Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Itumela Le fa o Swabisitswe

O ka Kgona go Itumela Le fa o Swabisitswe

O ka Kgona go Itumela Le fa o Swabisitswe

KE MANG yo o iseng a ko a swabisiwe? Tota le Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo, o kile a swabisiwa. Ka sekai, o ne a golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto le go ba segofatsa fela thata. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Mme gangwe le gape ba ne ba leka Modimo, ba ne ba utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.” (Pesalema 78:41) Mme gone, ka dinako tsotlhe Jehofa e ntse e le “Modimo yo o itumetseng.”—1 Timotheo 1:11.

Eleruri go na le dilo di le dintsi tse di swabisang. Re ka dira eng gore di se ka tsa re amoga boitumelo? Re ka ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a itshwara ka teng fa a ne a swabisiwa?

Dilo Tse Di ka Re Swabisang

Lefoko la Modimo la re rotlhe re welwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Ka tshoganyetso fela bokebekwa, kotsi kgotsa bolwetse bo ka dira gore re ikutlwe re tlaletswe fela thata—e bile re swabile. Gape Baebele ya re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” (Diane 13:12) Go lebelela sengwe se se molemo ka tlhoafalo go dira gore re itumele, mme fa re sa se amogele ka nako e re neng re se lebeletse ka yone, re ka nna ra ikutlwa re swabile fela thata. Ka sekai, Duncan, * yo o neng a eletsa thata go tswelela e le morongwa, o ne a lemoga gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tshwanetse go boela gae morago ga dingwaga di le dintsi ba le mo tirelong ya borongwa. O ne a re: “E ne e le lekgetlho la ntlha ke ikutlwa ke se na tsholofelo mo botshelong. Ke ne ke se na mekgele epe. Ke ne ke sa tlhole ke kgathalela sepe.” Botlhoko jwa go swabisiwa bo ka nnela ruri, jaaka go ne go ntse mo kgannyeng ya ga Claire. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka senyegelwa ke mpa fa ke ne ke na le dikgwedi di le supa ke imile. Seo se diragetse bogologolo, mme le gone jaanong fa ke bona mosimane mongwe a neela puo kwa seraleng, ke akanya jaana, ‘Fa morwaake a ka bo a tshela o ka bo a lekana le mosimane yono.’”

Gape go ka utlwisa botlhoko fa motho mongwe a go swabisa, jaaka fa batho ba babedi ba ba ratanang ba kgaogana, fa lenyalo le senyega, fa ngwana a tsuologa, fa molekane wa lenyalo a sa ikanyege kgotsa fa tsala e se na kanaanelo. E re ka re tshela le batho ba ba sa itekanelang e bile re le mo dinakong tse di thata re tla nna re swabisiwa.

Go palelwa ga rona go dira dilo dingwe go ka dira gore re swabe. Ka sekai, fa re palelwa ke go falola ditlhatlhobo, go bona tiro kgotsa go itumedisa motho mongwe, re ka nna ra ikutlwa re se na mosola wa sepe. Gape re ka swabisiwa ke fa motho mongwe yo re mo ratang a sa tlhole a gatela pele sentle mo semoyeng. Mary a re: “Morwadiake o ne a bonala a gatela pele sentle mo boammaaruring. Ke ne ke tsaya gore ke mo tlhometse sekao se se molemo. Mme fa a ne a tlogela Jehofa Modimo le melao ya lelapa la rona, ke ne ka ikutlwa ke paletswe tota. Go ne go sena sepe sa dilo tse di molemo tse ke neng ke di fitlheletse mo botshelong se se neng se ka fetola kafa ke neng ke ikutlwa ka gone. Ke ne ke kgobegile marapo fela thata.”

Re ka lebana jang le go swabisiwa ka tsela e e ntseng jalo? Go bona karabo, sekaseka sekao se Jehofa a re tlhometseng sone sa kafa a neng a itshwara ka gone fa a ne a swabisitswe.

