Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

SETLHOGO se segolo se Jesu a neng a rera ka sone e ne e le sefe? Jesu o ne a re ke Bogosi jwa Modimo. (Luke 4:43) Ga go pelaelo gore fa batho ba ne ba mo reeditse, ba ne ba utlwa a umaka Bogosi joo gantsi. A ba ne ba gakgamala? A ba ne ba mmotsa gore Bogosi joo ke eng? Nnyaa. Diefangele ga di umake seo. Ka jalo a batho bano ba ne ba tlwaetse go utlwa ka Bogosi jwa Modimo?

Dikwalo tsa bogologolo tse Bajuda ba neng ba di tsaya di le boitshepo di ne di tlhalosa Bogosi joo, di bo tlhalosa ka tsela ya mmatota le e e tlhomameng gore ke eng le gore bo tla fitlhelela eng. Gompieno, re ka ithuta ka botlalo ka Bogosi joo fela jaaka Bajuda—re dirisa Baebele. A re sekasekeng dintlha di le supa tse Baebele e re rutang tsone ka Bogosi. Bajuda ba motlha wa ga Jesu le ba pele ga motlha oo ba ne ba setse ba itse dintlha di le tharo tsa ntlha. Tse dingwe tse tharo tsone di ne tsa senolwa ke Keresete kgotsa ke baaposetoloi ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mme ya bofelo e ile ya senoga sentle mo motlheng wa rona.

1. Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota, e e tla nnelang ruri. Boporofeti jwa ntlha mo Baebeleng bo ne jwa senola gore Modimo o ne a tla romelela batho ba ba ikanyegang mogolodi. Mogolodi yoo yo o neng a bidiwa “losika,” o ne a tla dirolola mathata otlhe a a neng a bakilwe ke botsuolodi jwa ga Adame, Efa le Satane. (Genesise 3:15) Moragonyana, Kgosi Dafide yo o ikanyegang o ne a bolelelwa sengwe se se itumedisang ka “losika” lono, kgotsa Mesia. Mesia yono o ne a tla busa mo Bogosing. Puso eno e ne e tla farologana le dipuso tse dingwe. E ne e tla nnela ruri.—2 Samuele 7:12-14.

2. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho. Moporofeti Daniele o ne a bontshiwa ponatshegelo e mo go yone dipuso tse di maatla tsa lefatshe di neng di latelana go ralala hisitori go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Ela tlhoko tsela e e kgatlhang e ponatshegelo eno e konelang ka yone: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tsa bofelo tsa batho] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Ka jalo, magosi otlhe kgotsa dipuso tsa lefatshe leno mmogo le dintwa, kgatelelo le ditiro tsa go tlhoka molao di tla senyediwa ruri. Fela jaaka boporofeti jwa ga Daniele bo bontsha, go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla busa mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44, 45) Bogosi joo e tla nna jwa mmatota mme gape go tla busa jone fela mo lefatsheng. *

3. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa dintwa, malwetse, tlala, tota le loso. Boporofeti jwa Baebele jo bo kgatlhang bo senola se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang mo lefatsheng. Puso eo e tla dira dilo tse dipuso tsa batho di paletsweng ke go di dira mo nakong e e fetileng kgotsa tse di se kitlang di kgona go di dira le mo nakong e e tlang. Akanya fela—dibetsa tsotlhe tsa ntwa di senyeditswe ruri! “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:9) Go tla bo go sa tlhole go na le dingaka, maokelo le malwetse a mofuta ope fela. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Ga go kitla go tlhola go nna le leuba, tlhaelo ya dijo, phepelotlase le tlala. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng.” (Pesalema 72:16) Ga go kitla go tlhola go nna le diphitlho, ditebelelo, mabitla, dimmotšhara le kutlobotlhoko e e bakiwang ke dilo tseno. Kgabagare, mmaba wa rona yo mogolo, e leng loso, o tla fedisiwa. “Ruri [Modimo] o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

