Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Loso Lwa Ga Jesu Lo Ka Go Bolokang Ka Gone

Kafa Loso Lwa Ga Jesu Lo Ka Go Bolokang Ka Gone

DINGWAGA di ka nna 2 000 tse di fetileng ka Tlolaganyo ya Bajuda ya ngwaga wa 33 C.E., monna yo o se nang molato o ne a swa gore ba bangwe ba tle ba kgone go tshela. Monna yoo e ne le mang? E ne e le Jesu wa Nasaretha. Mme ke bomang ba ba solegelwang molemo ke tiragalo eno ya bopelonomi? Ke batho botlhe. Temana nngwe e e itsegeng thata ya Baebele e bua jaana ka setlhabelo seo se se bolokang matshelo: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Le mororo batho ba le bantsi ba itse temana eo, ke ba se kae fela ba ba tlhaloganyang bokao jwa yone. Ba ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa re tlhoka setlhabelo sa ga Keresete? Loso lwa motho a le mongwe lo ka golola jang batho mo ditlamoragong tsa loso?’ Baebele e araba dipotso tseno ka tsela e e utlwalang sentle le e e kgotsofatsang.

Kafa go Tlileng ka Gone Gore Loso lo Ame Batho

Bangwe ba dumela gore batho ba ne ba bopetswe gore ba tshele nako e khutshwane mo lefatsheng, ba tlhagelwe ke mathata, ba itumelele botshelo go se kae mme kwa bofelong ba swe le go fetela kwa lefelong lengwe le le botoka. Se ba se buang se akantsha gore Modimo o ne a ntse a ikaeletse gore batho ba swe. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha lebaka le le farologaneng la go bo batho ba swa. Ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Temana eno e bontsha gore batho ba swa ka ntlha ya boleo. Ka jalo, ke mang “motho a le mongwe” yo o dirileng gore batho ba amiwe ke ditlamorago tse di bolayang tsa boleo?

The World Book Encyclopedia e bolela gore baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore batho botlhe ba tswa mo motsweding o le mongwe, mme Baebele e tlhalosa sentle motswedi oo—ke “motho a le mongwe.” Re bala jaana mo go Genesise 1:27: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” Ka jalo, Baebele ya re banyalani ba babedi ba ntlha e ne e le bone ba Modimo Mothatayotlhe a neng a ba bopa ka tsela e e manontlhotlho.

Pego ya Genesise e re naya dintlha tse di oketsegileng tsa kafa motho wa ntlha a neng a tshela ka teng fa Jehofa Modimo a sena go mmopa. Go lebega mo pegong eo yotlhe, Modimo a umaka loso fela fa a bua ka matswela a ba neng ba tla lebana le one fa ba sa utlwe. (Genesise 2:16, 17) O ne a batla gore batho ba tshele mo lefatsheng le lentle la paradaise, ba itumetse e bile ba na le botsogo jo bo molemo ka bosakhutleng. O ne a sa batle gore ba bogisiwe ke ditlamorago tsa botsofe mme kwa bofelong ba swe. Jaanong go tlile jang gore loso lo buse batho botlhe?

Genesise kgaolo ya boraro e bega kafa batho ba babedi ba ntlha ba neng ba dira tshwetso ya ka boomo ya go se utlwe Moneibotshelo wa bone e bong Jehofa Modimo. Ka jalo, Modimo o ne a ba atlhola fela jaaka a ne a ba boleletse kwa tshimologong. O ne a raya monna a re: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Fela jaaka lefoko la Modimo le ne le boletse, kgabagare batho ba babedi ba ba sa utlweng ba ne ba swa.

