Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

March 22, 2008—Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa

March 22, 2008—Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa

March 22, 2008—Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa

Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a naya baaposetoloi ba gagwe senkgwe se se sa bedisiwang le senwelo sa beine mme a ba laela gore ba je ba bo ba nwe. Gape o ne a ba raya a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—Luke 22:19.

Monongwaga segopotso sa tiragalo eno se ka Matlhatso, March 22, fa letsatsi le sena go phirima. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kopane mo bosigong joo jo bo kgethegileng go keteka tiragalo eno ya Segopotso ka tsela e Jesu a e laetseng. O lalediwa ka lorato gore o kopanele le bone. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno gore go tla kopanwa ka nako mang le gore pokano eo e tla tshwarelwa kae.