Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Mongwe wa Bana ba Modimo

Go Nna Mongwe wa Bana ba Modimo

Go Nna Mongwe wa Bana ba Modimo

DINGWAGA di ka nna 30 morago ga Ntwa ya kwa Korea, Tsamaiso ya Kgaso ya kwa Korea e ne ya simolola thulaganyo ya go thusa batho go batla ba malapa a bone bao ba neng ba kgaogane le bone fa e sa le ka ntwa eo. Matswela e nnile afe? Batho ba feta 11 000 ba ne ba kopanngwa gape le baratiwa ba bone—ba ne ba tsholola dikeledi tsa boitumelo, ba lela, ba tlamparelana le go bontsha boitumelo ka ditsela tse dingwe. Lokwalodikgang lwa Korea Times lo ne lwa bega jaana: “Ga go ise go ke go direge mo hisitoring ya kwa Korea gore batho ba koo ba lele mmogo ka nako e le nngwe ka ntlha ya go bo ba itumetse.”

Kwa Brazil, batsadi ba ga Cézar yo mmotlana ba ne ba mo naya motho mongwe e le go duela sekoloto. Morago ga dingwaga di ka nna lesome, o ne a itumeletse thata go bona mmaagwe wa mmatota mo a neng a tlogela batsadi ba gagwe ba ba humileng ba ba neng ba mo godisitse mme a ya go nna le ene.

A bo maloko a lelapa a itumela jang ne fa a kopana gape morago ga gore a kgaoganngwe le go latlhegelana! Baebele e tlhalosa kafa batho ba neng ba kgaoganngwa ka tsela e e utlwisang botlhoko ka teng le lelapa la Modimo. Gape e re bolelela kafa gone jaanong ba itumelelang ka teng go kopana mmogo gape. Seno se diragetse jang? Mme wena o ka bona jang boitumelo joo?

Kafa Lelapa la Modimo le Neng la Kgaoganngwa ka Teng

Mopesalema o ne a bua jaana ka Mmopi, Jehofa Modimo: “O na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Jehofa ke Rre wa lelapa le legolo la dibopiwa tse di botlhale le tse di ikanyegang tse di kwa legodimong le mo lefatsheng. Karolo e e kwa legodimong ya lelapa leo e dirwa ke baengele, ba e leng bana ba gagwe ba semoya, mme karolo ya mo lefatsheng yone e dirwa ke batho, ba e tla nnang bana ba gagwe ba mo lefatsheng.

Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, fa morwa wa ntlha wa Modimo e bong Adame a ne a tsuologa, batho ba ne ba kgaoganngwa ka tsela e e botlhoko le Rraabone e bile e le Mmopi wa bone yo o lorato. (Luke 3:38) Seno ke ka ntlha ya go bo botsuolodi jwa ga Adame bo ne jwa dira gore ene mmogo le ditlogolwana tsa gagwe tse di neng di ise di tsholwe ba latlhegelwe ke tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Modimo o ne a dirisa motlhanka wa gagwe Moshe go tlhalosa ditlamorago tsa se se neng sa direga: “Bone ka bobone ba dirile bosula; ga se bana ba [Modimo], bogole ke jwa bone.” “Bogole” kgotsa bosaitekanelang, bo dirile gore batho ba kgaogane le Modimo yo o boitshepo le yo o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe. (Duteronome 32:4, 5; Isaia 6:3) Go ne go ntse jaaka e kete batho ba ne ba latlhegile, ba se na rre.—Baefeso 2:12.

Baebele e bitsa batho ba ba leng kwantle ga lelapa la Modimo “baba” go gatelela tsela e batho ba kgaoganeng le Modimo ka yone. (Baroma 5:8, 10) E re ka batho ba kgaogane le Modimo, ba ne ba bogisiwa setlhogo ke puso ya ga Satane le ditlamorago tse di bolayang tsa boleo jo ba bo ruileng mmogo le bosaitekanelang. (Baroma 5:12; 1 Johane 5:19) A batho ba ba nang le boleo ba ka nna karolo ya lelapa la Modimo? A dibopiwa tse di sa itekanelang di ka kgona go nna bana ba Modimo ka botlalo, ka tsela e Adame le Efa ba neng ba le ka yone pele ba leofa?

Go Phutha Bana ba ba Kgaogantsweng le Modimo

E re ka Jehofa a le lorato o ne a dira dithulaganyo tsa gore batho ba ba sa itekanelang ba ba mo ratang ba solegelwe molemo. (1 Bakorintha 2:9) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Modimo o ne a letlanya lefatshe le ene ka Keresete, a sa ba balele ditlolo tsa bone.” (2 Bakorintha 5:19) Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, Jehofa Modimo o ne a ntsha Jesu Keresete gore e nne thekololo ya maleo a rona. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana a anaanela seo: “Bonang gore ke lorato lwa mofuta ofe lo Rara a lo re neileng, gore re bidiwe bana ba Modimo.” (1 Johane 3:1) Ka jalo, go ne ga kgonega gore batho ba ba kutlo ba nne karolo ya lelapa la ga Jehofa gape.

Le mororo batho botlhe ba ba phuthelwang mo lelapeng la Modimo ba tla itumelela kutlwano e e itumedisang ba tlhokometswe ke Rraabone yo o kwa legodimong, ela tlhoko kafa Baebele e ba tlhalosang ka teng e le ba ba phuthiwang go nna ditlhopha tse pedi. Re bala jaana: “Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa [Modimo] jo a neng a bo ikaelela go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:9, 10) Ke ka ntlha yang fa Modimo a tsamaisa dilo ka tsela eo?

