi ka kgopolo ya gore ga re kgone go etsa ka botlalo dinonofo tse di molemo tsa Modimo, tse di jaaka lorato le tshiamiso. Ke ka moo Baebele e reng: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Baebele e ruta gore boleo ke jone bo bakang loso. Lekwalo la 1 Bakorintha 15:56 la re: “Lobolela lo lo bakang loso ke boleo.” Boleo jo re bo ruileng ke jone lebaka le legolo la go bo re lwala. Jesu o ne a re go lwala ga rona go amana le boemo jwa rona jwa boleo. O ne a raya monna yo o suleng ditokololo a re, “maleo a gago a itshwaretswe,” mme monna yono o ne a fola.—Mathaio 9:2-7.

Loso lwa ga Jesu lo re thusa jang? Baebele e tlhalosa pharologanyo e e leng teng fa gare ga ga Adame le Jesu Keresete jaana: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:22) Jesu o ne a duela boleo jo re bo ruileng mo go Adame ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. Ka jalo, botlhe ba ba dumelang mo go Jesu e bile ba mo ikobela ba tla bona se Adame a se latlhileng—tsholofelo ya go tshelela ruri.—Johane 3:16; Baroma 6:23.

Ka jalo, a o kgona go bona gore thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ga e dumalane le Bokeresete? Fa re belaela gore “mo go Adame botlhe ba swa” re ka solofela jang gore “mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa”?

Lebaka La go Bo Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Kgatlha Batho

Baebele e tlhalosa gore go tlile jang gore dithuto tse di jaaka thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe di aname jaana. Ya re: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring, mme bone ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka.” (2 Timotheo 4:3, 4) Le mororo gantsi thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe e tlhalosiwa ka tsela ya saense, totatota ke thuto ya bodumedi. E ruta tsela e re tshwanetseng go leba botshelo ka yone le kafa re tshwanetseng go ikutlwa ka gone ka Modimo. Ditumelo tsa yone tse di tsietsang di ratwa thata ke batho ba ba bogagapa le ba ba ratang go dira dilo ka tsela ya bone. Bontsi jwa batho ba ba dumelang mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ba bolela fa ba dumela le mo Modimong. Le fa go ntse jalo, ba dumela le gore Modimo ga se ene yo o bopileng dilo, gore ga a na sepe le tsela e batho ba dirang dilo ka yone le gore ga a na go ba atlhola. Eno ke tumelo e e tsikitlang batho ditsebe.

Gantsi batho ba ba rutang thuto eno, ba tlhotlhelediwa ke “dikeletso tsa bone” e seng ke mabaka—gongwe ba batla go amogelwa ke batho ba ba dumelang dithuto tsa saense e bile ba rata thuto eno thata. Porofesa yo o ithutileng saense ya ditshedi, Michael Behe, yo o feditseng nako e ntsi ya botshelo jwa gagwe a ithuta tsela e e raraaneng e disele di dirang ka yone, o ne a tlhalosa gore batho ba ba rutang thuto ya gore sele e nnile gone ka go itlhagela fela, ga ba na mabaka a go tshegetsa thuto ya bone. A molekhule oo o monnye o ne o ka kgona go itlhagela fela? O ne a kwala jaana: “Thuto ya go itlhagela fela ga dimolekhule ga se thuto ya saense. Ga go kgatiso epe mo dibukeng tsa saense—makwalodikgang a a tumileng, a a kgethegileng kgotsa dibuka—tse di tlhalosang kafa thuto ya go itlhagela ga dimolekhule le fa e ka nna dife fela tsa mmatota, tse di raraaneng kana tse di amanang le ditshedi e simolotseng ka gone. . . . Thuto ya ga Darwin ya gore dimolekhule di itlhagetse ke puo ya boikgogomoso fela.”

Fa batho ba ba dumelang kgopolo eno ba se na bosupi jwa go tshegetsa thuto ya bone, ke ka ntlha yang fa ba e buelela jaana? Behe o a tlhalosa: “Batho ba le bantsi, go akaretsa le baitsesaense ba le bantsi ba ba botlhokwa le ba ba tlotlegang thata, ga ba batle go itse sepe ka kgang ya gore go ka tswa go na le maatla mangwe a a fetang a motho a a bopileng dilo.”

