Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala Re bo Re Swa?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala Re bo Re Swa?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tsofala Re bo Re Swa?

BAITSESAENSE ga ba bolo go ipotsa gore, Ke ka ntlha yang fa motho a tsofala a bo a swa? Baitsesaense bangwe ba akantsha gore sele nngwe le nngwe e na le lobaka lo e lo beetsweng gore e tshele. Ba bangwe ba tlhalosa kgang eno ka ditsela tse dingwe tse di farologaneng go akaretsa le kgopolo ya gore boboko bo ntsha dihoromone tse di nang le seabe se segolo mo go direng gore motho a tsofale mme kgabagare a swe. Baitsesaense ga ba tlhomamisege gore a go na le nngwe mo dikgopolong tseno e e leng boammaaruri, mme ba le bantsi ba dumela gore ga go na ope yo o itseng gore ke ka ntlha yang fa re tsofala.

Fa o sekaseka dilo tse baitsesaense ba di fitlheletseng le ditshwetso tse ba di dirileng, o tla lemoga gore ba le bantsi ga ba dumele gore Mmopi ke ene a nayang botshelo. Ba solofela gore ka nonofo ya bone ba tla bona selo se se bakang botsofe le loso e le gore ba tle ba lelefatse botshelo jwa batho ka bosakhutleng. Ba tlodisa matlho kgang ya gore Mmopi ke ene a neng a atlholela batho ba babedi ba ntlha loso, a diragatsa katlholo eo ka tsela e batho ba sa kgoneng go e tlhaloganya ka botlalo; ka tsela e e tshwanang, o tla naya batho ba ba bontshang tumelo mo go Morwawe tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Genesise 2:16, 17; Johane 3:16.

Selo se se Bakang Loso se a Senolwa

Fa Modimo a sena go bopa Adame, o ne a baya “setlhare sa botshelo” mo tshimong ya Edene. (Genesise 2:9) Go bonala sentle gore maungo a setlhare seo a ne a sena dinonofo dipe tse di nayang botshelo go na le moo se ne se emela botshelo jo “bosakhutleng” jo Modimo a bo tlhomamisetsang mongwe le mongwe fela yo a mo letlelelang go ja mo setlhareng seo. Fa Adame a ne a leofa, o ne a thibelwa gore a se ka a kgona go ja mo setlhareng. Jehofa o ne a re: “Jaanong gore a tle a se ka a ntsha seatla mme a tsaya leungo le le mo setlhareng sa botshelo a ja mme a tshela ka bosakhutleng,-.” Fa Jehofa a sena go bua mafoko ano, o ne a tsaya kgato. O ne a se kitla a letla motho yo o sa tshwanelweng ke go tshela gore a nne mo tshimong e e diretsweng batho ba ba siameng le go ja mo setlhareng sa botshelo.—Genesise 3:22, 23.

Adame yo o neng a itumelela botshelo jo bo itekanetseng fa a ne a sa ntse a utlwa Jehofa, jaanong o ne a iponela ka matlho ditiro tsa boleo le leungo la jone e leng loso. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a nonofile mo mmeleng. Tota le fa a ne a le mo seemong se se utlwisang botlhoko, a kgaogane le Modimo le dilo tsa bomodimo, o ne a tshela dingwaga di le 930 pele a swa. Mo nakong eo, o ne a kgona go fetisetsa, e seng botshelo jo bo feletseng, mme selekanyo se se rileng sa botshelo mo ditlogolwaneng tsa gagwe, bao bontsi jwa bone ba neng ba tshela dingwaga di le 700 go ya go di le 900.—Genesise 5:3-32.

Se Motho a se Tlhokang Gore a Tshele

Basekaseki ba dilo tsa saense ga ba a ka ba itlhokomolosa fela selo se se bakang loso mo bathong botlhe mme sa botlhokwa le go feta ba ne ba itlhokomolosa selo se se tlhokegang gore go nne le botshelo jo bo sa khutleng. Le fa gone ka dinako tsotlhe mmele wa motho o tlhoka go otliwa ka moya, metsi le dijo, go na le sengwe se mmele o se tlhokang thata gore o tswelele o tshela. Molaomotheo ono o ne wa buiwa ke Jehofa: “Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.”—Duteronome 8:3.

