Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo”

“O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo”

“O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo”

JAAKA GO BOLETSE OLGA CAMPBELL

Nnake e bong Emily o ne a re: “Sekao se se molemo se tshwana le bele e e lediwang go bitsa batho. O ne wa letsa bele mme ka tla.” O ne a kwala mafoko ano a nkakgolela go bo ke feditse dingwaga di le 60 mo bodireding jwa nako e e tletseng. Mma ke go tlotlele gore ke godile jang le gore go tlile jang gore ke dire tiro eno e ke neng ka e dira botshelo jotlhe.

KE TSHOTSWE ka January 19, 1927, mo lelapeng le le nnang mo polasing kwa Ukraine gaufi le Wakaw, Saskatchewan, kwa bogare bophirima jwa Canada. Nna le kgaitsadiake wa lewelana e bong Bill re tshotswe pele ga gofejane yo e neng e le wa borobedi mo lapeng. Rona bana ba bannye mo lelapeng re ne re thusa rraarona yo o neng a dira ka thata mo polasing. Mmaarona yo kgabagare a neng a bolawa ke bolwetse jwa ramatiki, o ne a re tlhokometse tota mo ntlong ya rona e nnye le fa a ne a tshwerwe ke bolwetse jono jo bo botlhoko jo bo golafatsang. O ne a na le dingwaga di le 37 fela fa a tlhokafala; ke ne ke na le dingwaga di le 4.

Dikgwedi di le thataro Mmè a sena go tlhokafala, Rre o ne a nyala gape. Lelapa la rona le ne la aparelwa ke dintwa le dikgotlhang gonne jaanong go ne go tlile basetsanyana ba bangwe ba batlhano ba e neng e tla nna bonnakaarona! Ke ne ke leka go tlotla mmaarona yo mosha mme morwarre yo mogolo e bong John ene go ne go mo thatafalela tota.

Go ya kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1930, nna le Bill re ne ra ya go tsena sekolo sa bogareng kwa re neng re ka kgona go tshabela mathata a mo lelapeng teng. Ka nako eo go ne go rena moya wa bosetšhaba gonne Ntwa ya Lefatshe II e ne e gomagomela. Morutisi wa rona yo mosha o ne a simolola mokgwa wa gore re dumedise folaga, mme mosetsanyana mongwe o ne a gana go nna le seabe. Baithuti ba ne ba mo tlhapatsa tota. Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata kafa a neng a le pelokgale ka gone mme ka mmotsa gore go reng a ne a gana go dumedisa folaga. O ne a mpolelela gore e ne e le mongwe wa Baithuti ba Baebele, e leng tsela e ka dinako dingwe Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone, mme o ema Modimo fela nokeng.—Ekesodo 20:2, 3; Ditiro 5:29.

Ke Tloga mo Lapeng

Ka 1943, ke ne ka ya go bereka kwa Prince Albert, mme tiro ya me e ne e le go pega merwalo mo loring le go folosa dikase tse di nang le dinotsididi. E re ka ke ne ke tlhoafaletse go itse ka Modimo, ke ne ka reka Baebele mme go ne go le thata go e tlhaloganya mo ke neng ka bo ka lela gonne ke betilwe ke pelo. Mo Baebeleng yotlhe, ke ne ke itse fela thapelo ya Rara wa Rona.—Mathaio 6:9-13.

Sontaga mongwe, mosadi yo ke neng ke hirile mo ga gagwe yo o neng a rata bodumedi thata o ne a mpolelela a ipela gore o sa tswa go leleka “mosadi yo o buang ka Baebele.” Ke ne ka ipotsa gore, ‘Tota a ka dira jang selo se se maswe jalo?’ Bosontaga ba se kae moragonyana fela ga foo, ke ne ka se ka ka ya kerekeng gonne ke sa ikutlwe sentle. Mo letsatsing leo, “mosadi yo o buang ka Baebele” o ne a tla gape.

O ne a mpotsa: “A o a tle o rapele?”

Ke ne ka araba ka gore: “Ke rapela thapelo ya Rara wa Rona.”

Ke ne ka mo reetsa ka tlhoafalo fa a ntse a ntlhalosetsa gore mafoko ao a ga Jesu a kaya eng. O ne a ntsholofetsa gore o tla boa ka Laboraro o o latelang.

