Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga ke Ise ke Tsamaye ke Ratwe Jaana”

“Ga ke Ise ke Tsamaye ke Ratwe Jaana”

Lekwalo le le Tswang Kwa Dominican Republic

“Ga ke Ise ke Tsamaye ke Ratwe Jaana”

BEKE eno Niurka o ne a neela puo e e theilweng mo Baebeleng lekgetlo la ntlha kwa dipokanong tsa rona. Fa a baakanyetsa puo eo, o ne a kwala ka Mokwalo wa Difofu se a tla se buang a bo a e tshwara ka tlhogo. Ke ne ke na le ene kwa seraleng, ke dira seabe sa motho yo o batlang go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Ke ne ke buela mo maekerofounong mme o ne a utlwa lentswe la me ka di-headphone. Fa re fetsa, bareetsi ba ba neng ba kgatlhilwe thata ke puo eno ba ne ba opela diatla kwa godimo mo Niurka le ene a neng a ba utlwa. Tsela e a neng a nyenya ka yone e ne e supa gore o itumetse thata e bile o kgotsofetse. Le nna ke ne ke itumetse tota. E le ruri go nna mo tirelong ya borongwa go tlisa matswela a a molemo!

Ke sa ntse ke gakologelwa lekgetlo la ntlha fa ke kopana le Niurka. E ne e le dingwaga di le pedi tse di fetileng. La ntlha fa ke mmona ke ne ke sa tswa go tsamaya halofo ya ura ka koloi mo ditseleng tsa metseselegae tse di tletseng dithole. O ne a ntse mo mathuding a ntlo ya maemo a a kwa tlase—e e agilweng ka logong le ditena tse di dirilweng ka magala mme e ruletswe ka disenke tse di rusitseng. Go ne go na le modumo le monko wa dipodi, mebutla mmogo le dintša. Niurka o ne a ntse foo a kobile tlhogo, go bonala sentle gore o jewa ke bodutu e bile o tshwenyegile thata mo maikutlong. O ne a na le dingwaga di le 34 mme a lebega a feta dingwaga tsa gagwe.

Ke ne ka mo kgoma mo legetleng a bo a nkgadima ka matlho a a neng a na le dingwaga di le 11 a foufetse. Ke ne ka buela mo tsebeng ya gagwe ke goa, mme ka ikitsise mmogo le motho yo ke neng ke tsamaya le ene. Moragonyana re ne ra lemoga gore Niurka o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo bidiwang Marfan syndrome, e leng bolwetse jwa dijini jo bo neng jwa mmogisa thata. Gape o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi jwa sukiri jo bo neng bo tlhoka gore gangwe le gape selekanyo sa sukiri mo mading a gagwe se nne se tlholwe ka kelotlhoko.

Fa ke baya Baebele mo diatleng tsa gagwe o ne a re o a e itse e bile fa a ne a sa ntse a bona o ne a itumelela go e bala. Mme gone, motho yono yo o neng a jewa ke bodutu, a le bonolo e bile a le bokoa ke ne ke tla mo ruta jang boammaaruri jo bo lapolosang jwa Lefoko la Modimo? E re ka a ne a itse ditlhaka, ke ne ka simolola ka go mo naya ditlhaka tse di dirilweng ka polasetiki. Go ise go ye kae o ne a setse a di itse. Morago ga moo, ka go tshwara diatla tsa me fa ke ntse ke bua le ene, o ne a ithuta go amanya tlhaka nngwe le nngwe le tlhaka e e tsamaisanang le yone mo Puong ya Diatla ya Amerika. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a ithuta matshwao a mangwe. E re ka le nna e ne e le gone ke ithutang puo ya diatla, ke ne ke tshwanelwa ke go fetsa diura di le dintsi ke baakanyetsa thuto ya rona. Le fa go ntse jalo, e re ka nna le Niurka re ne re ikemiseditse tota, go ise go ye kae re ne ra kgona go dirisa puo ya diatla.

Niurka o ne a kgona go gatela pele fa mokgatlho mongwe o o abang dimpho o sena go mo naya didirisiwa tse di mo thusang go utlwa. Le fa gone e ne e se tsa maemo, di ne tsa thusa fela thata. E re ka a ne a tshetse dingwaga di feta lesome a sa bone e bile a sa utlwe sentle, o ne a setse a itlhaotse mo bathong. Mme moya wa ga Jehofa o ne wa tsosolosa mogopolo wa gagwe le pelo ya gagwe mme wa di tlatsa ka kitso, tsholofelo le lorato. Go ise go ye kae, Niurka o ne a dirisa thobane fa a ntse a etela baagelani ba gagwe go ba bolelela ka boammaaruri jwa Baebele.

Niurka o ithuta Baebele le mmangwaneagwe mmogo le bontsalae ba babedi. O baakanyetsa sentle a bo a tshwara ka tlhogo thuto nngwe le nngwe e ba tlileng go e ithuta. Batho ba a ithutang le bone ba bala serapa, mme Niurka a bo a botsa potso mo bukeng ya gagwe ya Mokwalo wa Difofu. Motho yo o tsamayang le ene o mmolelela dikarabo tsa diithuti ka go buela kwa godimo mo tsebeng ya gagwe kana go dirisa puo ya diatla a ntse a mo letla go mo tshwara diatla gore a utlwe matshwao a a a dirang.

Maloko otlhe mo phuthegong a thusa Niurka e bile a a mo kgothatsa. Bakaulengwe ba le mmalwa ba Bakeresete ba mo thusa go ya dipokanong le dikopanong. Ba bangwe ba tsamaya le ene mo bodireding. Bosheng jaana Niurka o ne a nthaya a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke ratwe jaana.” O ikaeletse go kolobediwa mo kopanong e e latelang ya kgaolo.

Fa re tsamaya mo tseleng e e yang kwa Niurka a nnang teng, re mmona a le mo mathuding mo letsatsing a sa koba tlhogo mme a nyenya. Ke mmotsa gore go reng a nyenya. O nkaraba ka gore: “Ke ne ke ntse ke akanya ka isagwe, fa lefatshe lotlhe e tla bo e le paradaise. Mme ke ne ke setse ke ipona ke le koo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Niurka a na le maloko mangwe a phuthego ya rona fa pele ga Holo ya Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Niurka o bolelela ba bangwe se a ithutileng sone