Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Aga Lelapa la Gago ka “Mafoko a a Itumedisang”

Aga Lelapa la Gago ka “Mafoko a a Itumedisang”

Aga Lelapa la Gago ka “Mafoko a a Itumedisang”

FA NAKO e ntse e tsamaya mme go nna thari, David o ne a ntse a betwa ke pelo. O nna a lebile tshupanako ya gagwe, fa a ntse a letile mosadi wa gagwe. Kgabagare fa mosadi wa gagwe e bong Diane a tswa mo ntlong, David o ne a palelwa ke go itshwara mme a phatloga ka bogale.

O ne a omana a re: “Ke ka ntlha yang o dira gore ke go letele lobaka lo lo kana? O nna o le thari ka dinako tsotlhe! Ke eng fa gangwe fela mo botshelong o sa tshware nako?”

Diane o ne a utlwile botlhoko thata. O ne a thubega ka selelo, mme a boela mo ntlong. Ka yone nako eo, David o ne a lemoga gore o dirile phoso. Go phatloga ga gagwe ka bogale go dirile gore maemo a nne maswe le go feta. O ne a ka dirang jaanong? O ne a tima koloi, a hemela ka godimo a bo a mo sala morago ka iketlo.

Setshwantsho seno se bontsha maemo a a diregang a ba le bantsi ba a tleng ba lebane le one, a ga go jalo? A o kile wa eletsa e kete o ka busetsa mafoko a gago morago? Fa re bua re sa akanye, gantsi re bua dilo tse morago re di ikwatlhaelang. Go a tshwanela go bo Baebele e re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.”—Diane 15:28.

Mme gone go ka nna thata go akanya sentle pele ga re bua, segolobogolo fa re galefile, re tshogile kgotsa re utlwile botlhoko. Gantsi fa re bolelela ba bangwe kafa re ikutlwang ka gone, segolobogolo ba malapa a rona go ka nna motlhofo gore re feleletse re ba tshwaya diphoso kana re ba latofatsa. Seo, se ka nna sa baka kutlobotlhoko kgotsa sa tsosa kganetsano.

Re ka dirang gore re nne le matswela a a molemo? Re ka dirang gore re se ka ra itetla go fekeediwa ke maikutlo a rona? Re ka bona kgakololo e e molemo mo mokwading wa Baebele Solomone.

Akanya Ka se O ka Se Buang le ka Tsela E o Ka se Buang ka Yone

Ga go pelaelo gore fa mokwadi wa buka ya Baebele ya Moreri e bong Solomone, a ne a kwala gore o lemogile kafa botshelo bo se nang mosola wa sepe ka gone, o ne a sa rate kgang eno. O ne a re: “Ke ne ka tlhoa botshelo.” Nako nngwe o ne a bitsa botshelo a re ke “lefela le legolo.” (Moreri 2:17; 12:8) Le fa go ntse jalo, buka ya Moreri ga e a tlala ka dilo tse di neng di betisa Solomone pelo. O ne a bona go sa tlhokege gore a bue fela ka dilo tse di bosula tse di diregang mo botshelong. Fa a konela buka eno, Solomone a re o ne a “batla go bona mafoko a a itumedisang le go kwalwa ga mafoko a a nepileng a boammaaruri.” (Moreri 12:10) Thanolo nngwe ya re o ne a “leka go tlhalosa dilo tseno ka tsela e e molemo le e e boammaaruri.”—Contemporary English Version.

Go bonala Solomone a ile a lemoga gore o ne a tshwanetse go laola maikutlo a gagwe. Tota o ne a tle a ipotse jaana: ‘A se ke batlang go se bua se boammaaruri? A batho ba tla itumelela mafoko a ke a dirisang le go a amogela?’ Ka go “batla mafoko a a itumedisang,” o ne a kgona go laola maikutlo a gagwe gore a se ka a tlhotlheletsa tsela e a akanyang ka yone.

E re ka buka eno ya Moreri e tseetswe matsapa, ga se buka e e kwadilweng ka botswerere fela mme gape ke buka e e tlhotlheleditsweng ke botlhale jwa Modimo malebana le se botshelo bo se kayang. (2 Timotheo 3:16, 17) A tsela e e amang maikutlo e Solomone a tlotlang ka kgang eno ka yone, ga e re thuse go buisana ka tsela e e botoka le batho ba re ba ratang? Akanya ka sekai seno.