Fa Modimo a ne a bopa motho, o ne a mo dira mo setshwanong sa gagwe, kafa tshwanong ya gagwe. (Genesise 1:26, 27) Ke boammaaruri gore seno ga se bolele gore Modimo o na le mmele le ditebego tse di tshwanang le tsa batho, ka gonne Modimo ke Moya mme motho ene o na le mmele wa nama. (Johane 4:24) Seno se ne se raya gore motho o farologane le “diphologolo tse di sa akanyeng” ka gonne ene o na le bokgoni jwa go akanya; o na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo tse di jaaka lorato, tshiamiso, botlhale le maatla. (2 Petere 2:12; bapisa Bakolosa 3:10) Motho o ne a na le bokgoni jwa go tlhaloganya lebaka la go bo a tshela le se Mmopi wa gagwe a ikaeletseng sone ka ene. Ka gone, o ne a newa bokgoni jwa go dira dilo tse di amanang le kobamelo. O ne a ka kgona go rata Mmopi wa gagwe le go mo obamela. O ne a tlhoka se se fetang fela dijo tsa mmatota; o ne a tlhoka go tlamelwa semoyeng. Ga re ka ke ra kgona go tswelela re tshela kwa ntle ga Jehofa Modimo le dilo tse a re tlamelang ka tsone semoyeng. Jesu o ne a bua jaana ka go tshelela ruri: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Fa re tsamaya mo boammaaruring, re tla itse se Modimo a re neileng sone ka Jesu Keresete, yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe “e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jesu Keresete o bidiwa “Adame wa bofelo . . . moya o o nayang botshelo.” (1 Bakorintha 15:45) Boporofeti jwa re ke “Rara wa Bosakhutleng” le yo o neng a “tshololela moya wa gagwe mo losong” yo o neng a “baya moya wa gagwe jaaka tshupelo ya molato.” O na le maatla a go tsosolosa mebele ya batho, ka go dira jalo a naya ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa gagwe le ba ba mo ikobelang botshelo.—Isaia 9:6; 53:10-12.

Tsela e le Nngwe e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng

Moaposetoloi Johane a re Jesu o ne a bua jaana: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi, batho ba ditšhaba ba e leng dinku ba ba leng kafa seatleng sa gagwe sa moja, ba tsena “kwa botshelong jo bo sa khutleng.” (Mathaio 25:46) Adame o ne a bopiwa e le “morwa Modimo” yo o itekanetseng. (Luke 3:38) Ponatshegelo ya boporofeti e e mo go Tshenolo 21:1-4 e bua ka “legodimo le lesha” le “lefatshe le lesha” mme e re naya tsholofetso ya gore mo nakong eo, “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” E re ka tsholofelo eno e newa ‘batho’ e seng dibopiwa tsa semoya, e re tlhomamisetsa gore setšhaba se sesha sa batho ba ba mo lefatsheng ba ba tla bong ba tshela mo pusong ya “legodimo le lesha,” ba tla ntšhafadiwa mo mogopolong le mo mmeleng gore ba itekanele ka botlalo le go bona botshelo jo bo sa khutleng e le “bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.

Mo taelong e Modimo a neng a e naya Adame, o ne a bolela gore fa Adame a ne a ka ikobela taelo ya gagwe o ne a se kitla a swa. (Genesise 2:17) Ka jalo, fa go na le batho ba ba kutlo mme loso, e leng mmaba wa bofelo, lo tla bo lo fedisitswe, go tla bo go sa tlhole go na le boleo jo bo dirang gore mebele ya bone e swe. Ga ba kitla ba tlhola ba swa. (1 Bakorintha 15:26) Go fedisiwa ga loso ka bosakhutleng go tla direga kwa bokhutlong jwa puso ya ga Keresete e buka ya Tshenolo e bolelang gore e tla busa dingwaga di le 1 000. Go bolelwa gore ba ba tla nnang dikgosi le baperesiti mmogo le Keresete mo go yone, ba tla “tshela mme ba busa e le dikgosi le Keresete dingwaga di le sekete.” “Baswi ba bangwe botlhe” ba ba sa tsheleng “go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla” e tshwanetse ya bo e le ba ba tla bong ba tshela kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, mme e le pele ga Satane a gololwa mo moleteng gore a tle go leka batho la bofelo. Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, batho ba mo lefatsheng ba tla bo ba itekanetse ba le mo seemong se Adame le Efa ba neng ba le mo go sone pele ga ba leofa. Ruri jaanong ba tla bo ba tshela ba itekanetse. Ba ba tla falolang teko ya bofelo ya ga Satane fa a sena go gololwa mo moleteng ka nakwana ba tla kgona go itumelela botshelo joo ka bosakhutleng.—Tshenolo 20:4-10.

Mafoko ano a ga Jesu a bontsha sentle gore matsapa a batho ba a tsayang go lelefatsa botshelo kgotsa dikgopolo tsa gore dijo dingwe kgotsa dikalafi dingwe tse di rileng di ka dira gore batho ba tshelele ruri, ke a lefela. Dilo tseno di kgona go tokafatsa botsogo jwa motho ka nakwana fela. Tsela e le nngwe fela ya go bona botshelo ke ka go utlwa dikgang tse di molemo, tse e leng “lefoko la botshelo.” (Bafilipi 2:16) Motho mongwe le mongwe yo o batlang go bona botshelo o tshwanetse go ‘boloka mogopolo wa gagwe o tsepame mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng.’ (Bakolosa 3:1, 2) Jesu o ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Yo o utlwang lefoko la me mme a dumela yo o nthomileng o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo katlholong mme o kgabagantse go tswa losong go ya botshelong.”—Johane 5:24; 6:40.