Le fa go ntse jalo, tshenyo e batho bano ba babedi ba ntlha ba e bakileng ga e a ka ya ama bone fela. Go tlhoka kutlo ga bone go ne ga senya tsholofelo ya botshelo jo bo itekanetseng jo ditlogolwana tsa bone di ka bong di bo itumeletse. Jehofa o ne a akaretsa mo boikaelelong jwa gagwe ditlogolwana tseo tse di neng di ise di tsholwe, fa a ne a raya Adame le Efa a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Fa nako e ntse e feta, batho ba ne ba tla tlala ka lefatshe le go itumelela botshelo fela thata ba sa swe. Mme rraabonemogologolwane Adame—“motho a le mongwe”—o ne a ba rekisa e le makgoba mo boleong, mme phelelo ya bone e ne ya nna loso. Moaposetoloi Paulo yo e neng e le setlogolwana sa motho wa ntlha, o ne a kwala jaana: “Nna ke wa senama, ke rekisitswe mo boleong.”—Baroma 7:14.

Fela jaaka basenyi ba ile ba senya ditshwantsho tse di tlhwatlhwakgolo tsa botaki mo metlheng eno, fa Adame a ne a leofa o ne a senya popo e ntle ya Modimo—batho. Bana ba ga Adame ba ne ba nna le bana, mme morago ba nna le ditlogolwana, jalo le jalo. Kokomana nngwe le nngwe e e neng ya tlhaga, e ne ya gola, ya nna le bana mme kgabagare ya swa. Ke ka ntlha yang fa botlhe ba ile ba swa? Gonne botlhe ba ne ba tswa mo go Adame. Baebele ya re: “Ba le bantsi ba ne ba swa ka tlolo ya motho a le mongwe.” (Baroma 5:15) Bolwetse, botsofe, tshekamelo ya go dira dilo tse di bosula le loso ka bolone ke ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go bo Adame a ne a tsietsa lelapa la gagwe. Lelapa leo le re akaretsa rotlhe.

Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o ne a kwala ka seemo se se utlwisang botlhoko sa batho ba ba sa itekanelang, go akareletsa le ene, le ka ntwa e e kgobang marapo kgatlhanong le ditlamorago tsa boleo. O ne a re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” Eno ke potso ya botlhokwa, a ga go jalo? Ke mang yo o neng a ka golola Paulo le ba bangwe botlhe ba ba tlhologeletsweng go gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso? Paulo ka boene o araba jaana: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:14-25) Ee, Mmopi wa rona o dirile thulaganyo ya go re golola mo boleong a dirisa Morwawe e bong Jesu Keresete.

Seabe sa ga Jesu mo Thulaganyong ya Modimo ya go Golola Batho

Jesu o ne a tlhalosa seabe sa gagwe mo go gololeng batho mo bokgobeng jo bo bolayang jwa boleo. O ne a re: ‘Morwa motho o ne a tla go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.’ (Mathaio 20:28) Botshelo jwa ga Jesu ke thekololo ka tsela efe? Loso lwa gagwe lo re solegela molemo jang?

Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go duelela ditlamorago tse di bakilweng ke boleo jwa ga Adame

Baebele ya re Jesu ke yo o ‘se nang boleo’ le yo o ‘lomologaneng le baleofi.’ Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, Jesu o ne a ikobela Molao wa Modimo ka botlalo. (Bahebera 4:15; 7:26) Ka jalo, Jesu ga a ka a swa ka ntlha ya boleo le go sa utlwe jaaka go ne go ntse ka Adame. (Esekiele 18:4) Go na le moo, o ne a dumela go swa loso lo lo neng lo sa mo tshwanela e le gore a diragatse thato ya ga Rraagwe ya go golola batho mo boleong le mo losong. Jaaka go tlhalositswe fa godimo, Jesu o ne a ntsha “botshelo jwa gagwe [ka go rata] e le thekololo.” E re ka a ne a tlhotlhelediwa ke lorato lo go se nang motho ope yo o kileng a nna le lone kgotsa yo o tla tsamayang a nna le lone, Jesu ka go rata o ne a ‘utlwela motho mongwe le mongwe loso.’—Bahebera 2:9.

Botshelo jo Jesu a neng a bo ntsha setlhabelo bo ne bo lekana kgo le botshelo jo Adame a bo latlhileng fa a ne a leofa. Loso lwa ga Jesu lo ne lwa nna le matswela afe? Jehofa o ne a amogela setlhabelo seo e le ‘thekololo e e lekanang ya botlhe.’ (1 Timotheo 2:6) Totatota, Modimo o ne a dirisa boleng jwa botshelo jwa ga Jesu go rekolola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso.