Tlhoma Mogopolo mo go Boneng Tharabololo

Le mororo Jehofa Modimo a ne a tlhokomela banyalani ba ntlha ka tsela e e lorato, ba ile ba itshupa ba sena kanaanelo mme ba mo tsuologela. (Genesise kgaolo ya 2 le 3) Mme morago ga foo morwaabone Kaine le ene o ne a simolola go nna le mekgwa e e maswe. Kaine o ne a itlhokomolosa tlhagiso ya ga Jehofa mme a bolaya monnawe. (Genesise 4:1-8) Akanya fela gore Jehofa o tshwanetse a bo a ne a swabile jang.

Ke ka ntlha yang fa go swabisiwa ka tsela eo go ne ga se ka ga amoga Jehofa boitumelo? Ka gonne o ne a ikaeletse go tlatsa lefatshe ka batho ba ba itekanetseng mme o ne a tswelela a dira, e le gore a kgone go fitlhelela maikaelelo ao. (Johane 5:17) Go diragatsa boikaelelo joo jwa gagwe, o ne a naya batho setlhabelo sa thekololo le Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 6:9, 10; Baroma 5:18, 19) Jehofa Modimo o ne a tlhoma mogopolo mo go boneng tharabololo e seng mo bothateng jo bo neng bo le teng.

Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo go na le go akanya ka se re paletsweng ke go se dira kgotsa se re ka bong re se dirile. La re: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

Go Leba go Swabisiwa ka Tsela e e Tshwanetseng

Re ka nna ra diragalelwa ke dilo tse di ka fetolang botshelo jwa rona ka tshoganyetso. Ka sekai, re ka nna ra latlhegelwa ke tiro re sa lebelela, ra latlhegelwa ke molekane wa lenyalo kgotsa ke ditshiamelo tseo re neng re na le tsone mo phuthegong. Re ka nna ra lwala, ra latlhegelwa ke legae kgotsa ke ditsala tsa rona. Re ka lebana jang le diphetogo tseo?

Bangwe ba ile ba fitlhela go thusa go dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone tse di tlang pele mo matshelong a bone. Duncan, yo o umakilweng pelenyana a re: “Fa nna le mosadi wa me re lemoga gore re ka se tlhole re kgona go boela gape kwa kabelong ya rona ya borongwa, re ne re kgobegile marapo fela thata. Kgabagare re ne ra ipeela mekgele e mebedi: go tlhokomela Mmè mme fa go kgonega re ne re tla tswelela ka bodiredi jwa nako e e tletseng. Fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso, re ne re sekaseka gore di tla ama jang dilo tseno tse di tlang pele mo matshelong a rona. Go dira jalo go ne ga re tlhofofaletsa botshelo.”

Bontsi jwa rona re na le go feteletsa dilo fela thata fa re swabisitswe ke sengwe. Ka sekai, re ka nna ra se ka ra bona matswela a re neng re a lebeletse fa re leka go godisa ngwana, go bona tiro e re e batlang, kgotsa go rera dikgang tse di molemo kwa tshimong ya naga e sele. Re ka nna ra akanya jaana, ‘Ke paletswe.’ Le fa go ntse jalo, fela jaaka go palelwa ga batho ba ntlha go ne go sa reye gore Modimo o paletswe, le rona ga go reye gore re paletswe fela ka gonne maiteko a rona a sa atlega kwa tshimologong.—Duteronome 32:4, 5.

Go motlhofo gore re galefe thata fa batho ba bangwe ba re swabisitse. Jehofa ga a itshware ka tsela eo. Kgosi Dafide o ne a swabisa Jehofa fa a ne a dira boaka mme morago a bo a dira gore monna wa mosadi yoo a bolawe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bona gore Dafide o ne a ikwatlhaya go tswa pelong mme a tswelela a mo dirisa e le motlhanka wa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, Kgosi e e ikanyegang Jehoshafate o ne a leofa fa a ne a dira kgolagano le baba ba Modimo. Moporofeti wa ga Jehofa o ne a bolela jaana: “Jehofa o go galefetse ka ntlha ya selo seno. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena.” (2 Ditiragalo 19:2, 3) Jehofa o ne a lemoga gore phoso e le nngwe e Jehoshafate a e dirileng e ne e sa reye gore o latlhile Modimo gotlhelele. Ka tsela e e tshwanang, ga re na go latlhegelwa ke ditsala fa re leka gore re se ka ra feteletsa dilo fa ba re direla diphoso. Ditsala tse di re swabisang di ka tswa di na le dinonofo tse di molemo.—Bakolosa 3:13.