4. Bogosi jwa Modimo bo na le Mmusi yo o tlhophilweng ke Modimo. Mesia ga a itlhoma e bile ga a tlhophiwa ke batho ba ba sa itekanelang. O tlhophilwe ke Jehofa Modimo ka boene. Direto tse a bidiwang ka tsone e leng Mesia le Keresete di bontsha gore o ne a tlhomiwa ke Modimo. Mafoko ano ka bobedi a kaya “Motlodiwa.” Ka jalo, Kgosi eno e tloditswe kgotsa e beilwe mo maemong ao ke Jehofa. Modimo a re ka ene: “Bona! Motlhanka wa me, yo ke mo ngangatletseng! Yo o tlhophilweng wa me, yo moya wa me o mo amogetseng! Ke tsentse moya wa me mo go ene. O tla tlisa tshiamiso mo ditšhabeng.” (Isaia 42:1; Mathaio 12:17, 18) Mmopi wa rona o itse botoka go gaisa motho ope fela gore re tlhoka Mmusi yo o ntseng jang.

5. Mmusi wa Bogosi jwa Modimo o bontshitse gore o botlhokwa go le kana kang mo bathong botlhe. Jesu wa kwa Nasaretha o itshupile gore e ne e le ene Mesia yo o boleletsweng pele. O ne a tsalelwa mo losikeng lo Modimo a neng a lo tlhophile. (Genesise 22:18; 1 Ditiragalo 17:11; Mathaio 1:1) Fa a le mo lefatsheng, o ne a diragatsa boporofeti jo bontsi jo bo ka ga Mesia jo bo neng bo kwadilwe dingwaga di le makgolokgolo pelenyana ga foo. Gape o ne a itsiwe le kwa legodimong gore ke Mesia. Ka tsela efe? Modimo o ne a bua a le kwa legodimong, a re Jesu ke Morwawe; baengele ba ne ba re Jesu ke ene Mesia yo o solofeditsweng; mme o ne a dira dikgakgamatso—gantsi a di dira fa pele ga batho ba le makgolokgolo kgotsa ba le diketekete—ka maatla a Modimo. * Jesu o ne a bontsha gangwe le gape gore o ne a tla nna Mmusi yo o ntseng jang. O ne a se na fela maatla a go thusa batho mme gape o ne a eletsa go dira jalo. (Mathaio 8:1-3) O ne a se bogagapa, a le pelotlhomogi, a le pelokgale e bile a le boikokobetso. Pego ya botshelo jwa gagwe mo lefatsheng e mo Baebeleng gore batho botlhe ba e bale.

6. Bogosi jwa Modimo bo na le babusimmogo le Keresete ba le 144 000. Jesu o ne a bolela gore bangwe, go akaretsa le baaposetoloi ba gagwe, ba ne ba tla busa le ene kwa legodimong. O ne a re setlhopha seno ke “letsomanyane.” (Luke 12:32) Moragonyana, moaposetoloi Johane o ne a bolelelwa gore palo yotlhe ya letsomanyane leno e ne e tla nna 144 000. Ba ne ba tla nna le tiro e e itumedisang kwa legodimong, ya go busa e le dikgosi le baperesiti mmogo le Keresete.—Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3.

7. Bogosi jwa Modimo jo bo busang kwa legodimong gone jaanong, bo setse bo siametse go busa lefatshe lotlhe. Ntlha eno ya bosupa ke nngwe ya tse di kgatlhang thata e re ka ithutang yone. Baebele e na le bosupi jo bontsi jwa gore Jesu o neilwe taolo e le Kgosi kwa legodimong. Gone jaanong mo motlheng wa rona o busa kwa legodimong, mme go ise go ye kae o tla atolosetsa puso ya gagwe mo lefatsheng lotlhe le go diragatsa ka botlalo boporofeti jo bo kgatlhang jo re setseng re tlotlile ka jone. Mme gone re ka tlhomamisega jang gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo busa? Mme bo tla simolola leng go busa mo lefatsheng lotlhe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Boporofeti jo bo tshwanang le jono bo bontsha gore Bogosi jwa Modimo ga se sengwe se se mo dipelong tsa rona, jaaka batho ba le bantsi ba ile ba rutiwa. Bona setlhogo se se reng, “Babadi ba a Botsa” mo tsebeng ya 13.