Gangwe le gape Baebele e umaka lorato lono lo logolo lwa Mmopi wa batho. Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba ne ba “rekwa ka tlhwatlhwa.” (1 Bakorintha 6:20; 7:23) Petere o ne a kwala gore Modimo o ne a se ka a dirisa gouta kgotsa selefera, mme o ne a dirisa madi a Morwawe go golola Bakeresete mo botshelong jo bo felelang ka loso. (1 Petere 1:18, 19) Jehofa o ne a rulaganya go golola batho gore ba se ka ba swela ruri a dirisa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete.

A o Tla Solegelwa Molemo ke Thekololo ya ga Keresete?

Fa moaposetoloi Johane a ne a bua ka melemo e megolo ya thekololo ya ga Keresete, o ne a re: “[Jesu Keresete] ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:2) Ke boammaaruri gore thekololo ya ga Keresete e solegela batho botlhe molemo. A seo se raya gore go itiragalela fela gore mongwe le mongwe a solegelwe molemo ke thulaganyo eno ya maemo a a kwa godimo? Nnyaa. Gakologelwa batho ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng ba ba neng ba namolwa. Batho ba ba neng ba leka go namola badiri ba moepo ba ba neng ba gaeletswe ba ne ba folosetsa khetšhe kwa go bone, mme mongwe le mongwe wa banna bao o ne a tshwanetse go tsena mo khetšheng eo. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba batlang go solegelwa molemo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete ba ka se ke ba phutha diatla fela ba letela masego a Modimo. Ba tshwanetse go tsaya kgato.

Modimo o batla gore ba dire eng? Johane 3:36 ya re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.” Modimo o batla gore re dumele mo setlhabelong sa ga Keresete. Mme go na le sengwe gape se se tlhokegang. “Re itse ka seno gore re itse [Jesu], e leng, fa re tswelela re boloka ditaelo tsa gagwe.” (1 Johane 2:3) Ka jalo, go bonala sentle gore fa motho a batla go gololwa mo boleong le mo losong o tshwanetse go dumela mo setlhabelong sa ga Keresete le go ikobela ditaelo tsa gagwe.

Tsela nngwe ya botlhokwa ya go bontsha gore re dumela mo thekololong ya ga Jesu ke ka go anaanela loso lwa gagwe ka go le gopola fela jaaka a laetse. Pele Jesu a swa, o ne a tlhoma sejo sa tshwantshetso le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, mme o ne a ba raya a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Basupi ba ga Jehofa ba anaanela thata botsala jwa bone le Morwa Modimo mme ba ikobela taelo eo. Monongwaga Segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete se tla ketekwa ka Matlhatso, March 22 fa letsatsi le sena go phirima. Re go laletsa ka lorato go nna teng kwa pokanong eo e e kgethegileng e le go ikobela taelo eo ya ga Jesu. Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la gaeno ba ka go bolelela nako le lefelo le tiragalo eno e tla tshwarelwang kwa go lone. Kwa Segopotsong o tla ithuta mo go oketsegileng ka se o tshwanetseng go se dira gore thekololo ya ga Keresete e go golole mo ditlamoragong tse di bolayang tsa boleo jwa ga Adame.

Ke batho ba le mmalwa fela gompieno ba ba anaanelang ka botlalo setlhabelo se segolo se Mmopi wa bone le Morwawe ba se ntshitseng go ba golola mo tshenyegong. Ba ba dumelang mo go sone ba nna le boitumelo jo bo kgethegileng. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana ka Bakeresetekaene: “Lo dumela mo go ene e bile lo ipela thata ka boipelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa le jo bo galaleditsweng, ka lo amogela bokhutlo jwa tumelo ya lona, e leng poloko ya meya ya lona.” (1 Petere 1:8, 9) Ka go ithuta go rata Jesu Keresete le go dumela mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo, o ka kgona go itumela gone jaanong le go lebelela pele go gololwa mo boleong le mo losong.