Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Babadi ba Makasine Ono

Go Babadi ba Makasine Ono

Go Babadi ba Makasine Ono

RE ITUMELELA go lo itsise gore go simolola ka kgatiso eno, go tla nna le diphetogo dingwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Pele ga re tlhalosa gore ke eng se se tla fetogang, mma re umake gore ke eng se se se kitlang se fetoga.

Leina la makasine ono, Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa Modimo ga le a fetoga. Ka gone, Tora ya Tebelo e tla tswelela go tlotla Jehofa e le Modimo wa boammaaruri le go gomotsa babadi ba yone ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. Ditlhogo tse di mo go tsebe 5 go ya go 9 mo makasineng ono, di tlhalosa gore Bogosi joo ke eng le gore bo tla tla leng. Mo godimo ga moo, Tora ya Tebelo e tla tswelela go rotloetsa babadi ba yone go dumela mo go Jesu Keresete, go buelela boammaaruri jwa Baebele le go tlhalosa bokao jwa ditiragalo tsa lefatshe fa di ntse di diragatsa boporofeti jwa Baebele, fela jaaka e ntse e dira ka makgolokgolo a dingwaga.

Mme gone, pharologano e tla nna eng? A re tlhaloseng dingwe tsa ditlhogo tse disha tse di kgatlhang tse di tla nnang teng mo kgatisong ya ntlha ya kgwedi nngwe le nngwe. *

Mo makasineng wa kgwedi nngwe le nngwe go tla nna le ditlhogo di le mmalwa tse di dirang gore motho a akanye. Setlhogo se se reng “A o Ne o Itse?” se tla tlotla ka dintlha dingwe tse di kgatlhang tse di tlhalosang bokao jwa dipego tse di rileng mo Baebeleng. Setlhogo se se reng ‘Atamalana le Modimo’ se tla gatelela se re ka ithutang sone ka Jehofa go tswa mo ditemaneng dingwe tsa Baebele. Setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa” se tla araba dipotso tse di bodiwang thata tsa Baebele. Ka sekai, batho ba le bantsi ba ipotsa gore, “A Bogosi jwa Modimo bo mo pelong ya gago?” O tla bona karabo ya potso eno mo tsebeng ya 13.

Ditlhogo di le mmalwa tse di tla tlhagang ka metlha di diretswe go thusa malapa. Setlhogo se se reng “Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng,” se se tla tlhagang makgetlho a le manè ka ngwaga, se tla tlhalosa mathata a mmatota a a leng teng mo lelapeng le go bontsha kafa melaometheo ya Baebele e ka thusang ka teng go rarabolola mathata ao. Setlhogo se se reng “Ruta Bana ba Gago” se batsadi ba tshwanetseng go se bala le bana ba bone, ga se kitla se tlhaga kgwedi le kgwedi. Mme mo kgweding e se sa tlhageng ka yone go tla tlhaga setlhogo se se reng “Tsa Basha” se se nang le porojeke ya go ithuta Baebele e basha ba ka itirelang yone.

Go tla nna le ditlhogo dingwe di le mmalwa tse di tla tlhagang ganè ka ngwaga. Setlhogo se reng “Etsa Tumelo ya Bone” se tla re kgothaletsa go latela sekao sa mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ka sekai, mo tsebeng ya 18 go ya go 21 ya makasine ono, o tla bala ka pego e e kgothatsang ya moporofeti Elija le go ithuta kafa re ka etsang tumelo ya gagwe ka teng. Setlhogo se se reng “Lekwalo le le Tswang Kwa . . . ” se tla tlotla ka pego e e kwadilweng ke mongwe wa barongwa le batho ba bangwe go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Setlhogo se se reng “Se re Ithutang Sone mo go Jesu” se tla tlhalosa dithuto tsa motheo tsa Baebele ka tsela e e motlhofo.

Re tlhomamisegile gore Tora ya Tebelo e tla tswelela e ratwa ke babadi ba ba tlotlang Baebele le ba ba batlang go itse gore totatota buka eno e ruta eng. Re solofela gore makasine ono o tla go thusa go bona boammaaruri jwa Baebele.

BAGATISI

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Jaanong go tla nna le dikgatiso di le pedi tsa Tora ya Tebelo. Makasine wa ntlha wa kgwedi e tla bo e le wa batho botlhe. Mme makasine wa di15 one e tla nna o o ithutiwang ke Basupi ba ga Jehofa kwa dipokanong tsa bone tsa phuthego, tse batho botlhe ba lalediwang kwa go tsone.