Ithute go Laola Maikutlo a Gago

Ka sekai, a re re mosimane o goroga mo lapeng a tswa kwa sekolong a tshwere repoto ya gagwe mme a lebega a utlwile botlhoko. Rraagwe o lebelela lenaane la dirutwa mme o lemoga gore go na le serutwa sengwe se mosimane a sa dirang sentle mo go sone. Ka bonako fela rraagwe o a galefa, a bo a gopola makgetlo a le mantsi a mosimane yono a neng a se ka a dira tiro ya gagwe ya sekolo ka one. Rre o ikutlwa e kete a ka phatloga jaana: “O setshwakga! Fa o tswelela ka tsela eno, ga o kitla o atlega mo botshelong!”

Pele rre a letla go laolwa ke maikutlo a a bogale, o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A tota se ke se akantseng se boammaaruri?’ Potso eo e ka mo thusa gore a se ka a laolwa ke maikutlo. (Diane 17:27) A tota mosimane yono ga a kitla a atlega mo botshelong fela ka gonne a paletswe ke serutwa se le sengwe? A tota ke setshwakga kana ke fela gore o ne a se ka a dira tiro ya gagwe ya sekolo gonne a ne a sa tlhaloganye serutwa seo? Gangwe le gape Baebele e gatelela botlhokwa jwa go nna tekatekano, le jwa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. (Tito 3:2; Jakobe 3:17) Motsadi o tshwanetse go bua “mafoko a a nepileng a boammaaruri” gore a kgone go aga ngwana wa gagwe.

Senka Mafoko a a Tshwanetseng

Fa rre a setse a sweditse gore o batla go reng, a ka nna a ipotsa jaana, ‘Nka bua seno jang ka tsela e e tla itumedisang morwaake le e a tla e amogelang?’ Gone ke boammaaruri gore go bona mafoko a a tshwanetseng ga go motlhofo. Mme gone batsadi ba tshwanetse go gakologelwa gore gantsi basha ba na le go akanya gore fa ba sa dire dilo sentle, ga ba na molemo wa sepe. Fa ba paletswe gangwe fela kgotsa ba na le bokoa bongwe ba ka nna ba tsaya kgang eno masisi mo e feleletsang e laola tsela e ba itebang ka yone. Fa motsadi a galefa thata, a ka dira gore ngwana wa gagwe a dumele gore ruri o paletswe. Bakolosa 3:21 ya re: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”

Gantsi mafoko a a jaaka “ka metlha” le “ga o kitla” ke mafoko a a akaretsang kgotsa a a feteletsang boemo. Fa motsadi a re, “Ga o kitla o nna motho wa sepe,” ngwana a ka nna a ikutlwa a se na seriti. Fa ngwana a tewa jalo gangwe le gape a ka nna a simolola go iteba e se motho wa sepe. Seo ga se kgobe marapo fela mme gape ga se boammaaruri.

Ka metlha go botoka gore mo maemong le fa e ka nna afe o gatelele dintlha tse ngwana a dirileng molemo mo go tsone. Mo sekaing se se tlhalositsweng fa godimo, rre o ne a ka nna a re: “Morwaaka, ke a bona gore o utlwile botlhoko ka go bo o sa dira sentle mo serutweng seno. Mme gone ke a itse gore gantsi o dira sentle mo tirong ya gago ya sekolo. Ka jalo a re bue ka serutwa seno le go leka go bona gore re ka rarabolola jang mathata ape fela a o ka tswang o na le one ka sone.” Go bona tsela e e molemo e a ka thusang morwawe ka yone, rre a ka nna a botsa dipotso tse dingwe go bona fa go na le mathata a mangwe a a ka tswang a sa a lemoge.

Go bua jalo ka bopelonomi le ka tsela e e akanyeditsweng sentle go ka nna le matswela a a molemo go na le go phatloga fela ka bogale. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Mafoko a a itumedisang . . . a monate mo moyeng e bile ke phodiso ya marapo.” (Diane 16:24) Ruri—bana le maloko otlhe a lelapa—ba gola sentle mo tikologong e e renang kagiso le lorato.

