A o Ne o Itse?
A o Ne o Itse?
Madi a tshipi a le mabedi a a neng a ntshiwa ke motlholagadi e ne e le tlhwatlhwa e e kana kang?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., lekgetho la ngwaga le ngwaga la tempele le le neng le duelwa ke Bajuda e ne e le “diderakema tse pedi,” tse di ka lekanang le tuelo ya malatsi a le mabedi. (Mathaio 17:24) Go farologana le seo, Jesu ene o ne a re dithaga tse pedi di rekisiwa “ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase,” e e lekanang le tuelo ya metsotso e le 45. Tota e bile, dithaga di le tlhano di ne di ka rekwa ka madi a tshipi a le mabedi kgotsa ka madi a a ka lekanang le tuelo ya metsotso e le 90.—Mathaio 10:29; Luke 12:6.
Moneelo wa tempele o o neng wa ntshiwa ke motlholagadi wa motlhoki yo Jesu a mmoneng o ne o le kwa tlase thata ga tlhwatlhwa ya dithaga di le tlhano. Madi ano a tshipi a le mabedi kgotsa di-lepta tse pedi e ne e le ledi la kopore le lennye thata le le neng le dirisiwa kwa Iseraele ka nako eo. A ne a lekana le 1⁄64 ya tuelo ya letsatsi kgotsa tuelo ya metsotso e e kafa tlase ga 12 fa motho a berekile diura di le 12 ka letsatsi.
Jesu Keresete o ne a anaanela mpho ya motlholagadi yoo mme o ne a re e kgolo go feta ya botlhe ba ba neng ba ntshitse “mo go se se setseng sa bone.” Ka ntlha yang? Pego eno e umaka gore o ne a na le “madinyana a tshipi a mabedi,” mme o ne a ka ntsha moneelo ka ledi la tshipi le le lengwe fela a bo a ipolokela le lengwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ntsha “gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo a tshelang ka gone.”—Mareko 12:41-44; Luke 21:2-4.
Saulo o ne a itsege leng gore ke Paulo?
Moaposetoloi Paulo o ne a tsholwa e le Mohebera mme e le moagi wa Roma. (Ditiro 22:27, 28; Bafilipi 3:5) Ka jalo go ka direga gore o ne a na le leina la Sehebera e bong Saulo le la Seroma e bong Paulo go tloga a sa le monnye. Bangwe ba losika lwa ga Paulo le bone ba ne ba na le maina a Seroma le a Segerika. (Baroma 16:7, 21) Mo godimo ga moo, go ne go tlwaelegile gore Bajuda ba motlha oo, segolobogolo ba ba sa nneng mo Iseraele, ba nne le maina a mabedi.—Ditiro 12:12; 13:1.
Fa moaposetoloi yono a sena go nna Mokeresete ka dingwaga di feta lesome, go bonala a ne a itsege thata ka leina la gagwe la Sehebera e bong Saulo. (Ditiro 13:1, 2) Le fa go ntse jalo, mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, mo e ka nnang ka 47/48 C.E., a ka tswa a ne a batla go dirisa leina la gagwe la Seroma, Paulo. O ne a laetswe go bolelela batho ba e seng Bajuda dikgang tse di molemo, mme a ka ne a ile a akanya gore leina la gagwe la Seroma le ne le tla amogelwa botoka. (Ditiro 9:15; 13:9; Bagalatia 2:7, 8) Gape a ka ne a ile a dirisa leina Paulo ka gonne tsela e leina la gagwe la Sehebera Saulo le bidiwang ka yone ka Segerika e tshwana thata le e lefoko lengwe la Segerika le le nang le bokao jo bo sa siamang le bidiwang ka yone. Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe la gore Paulo a fetole leina, o ne a bontsha gore o ne a iketleeleditse go ‘nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone a boloke bangwe.’—1 Bakorintha 9:22.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Ledi la lepton, go bontshitswe bogolo jwa lone jwa mmatota