Fa mosadi yo ke neng ke hirile mo ga gagwe a goroga mo lapeng, ke ne ka mmolelela ke itumetse ka “mosadi yo o buang ka Baebele” yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka utlwa botlhoko tota fa a ntshosetsa ka gore: “Fa mosadi yoo a ka bo a tla gape mo ga me ka Laboraro, ke tla lo leleka lo le babedi!”

Ke ne ka tsamaya mo baagelaning ke batlana le Mosupi yo ke neng ke utlwile gotwe ke Mmè Rampel. Fa ke mmona, ke ne ka mo tlhalosetsa bothata jwa me mme ka mo kopa gore a mpolelele sengwe le sengwe se a ka kgonang go se bua ka Baebele. Go ne go lebega re tlotlile ka Baebele yotlhe! O ne a bapisa motlha wa rona le malatsi a ga Noa, fa Modimo a ne a fedisa batho ba ba sa siamang mme a boloka Noa le ba lelapa la gagwe ba tshela mo lefatsheng le le phepa.—Mathaio 24:37-39; 2 Petere 2:5; 3:5-7, 12.

Fa re sena go tlotla ka nako e telele, Mmè Rampel o ne a re: “Ke a bona gore o setse o amogetse gore dithuto tseno tsa Baebele ke boammaaruri. Dibeke di le pedi go tloga jaanong go tla nna le kopano ya Basupi ba ga Jehofa mme o tshwanetse go kolobediwa.” Mo bosigong joo, ga ke a ka ka bona boroko, ke ne ke ntse ke akanya ka dilo tsotlhe tse ke ithutileng tsone. Kolobetso e ne e lebega e le kgato e e masisi tota. Mme gone ke ne ke batla go direla Modimo! Le fa ke ne ke sa itse go le kalo ka Baebele, ke ne ka kolobediwa ka October 15, 1943 ke na le dingwaga di le 16.

Ke Fuduga go Tswa Kwa Bophirima Ke ya Go Nna Kwa Bokone Jwa Canada

Ka November kgaitsadiake e bong Fred o ne a nkopa gore ke tle go dira tiro ya go phepafatsa mo ntlong ya gagwe e e nang le matlhatlaganyane a le mararo mo toropong ya Toronto e e kafa bokone jwa Canada. Ke ne ka dumela gonne ke akanya gore ke tla kgona go obamela Modimo ka kgololesego fa ke le koo. Pele ga ke ya koo, ke ne ka ya go etela nkgonne e bong Ann yo o neng a sa ntse a nna gaufi kwa Saskatchewan. O ne a mpolelela sengwe se ke neng ke sa se lebelela—ene le Doris ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a nthotloetsa gore le nna ke ithute. Ke ne ka mmolelela kgang e a neng a sa e itse—ke ne ke setse ke le Mosupi yo o kolobeditsweng!

Nna le nnake e bong Emily re ne ra tsaya loeto lo loleele ka terena go ya kwa Toronto. Bill o ne a re kgatlhantsha kwa seteisheneng mme a re isa kwa ntlong e a neng a nna le Fred le John mo go yone. Ke ne ka botsa Fred gore ke mang gape yo ba nnang le ene mo ntlong eo. O ne a re: “Ga o ka ke wa dumela seno. A o sa ntse o gopola Alex Reed yo re godileng le ene? O nna mo phaposing e e kwa godimo mme setsenwa seo sa monna se rata Baithuti ba Baebele!” Pelo ya me e ne e phophoma boitumelo.

Ke ne ka tsamaya ke nanaba go ya kwa phaposing ya ga Alex mme ka rulaganya gore ke ye le ene kwa dipokanong mo maitsiboeng one ao. Ke ne ke batla go simolola go ya dipokanong ka yone nako eo gore bokgaitsadiake ba se ka ba nna le nako ya go leka go nthibela. Moragonyana fela ga foo, le fa gone ke ne ke ise ke tshwarelwe thuto ya Baebele sentle, ke ne ka ya go rera lekgetlo la ntlha. Ke ne ka itumelela thata go bua le batho ba le bantsi ba ba tswang kwa Ukraine ka puo e ke sa leng ke ithuta yone ke sa ntse ke le ngwana.

