Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ene yo o Kgonang go Busetsa Botshelo

Ene yo o Kgonang go Busetsa Botshelo

Atamalana le Modimo

Ene yo o Kgonang go Busetsa Botshelo

Luke 7:11-15

A O SWETSWE ke mongwe yo o mo ratang? Fa go le jalo, o ne wa lebana le nngwe ya ditiragalo tse di botlhoko go gaisa mo botshelong. Mmopi wa rona o tlhaloganya tsela e o utlwileng botlhoko ka yone. Mme ga se fela gore o a tlhaloganya, a ka kgona le go dirolola ditlamorago tse di bakiwang ke loso. Mo Baebeleng go na le dipego tsa nako e e fetileng tsa batho ba a neng a ba tsosa mo baswing go bontsha gore ga se fela Monei wa botshelo e bile o kgona gape le go busetsa botshelo. Mma re sekasekeng tsogo nngwe ya baswi e a neng a naya Morwawe Jesu Keresete maatla a gore a e dire. Pego ya kgakgamatso eno e mo go Luke 7:11-15.

Ngwaga e ne e le wa 31 C.E. mme Jesu o ne a tsere loeto go ya kwa motseng wa Naina o o kwa Galalea. (Temana ya 11) E ne e ka nna ka lotlatlana fa a goroga kwa ntle ga motse oo. Baebele e bega jaana: “Ya re a fitlha gautshwane le kgoro ya motse, ee, bona! ga bo go na le monna yo o suleng a kukelwa kwa ntle, morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga mmaagwe. Mo godimo ga moo, mmaagwe o ne a le motlholagadi. Boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo motseng bo ne le jone bo na le ene.” (Temana ya 12) A o kgona go akanya tsela e mosadi yoo wa motlholagadi a neng a hutsafetse ka yone? Fa morwawe a le esi a swa, o ne a latlhegelwa lekgetlo la bobedi ke mongwe yo o neng a mo tlamela e bile a mo sireletsa.

Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo mosading yono yo o utlwileng botlhoko yo gongwe a neng a tsamaya gaufi le setsholo se se neng se rwele mmele wa morwawe yo o suleng. Pego eno ya re: “E rile Morena a tshogana ka a mmona, a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo, mme a mo raya a re: ‘Tlogela go lela.’” (Temana ya 13) Jesu o ne a amilwe pelo thata ke maemo a a utlwisang botlhoko a motlholagadi yoo. Gongwe o ne a akantse ka mmaagwe yo go lebegang e ne e le motlholagadi ka nako eo mme go ise go ye kae a ne a tlile go utlwisiwa botlhoko ke loso lwa ga Jesu.

Jesu o ne a atamela—mme a se ka a tsena mo mokolokong. O ne “a ama setsholo” ka tsela e e bontshang gore o na le taolo mme a emisa boidiidi. Mme o ne a bua ka lentswe la mongwe yo o neilweng thata ya go tlosa loso a re: “‘Lekau, ke a go raya ka re, Tsoga!’ Monna yo o suleng a rapamologa a bo a simolola go bua, mme a mo naya mmaagwe.” (Temana ya 14, 15) Lekawana leo le ne le sa tlhole le na le mmaalone fa le swa. Ka jalo fa Jesu “a mo naya mmaagwe,” ba ne ba boela ba nna lelapa gape. Ga go pelaelo gore khutsafalo e e neng e aparetse mosadi yono wa motlholagadi, kwa morago e ne ya nna dikeledi tsa boitumelo.

A le wena pelo ya gago e tlhologeletswe go nna le boitumelo joo—go boela o kopana gape le batho ba ba suleng ba o ba ratang? Tlhomamisega gore Modimo o amega ka wena. Tsela e Jesu a neng a utlwela mosadi wa motlholagadi botlhoko ka yone e bontsha kafa Modimo a leng kutlwelobotlhoko ka gone, gonne Jesu o ne a etsa botho jwa ga Rraagwe ka botlalo. (Johane 14:9) Baebele e re ruta gore Modimo o tlhologeletswe go tsosa batho ba ba suleng ba a ba bolokileng mo mogopolong wa gagwe. (Jobe 14:14, 15) Lefoko la gagwe Baebele, le re naya tsholofelo e e molemolemo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise le go bona batho ba ba tlhokafetseng ba re ba ratang ba tsosiwa. (Luke 23:43; Johane 5:28, 29) Go reng o sa ithute ka mo go oketsegileng ka Modimo yono yo o kgonang go busetsa botshelo le gore o ka dirang gore o nne le tsholofelo ya go bona baratiwa ba gago gape?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Monna yo o suleng a rapamologa a bo a simolola go bua, mme a mo naya mmaagwe”