Go Reng Basupi Ba Ga Jehofa Ba Sa Dirise Sefapaano Mo Kobamelong?
Babadi ba a Botsa
Go Reng Basupi Ba Ga Jehofa Ba Sa Dirise Sefapaano Mo Kobamelong?
Basupi ba ga Jehofa ba dumela tota gore loso lwa ga Jesu Keresete lo re neile thekololo e ka yone botlhe ba ba dumelang mo go ene ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Le fa go ntse jalo, ga ba dumele gore Jesu o swetse mo sefapaanong jaaka ditshwantsho tse dintsi di tlwaetse go bontsha. Ba dumela gore Jesu o swetse mo koteng e e tlhamaletseng e e sa kgabaganngweng ke epe.
Sefapaano se simolotse go dirisiwa kwa Mesopotamia, dingwaga di le dikete di le pedi pele Keresete a nna teng. Gape mo Motlheng o go neng go dirisiwa Boronse thata mo go one makgolokgolo a dingwaga pele Jesu a tsholwa, maje a a gabilweng a kwa Scandinavia a ne a kgabisitswe ka difapaano. Rahisitori wa kwa Denmark e bile e le mankge wa matshwao Sven Tito Achen, o ne a kwala jaana mo bukeng e e bidiwang Symbols Around Us: “Batho bao ba e neng e se Bakeresete ba ne ba dirisa sefapaano ‘e le letshwao la boselamose . . . go itshireletsa le go ba tlisetsa masego.’” Ga go gakgamatse go bo New Catholic Encyclopedia e re: “Sefapaano se fitlhelwa mo bathong ba motlha wa pele ga Bokeresete le ba e seng Bakeresete ba mo go bone se amanngwang le lobopo kana le dilo tsa tlholego tse di mo loaping.” Ka jalo, ke ka ntlha yang fa dikereke di tlhophile gore sefapaano e nne letshwao la tsone le le boitshepo?
Moithuti mongwe yo o tlotlegang wa kwa Boritane e bong W. E. Vine, o tlhalosa dintlha dingwe tse di utlwalang: “Mo bogareng jwa lekgolo la boraro la dingwaga A.D. . . . baheitane ba ne ba amogelwa mo dikerekeng . . . mme ba ne ba letlwa go tswelela ba dirisa bontsi jwa matshwao a bone a boheitane. Ke gone ka moo dikereke di neng tsa simolola go dirisa letshwao la sefapaano.”—Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words.
Gape Vine o tlhalosa gore leina “sefapaano” le lediri “bapola” di raya “kota kana pale . . . mme di farologane le se dikereke di se tlhalosang e le kota e e kgabaganngwang ke e nngwe.” Go dumalana le seno, Companion Bible ya Yunibesithi ya Oxford yone ya re: “Bosupi jo bo leng gone ke gore . . . Morena o ne a bolaelwa mo koteng e e tlhamaletseng e seng mo dikoteng tse pedi tse e nngwe e kgabaganyang mo go e nngwe.” Jaanong go a bonala gore dikereke di tsere mokgwa o o sa tsweng mo Baebeleng.
Rahisitori yo o umakilweng fa godimo e bong Achen, a re: “Mo makgolong a le mabedi a dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu, ga go lebege Bakeresete ba kile ba dirisa letshwao la sefapaano.” Mme o oketsa ka gore, mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga sefapaano “se tshwanetse sa bo se ne se tshwantshetsa loso le bosula fela jaaka motšhine o o kgaolang batho ditlhogo kana setulo sa motlakase se batho ba ba atlholetsweng loso ba bolaelwang mo go sone se ne se tshwantshetsa loso mo bathong ba ba neng ba tshela moragonyana ga foo.”
Sa botlhokwa le go feta, go sa kgathalesege gore go dirisitswe sedirisiwa sefe go bogisa Jesu le go mmolaya, ga go setshwantsho kana letshwao la sedirisiwa seo le le tshwanetseng go nna sengwe se Bakeresete ba ka se dirisang mo kobamelong. Baebele e laela jaana: “Tshabang kobamelo ya medingwana.” (1 Bakorintha 10:14) Jesu ka boene o ne a tlhalosa letshwao la mmatota le balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba neng ba tla bonwa ka lone. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:35.
Mo dikgannyeng tsotlhe tse di amanang le kobamelo, Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go latela Baebele go na le dingwao, fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira. (Baroma 3:4; Bakolosa 2:8) Mme ka ntlha ya seno, ga ba dirise sefapaano mo kobamelong.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Setshwantsho se se bontshang kgosi ya moheitane ya kwa asiria e rwele sefapaano mo e ka nnang ka 800 B.C.E.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photograph taken by courtesy of the British Museum