Bill o ne a itumelela go bala makasine wa Tora ya Tebelo o ke neng ke a tle ke o beye mo phaposing ya gagwe. Fa a sena go fudugela kwa British Columbia kwa bophirima jwa Canada ke ne ka mo romelela mpho ya peeletso ya Tora ya Tebelo. Le fa e ne e se motho yo o buang thata, o ne a nkwalela lekwalo la ditsebe di le lesome a tlhalosa kafa a ntebogang ka gone. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a ineela mo go Jehofa mme a nna molebedi wa Mokeresete yo o tlhagafetseng. Se se neng sa intumedisa le go feta ke gore bana ba kwa gae ba le batlhano—Bill, Ann, Fred, Doris, le Emily—ba ne ba nna baobamedi ba ba ineetseng ba ga Jehofa!

Ka May 22, 1945, puso ya Canada e ne ya fedisa thibelo e e neng e le teng ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa. * Tota ke ne ke sa itse gore re ne re thibetswe go fitlha ke utlwa kitsiso eo. Nna le tsala ya me Judy Lukus, re ne ra swetsa gore re tsenele tirelo ya nako e e tletseng re le babulatsela kwa botlhaba jo bo kgakala mo lefelong le go buiwang Sefora mo go lone mo Quebec. Fa Doris le Emily ba utlwa ka boikaelelo jwa rona, le bone ba ne ba swetsa ka gore ba nne babulatsela kwa Vancouver, British Columbia, e e neng e le mo karolong e nngwe ya kontinente ya rona.

Letlhoo la Bodumedi Kwa Quebec

Go fudugela ga me kwa Quebec e ne e se go fetola bonno fela. Basupi ba koo ba ne ba ganediwa tota mo tirong ya go rera. * Re ne ra itumelela thata go tsamaisa pampitshana e e reng Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada [Tsela e Quebec e Tlhoileng Thata Modimo le Keresete le Kgololesego ka Yone, e Tlhabisa Canada Yotlhe Ditlhong]. Molaetsa oo o o bogale o ne o senola kafa bodumedi jwa Basupi bo neng bo tlhoilwe ka gone.

Re ne ra fetsa malatsi a le 16 re tsenya dipampitshana ka tidimalo mo mejakong ya batho go simolola ka ura ya bobedi ka masa. Fa re le mo ntlong nngwe re ne ra utlwa gore mapodise a mo tseleng go tla go re tshwara. Ga re a ka ra tshwarwa gonne re ne ra iphitlha mo tselaneng nngwe e tshesane. Mo letsatsing le le latelang re ne ra boela gape mo mebileng re tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa dikgwedi di ntse di feta, mapodise a ne a re tshwara gantsi jaana mo re neng re sa tlhole re itse gore ke ga kae. Gonne ke ne ke nna ke ipaakanyeditse go robala mo kgolegelong, ka metlha ke ne ke tshwara borashe jwa go tlhapa meno le pensele ya go tshasa dintshi tsa matlho.

Ka November 1946, Nathan Knorr, yo o neng a eteletse pele tiro ya lefatshe ka bophara ya Basupi o ne a re etela a tswa kwa Brooklyn, New York. O ne a laletsa rona babulatsela ba le 64 ba kwa Quebec go tsenela tlelase ya borobongwe ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa South Lansing, New York. Fa re le kwa sekolong seo, re ne ra rutwa mo khosong e e tseneletseng ya dikgwedi di le tlhano ya Baebele. Fa re sena go aloga ka August 1947, re ne ra romelwa mo ditoropong go ralala Quebec gore re ye go simolola diphuthego tse disha.

Bodiredi jo bo Itumedisang

Rona bokgaitsadi ba basha ba le banè re ne ra romelwa kwa toropong ya Sherbrooke. Re ne re ithuta Sefora ka tlhoafalo re ntse re boaboeletsa dipopego tse di farologaneng tsa madiri fa re ya kwa tshimong le fa re boa. Ka dinako dingwe re ne re tlhoka madi a go reka dijo ka nako ya dijo tsa motshegare, ka jalo re ne re boela gae go ya go ithuta. Modirimmogo le nna e bong Kay Lindhorst o ne a itse thutapuo fela thata. O ne a nthuta thutapuo ya Seesemane pele gore ke kgone go tlhaloganya ya Sefora.

Karolo e e botlhokwa thata ya fa ke bulatsela ke fa ke ne ke le kwa Victoriaville, toropo e ka nako eo e neng e na le baagi ba ka nna 15 000. Go ne go na le batho ba sekae fela ba ba kgonang go bua Seesemane ka jalo e ne e le lone lefelo le le siametseng gore re tokafatse tsela e re buang Sefora ka yone. Beke ya rona ya ntlha koo e ne e kgatlha tota. Gongwe le gongwe kwa re neng re ya teng batho ba ne ba amogela dibuka tsa rona. Fa re boela kwa go bone, re ne ra fitlhela dikgoro tsotlhe le digaretene di tswetswe. Matsapa di ne di a tsaya kae?