Thuto eno ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe e ratwa thata ke baruti ba ba batlang go tsewa ba le botlhale. Ba tshwana le batho ba ba tlhalositsweng mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a lo kwalela Bakeresete ba kwa Roma. O ne a re: “Se se ka tswang se itsiwe ka Modimo se bonatshega mo go bone . . . Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato; ka gonne, le fa ba ne ba itse Modimo, ba ne ba se ka ba mo galaletsa jaaka Modimo le fa e le go mo leboga, mme ba ne ba nna tlhogo e lolea mo dikakanyong tsa bone mme pelo ya bone e e seng botlhale ya fifala. Le mororo ba ne ba gatelela gore ba botlhale, ba ne ba nna dieleele.” (Baroma 1:19-22) O ka tila jang go tsiediwa ke barutisi bano ba maaka?

Tumelo e e Theilweng mo Bosuping Jwa Gore Go na Le Mmopi

Baebele e gatelela botlhokwa jwa go nna le bosupi ka sengwe fa e tlhalosa tumelo. Ya re: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Tumelo ya mmatota mo Modimong e tshwanetse go thewa mo bosuping jo bo bontshang gore Mmopi ke motho wa mmatota. Baebele e bontsha kwa o ka bonang bosupi joo gone.

Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Baebele e bong Dafide o ne a kwala jaana: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.” (Pesalema 139:14) Fa re ipha nako ya go akanya ka tsela e e gakgamatsang e mmele wa rona mmogo le dilo tse dingwe tse di tshelang di dirilweng ka yone, re kgatlhiwa ke go lemoga tsela e Modiri wa rona a leng botlhale ka yone. Karolo nngwe le nngwe ya dithulaganyo di le diketekete tse di dirisanang mmogo mo mebeleng ya rona go re boloka re tshela, e dirilwe ka tsela e e manontlhotlho. Tota le lobopo lo bontsha bosupi jwa tsela e dilo di dirilweng ka thulaganyo le ka botswerere ka yone. Dafide o ne a kwala jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.”—Pesalema 19:1.

Baebele ka boyone e na le bosupi bo le bontsi jo bo bontshang gore go na le Mmopi. Fa o ka ipha nako ya go sekaseka tsela e dibuka di le 66 tsa yone di dumalanang ka yone, tsela e melao e e mo go yone ya boitsholo e leng ya maemo a a kwa godimo ka yone le kafa boporofeti jo bo mo go yone bo neng jwa diragadiwa ka gone, o tla bona bosupi jo bo tletseng jwa gore mokwadi wa yone ke ene Mmopi. Go tlhaloganya dithuto tse di mo Baebeleng le gone go tla go tlhomamisetsa gore ruri Baebele ke Lefoko la Mmopi. Ka sekai, fa o tlhaloganya dithuto tsa Baebele tse di jaaka thuto ya gore ke eng se se bakang pogo, Bogosi jwa Modimo, isagwe ya batho le tsela e o ka bonang boitumelo ka yone, o tla bona kafa Modimo a leng botlhale ka gone. O ka nna wa ikutlwa jaaka Paulo fa a ne a kwala jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!”—Baroma 11:33.

Fa o ntse o sekaseka bosupi jo bo mo Baebeleng mme tumelo ya gago e ntse e nonofa, o tla tlhomamisega gore fa o bala Baebele o a bo o reeditse Mmopi ka boene. A re: “Nna ke dirile lefatshe mme ke bopile motho yo o mo go lone. Nna—diatla tsa me di otlolotse magodimo, le masomosomo otlhe a one ke a laotse.” (Isaia 45:12) Ruri ga o kitla o ikwatlhaela go bo o ne wa tsaya matsapa a go itlhatswa pelo gore Jehofa ke ene Mmopi wa dilo tsotlhe.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bagerika ba ba rutegileng a re: “Modimo . . . o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe”

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e bontsha gore motho ke phologolo e e nnang e fetoga. Mme Baebele yone e re motho ke setlogolwana se se nnang se koafala sa motho yo o neng a itekanetse

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

“Thuto ya go itlhagela fela ga dimolekhule ga se thuto ya saense”

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Tsela e e gakgamatsang e dilo tse di tshelang di dirilweng ka yone e dira gore re rate Modiri wa rona yo o botlhale fela thata