“Se se Tletseng mo Pelong”

Akanya ka monna yo o tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Ruri go ka bo go nnile molemo gore a senke “mafoko a a itumedisang” a a boammaaruri, go na le gore a galefele mosadi wa gagwe. Monna yo o mo seemong se se tshwanang le seno o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Tota le fa e le gore mosadi wa me o tlhoka go berekela mo kgannyeng ya go tshwara nako, a gone ke boammaaruri gore ka metlha o aga a le thari? A eno ke nako e e siameng ya go bua ka bokoa jono jwa gagwe? A go bua ka bogale le ka mafoko a a kgobang go tla mo tlhotlheletsa gore a batle go tokafatsa?’ Fa re ipotsa dipotso tseno, seno se ka re thusa gore re se ka ra utlwisa botlhoko batho ba re ba ratang le fa re ne re sa ikaelela.—Diane 29:11.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore gangwe le gape dipuisano tsa lelapa di felela ka kganetsano? Re ka nna ra tlhoka go leba dilo tse di bakang bothata, re ntse re ela tlhoko gore tsela e re ikutlwang ka yone ke yone e tlhotlheletsang gore re bua jang. Se re se buang, segolobogolo fa re ngomogile pelo kgotsa re na le mathata, se ka bontsha gore tota re ikutlwa jang. Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Ka mafoko a mangwe, gantsi tsela e re buang ka yone e supa dilo tse di boteng tse re di akanyang, dikeletso tsa rona le mekgwa ya rona.

A re leba botshelo ka tsela e bo leng ka yone le ka tsholofelo? Fa go le jalo, tsela e re buang ka yone le dilo tse re tlotlang ka tsone di tla bontsha seo. A re batla gore dilo di dirwe ka tsela e e rileng fela, re sa tshepe batho ba bangwe kgotsa re rata go tshwayatshwaya diphoso? Fa re le jalo, re ka nna ra kgoba ba bangwe marapo ka se re se buang kgotsa ka tsela e re se buang ka yone. Re ka tswa re sa lemoge gore re setse re akanya le go bua ka tsela e e sa siamang. Re ka nna ra ba ra dumela gore tsela e re lebang dilo ka yone e siame. Mme gone, re tshwanetse ra ela tlhoko gore re se ka ra itsietsa.—Diane 14:12.

Ka lesego, re na le Lefoko la Modimo. Baebele e ka re thusa go tlhatlhoba dikakanyo tsa rona le go bona gore ke dife tse di siameng le gore ke dife tse di tlhokang go fetolwa. (Bahebera 4:12; Jakobe 1:25) Go sa kgathalesege gore re ka tswa re na le makoa a re a gotsitseng kgotsa re ka tswa re godisitswe ka tsela e e rileng, rotlhe re ka kgona go fetola tsela e re akanyang le go dira dilo ka yone fa fela re batla go dira jalo.—Baefeso 4:23, 24.

Mo godimo ga go dirisa Baebele, re ka dira sengwe go sekaseka tsela e re buisanang le batho ba bangwe ka yone. O ka nna wa botsa ba bangwe. Ka sekai, botsa molekane wa gago kana ngwana wa gago gore a go bolelele gore o buisana le ba bangwe jang. Botsa tsala e e godileng semoyeng e e go itseng sentle. Go tla go tlhoka boikokobetso go amogela se ba tla go bolelelang sone le go dira diphetogo le fa e le dife tse di tlhokegang.

Akanya Pele o Bua!

Kwa bokhutlong, fa e le gore tota re batla go tila go utlwisa batho ba bangwe botlhoko ka seo re se buang, re tshwanetse go dira se Diane 16:23 e se buang: “Batho ba ba botlhale ba akanya pele ga ba bua; mme se ba se buang se tlhotlheletsa ba bangwe thata.” (Today’s English Version) Ga se ka metlha go ka nnang motlhofo go laola maikutlo a rona. Le fa go ntse jalo, fa re batla go tlhaloganya batho ba bangwe go na le go ba latofatsa kgotsa go ba tseela kwa tlase, go tla nna motlhofo go bona mafoko a a molemo a go tlhalosa maikutlo a rona.

Ke boammaaruri gore rotlhe ga re a itekanela. (Jakobe 3:2) Ka dinako tse dingwe, re bua re sa akanye. (Diane 12:18) Mme Lefoko la Modimo le ka re thusa gore re ithute go akanya pele re bua le go baya maikutlo a ba bangwe le dilo tse ba di batlang pele ga tse rona re di batlang. (Bafilipi 2:4) A re ikemisetseng go batla “mafoko a a itumedisang” a a boammaaruri, segolobogolo fa re bua le ba malapa a rona. Fa re dira jalo, puo ya rona ga e na go nna e e utlwisang botlhoko le e e kgobang, mme e tla fodisa le go aga ba re ba ratang.—Baroma 14:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

O ka tila jang go bua sengwe se morago o tla se ikwatlhaelang?