Moruti wa mo lefelong leo o ne a tlhagisitse batho gore ba se ke ba re reetsa. Ka jalo fa re ntse re tsamaya ka ntlo le ntlo, bana ba ne ba re latela mme ba re ngata ka maje le ka kapoko. Mme gone bontsi jwa batho ba lefelo leo ba ne ba batla go utlwa molaetsa wa Baebele. Kwa tshimologong ba ne ba re letla go ba etela fela ka lotlatlana. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba nna le kitso ya Baebele ba ne ba ithuta ba sa iphitlhe le fa baagelani ba bone ba sa rate seo.

Mo dingwageng tsa bo1950 nna le bonkgonne re ne ra boela kwa Wakaw go ya go eta. Re ne ra tlotla ka maitemogelo a rona a mo tshimong kwa dipokanong tsa phuthego. Morago ga foo, modiredi yo o okamelang o ne a re raya a re: “Ruri mmaalona o tla itumela tota fa a tsosiwa mo baswing mme a bona gore bana ba gagwe ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa!” O ne a re mmè o ne a ithuta Baebele le Mosupi mongwe pele a tlhokafala. Re ne re geletse dikeledi fa re utlwa gore mmè o ne a ithuta boammaaruri jwa Baebele le gore a ka bo a re rutile jone fa a ka bo a sa swa ka bonako.

Go Tsena mo Lenyalong le go Dira Mmogo mo Bodireding

Ka 1956, ke ne ka kopana le Merton Campbell, Mosupi mongwe yo o neng a feditse dikgwedi di le 27 a le mo kgolegelong ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II ka ntlha ya go boloka boitlhaodi jwa Bokeresete. O ne a ntse a direla kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn ka dingwaga di ka nna lesome. Merton o ne a na le dinonofo di le dintsi tsa semoya mme ke ne ke bona gore o tlile go nna monna yo o molemo. Re feditse dikgwedi re ntse re kwalelana makwalo mme tsela e re neng re tlotlana ka yone e ne ya dira gore re ratane thata.

Nna le Merton re ne ra nyalana ka September 24, 1960. A bo ke le lesego jang ne go bo ke feditse dingwaga di le 47 tse di fetileng le monna yono yo o molemo le yo o godileng semoyeng! Merton o berekile dingwaga di le 58 mo Lefapheng la Tirelo le le thusang le go kaela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo United States yotlhe. Ke feditse dingwaga di le 30 tiro ya me mo Brooklyn e le go kgabisa diphaposi tsa baeng mme moragonyana ke ne ke kgabisa Diholo tse dikgolo tsa Dikopano mo New York City. Mme ka 1995, nna le Merton re ne ra romelwa kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, le le leng dikilometara di ka nna 110 kafa bokone jwa New York City.

Fa ke ne ke tloga kwa gae ke na le dingwaga di le 12, ke ne ke sa akanye gore letsatsi lengwe ke tla bo ke dikologilwe ke lelapa le legolo jaana la semoya go akaretsa le bana ba kwa gae. Ke tlhologeletswe lefatshe le lesha la Modimo, fa re tla bo re kokoanetse Mmaarona re mo tlotlela gore go diregileng fa a ntse a robetse mo losong—bogolosegolo kafa Jehofa Modimo a neng a thusa bana ba gagwe ka gone gore ba itse Jehofa. Ruri re itumela tota go bo Jehofa a ne a re gogela “mo ditselaneng tsa tshiamo!”—Pesalema 23:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 21 Puso e ne ya thibela mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa ka July 4, 1940, gonne ba sa tseye letlhakore mo ntweng.

^ ser. 23 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go bogisiwa ga badumedi kwa Quebec, bona makasine wa Tsogang! wa April 22, 2000, tsebe 20-3 (ka Seesemane).

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Batsadi ba me le ntlo e re neng re nna kwa go yone le bana ba kwa gae ba le supa

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le badirimmogo le nna mo bodireding kwa Ottawa, 1952

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le bana ba kwa gae (go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng) Ann, Mary, Fred, Doris, John, Nna, Bill, le Emily

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le Merton gompieno