Fa re swabisitswe re ka tsaya seo e le maitemogelo a re tshwanetseng go feta mo go one gore re kgone go atlega mo isagweng. Re ka nna ra ikutlwa re swabile fa re dirile boleo. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go baakanya fa re tsaya dikgato tse di tshwanetseng le go ikemisetsa go gatela pele. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana fa a ne a utlwisitswe botlhoko thata ke se a neng a se dirile: “Marapo a me a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga me letsatsi lotlhe. . . . La bofelo ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena [Jehofa] . . . , mme o ne wa itshwarela tlolo ya maleo a me.” (Pesalema 32:3-5) Fa re lemoga gore ga re a dira se Modimo a batlang gore re se dire, re tshwanetse ra kopa Modimo gore a re itshwarele mme re fetole ditsela tsa rona le go ititaya sehuba gore mo isagweng re tla leka ka natla go latela kgakololo ya gagwe.—1 Johane 2:1, 2.

Ipaakanyetse go Lebana le go Swabisiwa

Ga go pelaelo gore rotlhe re tla swabisiwa ka tsela nngwe mo isagweng. Re ka ipaakanyetsa seo jang? Mokeresete mongwe yo o godileng e bong Bruno yo o neng a diragalelwa ke sengwe se se swabisang seo se neng sa fetola botshelo jwa gagwe, o ne a bua mafoko mangwe a a kgatlhang. O ne a re: “Selo sa botlhokwa thata se se nthusitseng go itshokela go swabisiwa e ne e le go tswelela pele ke dira se ke neng ke ntse ke se dira pele go inonotsha semoyeng. Ke ithutile lebaka la go bo Modimo a letlelela tsamaiso eno e e setlhogo ya dilo go tswelela pele. Ke feditse dingwaga ke leka go nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Ke itumelela go bo ke ile ka dira seo. Go itse gore o ne a na le nna go ne go nkgomotsa thata mme ga nthusa gore ke itshokele go tshwenyega thata mo maikutlong.”

Fa re akanya ka isagwe, re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe: Le fa re ka tswa re swabisiwa ke dilo tse re di dirang kgotsa ke batho ba bangwe, Modimo ene ga a na go re swabisa le ka motlha. Totatota, Modimo o ne a bolela gore leina la gagwe Jehofa, le raya “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14) Seo se re tlhomamisetsa gore o tla nna sengwe le sengwe se a tlhokang go nna sone e le gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. O ne a solofetsa gore o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go dira gore thato ya gagwe e diragale “le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” Ke ka lebaka leo moaposetoloi Paulo a neng a kwala jaana: “Ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso . . . kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu.”—Mathaio 6:10; Baroma 8:38, 39.

Re ka lebelela pele ka tsholofelo nako e ka yone Modimo a tla bong a diragatsa tsholofetso e moporofeti Isaia a neng a e bolelela pele: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) A bo eo e le tsholofetso e e molemo jang ne ya gore nako e etla e mo go yone re se kitlang re gakologelwa gotlhelele gore re kile ra swabisiwa mo nakong e e fetileng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 13]

Ga go reye gore re paletswe fela ka gonne maiteko a rona a sa atlega kwa tshimologong

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 14]

Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo go na le go akanya ka se re paletsweng ke go se dira

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Modimo o itumetse, go sa kgathalesege diphoso tse batho ba di dirang, ka gonne o tlhomamisegile gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go dira gore dilo tsa semoya di tle pele mo matshelong a rona go tla re thusa go emelana le go swabisiwa