Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho Ba Ba Neng Ba Tlhaselwa ba a Sirelediwa

Batho Ba Ba Neng Ba Tlhaselwa ba a Sirelediwa

Batho Ba Ba Neng Ba Tlhaselwa ba a Sirelediwa

KA May 3, 2007, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho, kwa Strasbourg, France, e ne ya bolela tshwetso e baatlhodi botlhe ba neng ba dumalane ka yone ya go sireletsa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Repaboliking ya Georgia. Kgotlatshekelo e ne ya fitlhela gore Basupi ba koo ba ile ba tshwarwa makgwakgwa le gore tshwanelo ya bone ya go obamela ka kgololesego e ne e sa tlotlwa. Gape Kgotlatshekelo e ne ya kgalemela puso ya pele ya Georgia ka go bo e ne ya se ka ya tseela batho ba ba neng ba dira ditiro tseno dikgato tsa semolao. Ke eng se se neng sa dira gore go dirwe tshwetso eno?

Ka October 17, 1999, maloko a ka nna 120 a Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya Gldani e e mo motsemogolong wa Tbilisi, a ne a kopane mmogo ka kagiso go tla go obamela Modimo. Ka tshoganetso fela, segopa se segolo sa batho se se neng se eteletswe pele ke Vasili Mkalavishvili, yo o neng a tlogedisitswe boruti jwa Orthodox, se ne sa tsena mo lefelong la go kopanela. Segopa se se neng se tshotse melamu le difapaano tsa tshipi, se ne sa tlhasela batho ba le bantsi ba ba neng ba le gone ka tsela e e setlhogo, sa ba gobatsa, mme bangwe ba bone ba ne ba gobetse fela thata. Ka ntlha ya seno mosadi mongwe o ne a bona kgobalo e e sa foleng mo leitlhong. Batho ba ka nna 16 ba ne ba tlhoka go alafiwa. Fa Basupi bangwe ba ne ba ya go kopa thuso kwa seteisheneng sa mapodise, ba ne ba kopana le mookamedi wa mapodise, yo o neng a re ene a ka bo a ba gobaditse le go feta! Leloko lengwe la segopa seo le ne la tsaya ditshwantsho ka bidio mme moragonyana bidio eo e e neng e bontsha sentle gore batlhasedi bano e ne e le bomang e ne ya bontshiwa mo diteisheneng tsa thelebishene mo nageng yotlhe. *

Basupi ba ba neng ba tlhaselwa ba ne ba tlhatlhela kgetsi ka tiragalo eno, mme batlhasedi bao ga ba a ka ba tseelwa dikgato dipe. Lepodise lengwe le le neng le abetswe go batlisisa kgetsi eo le ne la re lone ke leloko la kereke ya Orthodox mme le ne le tla tsaya letlhakore mo kgetsing eo. Go palelwa ga mapodise le badiredibagolo ba puso go tsaya kgato ya semolao go ne ga tlhotlheletsa batho bangwe ba ba ratang bodumedi thata go nna le seabe mo ditlhaselong di feta lekgolo tse di tshwanang le eo.

Ka jalo ka June 29, 2001, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsenya kopo kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. * Kgotlatshekelo e ne ya itsise tshwetso ya yone ya bofelo ka May 3, 2007, mme e ne ya tlhalosa ka botlalo kafa Basupi ba neng ba tlhaselwa ka gone le go kgala balaodi ba puso ya Georgia ka ntlha ya go palelwa ga bone. Kgotlatshekelo e ne ya re: “Balaodi . . . ba ne ba na le boikarabelo jwa go tsaya kgato ka bonako go tlhomamisa tshedimosetso” e e malebana le tlhaselo eo. Kgotlatshekelo e ne ya bolela jaana fa e itsise tshwetso ya yone: “Go sa dire sepe ga balaodi ka ditiro tseo, go dira gore batho ba se ka ba tshepa molao wa gore dilo di tshwanetse go dirwa ka tshiamo le gore Puso e nne e diragatse molao.”

Kgotlatshekelo e ne ya konela jaana: “E re ka go tlhaselwa ga Basupi ka 17 October 1999 e ne ya nna tshimologo ya ditiro di le dintsi tse di setlhogo tse di dirwang kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa, go palelwa ga balaodi go batlisisa kgetsi eo le go atlhola batlhasedi bao go ne ga dira gore setlhopha seno sa batlhasedi se tswelele pele se tlhasela Basupi mo nageng yotlhe ya Georgia.”

Ka jalo, ditshwanelo tsa batho ba ba neng ba tlhaselwa ka tsela e e setlhogo di ne tsa sirelediwa, mme puso ya Georgia e ne ya laelwa gore e duelele ditshenyegelo tsa maloko a Phuthego ya Gldani le go duela mmueledi wa bone. Le fa Basupi ba ga Jehofa kwa Georgia ba itumeletse gore ditlhaselo le bosetlhogo di fokotsegile thata, ba itumelela gore tshwetso ya Kgotlatshekelo e tshegetsa tshwanelo ya bone ya go kopana ka kagiso go tla go obamela Modimo. Ka ntlha ya seno, ba leboga fela thata Rraabone yo o kwa legodimong, e bong Jehofa Modimo, yo o neng a ba kaela le go ba sireletsa.—Pesalema 23:4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona Tsogang! ya January 22, 2002, tsebe 18-24 (ka Seesemane), e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 5 Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho ke lekgotla la Khansele ya Yuropa mme e sekaseka boikuelo jo batho ba bo dirang kgatlhanong le ditshwetso tse di dirilweng ke Kopano ya Yuropa e e Sireletsang Ditshwanelo Tsa Batho le Kgololesego ya Konokono. Ka May 20, 1999, Georgia e ne ya amogela tshwetso e e dirilweng ke lekgotla leno mme ya ikana gore e tla dira tumalanong le melao ya lone.