Tsela e bana ba ga Jehofa ba rulagantsweng ka yone ka ditlhopha tse pedi totatota e dira gore go nne le kutlwano mo lelapeng la gagwe. Go motlhofo go tlhaloganya lebaka la go bo a dira jalo. Lelapa la Modimo le legolo thata jaana mo le ka tshwantshiwang le setšhaba. Mo setšhabeng sengwe le sengwe, go tlhophiwa batho ba le mmalwa fela go bopa puso e le gore batho ba bangwe botlhe ba tshele ka molao le tolamo. Ke boammaaruri gore ga go puso epe ya batho e e ileng ya tlisa kagiso ya mmatota mme Modimo ene o tlhomile puso e e itekanetseng go busa lelapa la gagwe. Mo setlhopheng sa ntlha, e leng “dilo tse di kwa legodimong” go na le bana ba Modimo ba Jehofa a ba tlhophang go bopa puso kgotsa Bogosi kwa legodimong. “Ba tla busa lefatshe e le dikgosi” ba le kwa legodimong.—Tshenolo 5:10.

Bana ba Modimo ba mo Lefatsheng

Jehofa o phutha le “dilo tse di mo lefatsheng” e leng batho ba le dimilione lefatshe ka bophara, gore kgabagare ba nne bana ba gagwe ba mo lefatsheng. E re ka e le Rre yo o pelonomi, o ba ruta ditsela tsa gagwe tsa lorato gore le fa ba tswa mo ditšhabeng di le dintsi, ba nne mmogo ka kutlwano. Tota le batho ba ba setlhogo, ba ba pelotshetlha, ba ba senang boitsholo le ba ba sa ikobeleng Modimo, ba a lalediwa go tla go ‘letlanngwa le Modimo.’—2 Bakorintha 5:20.

Go tweng ka ba ba ganang taletso ya Modimo ya gore ba letlanngwe le ene gore e nne bana ba gagwe? Jehofa o tla tsaya kgato e e gagametseng kgatlhanong le batho bao go tlhomamisa gore go nna le kagiso le kutlwano mo lelapeng la gagwe. Go tla nna le “letsatsi la katlholo le la go senngwa ga baikepi.” (2 Petere 3:7) Jehofa o tla tlosa batsuolodi mo lefatsheng. Eleruri batho ba ba ikobelang Modimo ba tla itumelela seo fela thata!—Pesalema 37:10, 11.

Go tla latela dingwaga di le sekete tsa kagiso, tse mo go tsone batho botlhe ba ba tsibogelang lorato lwa Modimo ba tla busediwang ka bonya ka bonya mo botshelong jo bo itekanetseng jo bo latlhegetseng Adame. Tota le baswi ba tla tsosiwa. (Johane 5:28, 29; Tshenolo 20:6; 21:3, 4) Ka jalo, Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe: “[Batho] popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.

Go Nna Seoposengwe le Rrago

Cézar mmogo le batho ba le diketekete ba kwa Korea ba ba umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya kgato e le gore ba kgone go kopana gape le ba malapa a bone. Batho bao ba kwa Korea ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya karolo mo thulaganyong e e neng e dirilwe, mme Cézar o ne a tlogela go nna le batsadi ba gagwe ba ba mo godisitseng. Ka tsela e e tshwanang, o ka nna wa tshwanelwa ke go tsaya kgato gore o letlanngwe le Rrago yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo, le go itumelela go nna karolo ya lelapa la gagwe. O tshwanetse go dira eng?

Gore o atamalane le Modimo le gore e nne Rrago, o tshwanetse go ithuta Lefoko la gagwe, Baebele, ka gonne seno se tla go thusa gore o nne le tumelo e e nonofileng mo go ene le mo ditsholofetsong tsa gagwe. O tla lemoga gore se Modimo a reng o se dire se solegela wena molemo. Gape o tla tshwanelwa ke go amogela kgalemelo le kotlhao ya Modimo, ka gonne Baebele e bolelela Bakeresete jaana: “Modimo o dirisana le lona jaaka a dirisana le bana ba gagwe. Gonne ke morwa ofe yo rraagwe a sa mo otlhayeng?”—Bahebera 12:7.

Go tsaya dikgato tse di ntseng jalo go tla fetola thata tsela e o tshelang ka yone. Baebele ya re: “Lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:23, 24) Morago ga moo, sekegela tsebe kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo go tlhokeng kitso ga lona.”—1 Petere 1:14.

Go Bona Lelapa la Gago la Mmatota

Fa Cézar a sena go bona mmaagwe, o ne a itumedisiwa thata ke go itse gore o ne a na le mogolowe le kgaitsadie. Ka tsela e e tshwanang, fa o atamalana le Rrago yo o kwa legodimong, o tla lemoga gore o na le bakaulengwe ba le bantsi le bokgaitsadi mo phuthegong ya Bokeresete. Fa o ntse o kopanela le bone o ka nna wa lemoga gore ba atamalana thata le wena go feta maloko a lelapa la gago.—Ditiro 28:14, 15; Bahebera 10:24, 25.

Le wena o lalediwa go nna seoposengwe le Rrago wa mmatota mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba mmatota. Boitumelo jo o tla nnang le jone bo ka nna jwa tshwana fela le jo Cézar le batho ba le diketekete ba kwa Korea ba neng ba nna le jone fa ba ne ba kopanngwa gape le ba malapa a bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa Cezar a ne a na le dingwaga di le 19, a na le mmaagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Tsaya dikgato tse di tla go thusang go atamalana le Modimo