Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tlhoka go Gololwa!

Re Tlhoka go Gololwa!

KA TSHOGANYETSO fela moepo mongwe wa magala gaufi le Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A., o ne wa tlala ka dilitara di le dimilione tsa metsi. Badiri ba mo moepong ba le robonngwe ba ne ba gaeletswe dimitara di le 73 kafa tlase ga lefatshe ba le mo lefelong le lennye le go senang sepe mo go lone. Morago ga malatsi a le mararo, ba ne ba tswa mo moepong oo ba babalesegile. Ba ne ba namolwa jang?

Banamodi ba ne ba epa khuti e kgolo ya boatlhamo jwa disentimetara di le 65 mme morago ga moo ba folosetsa khetšhe e tshesane e bile e le telele kwa banna bao ba neng ba kokoane gone, banamodi bao ba ne ba thusiwa ke dimmapa tsa moepo le ke sedirisiwa sa sathalaete se se kgonang go bona dilo tse di fitlhegileng se se bidiwang Global Positioning System. Badiri ba moepo ba ne ba tsenngwa ka bongwe ka bongwe mo khetšheng eo mme ba ntshiwa kafa tlase ga lefatshe mo lefelong le ba batlileng ba swela mo go lone. Badiri bao botlhe ba ne ba itumetse, ba wetse dibete e bile ba leboga thata go bo ba ile ba namolwa.

Bontsi jwa rona re ka se ka ra gaelelwa mo tlase ga lefatshe jaaka go ile ga diragala ka badiri ba le robonngwe ba moepo kgotsa ra tshwanelwa ke go lebana le loso la masetlapelo. Le fa go ntse jalo, rotlhe re tlhoka go namolwa ka gonne re ka se kgone go tila ditlamorago tse di botlhoko tsa bolwetse le botsofe mme kgabagare, loso. Tlhogo ya lotso e e ikanyegang e bong Jobe o ne a re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego. O dule jaaka sethunya mme a kgaolwe, o tshaba jaaka moriti mme ga a tswelele a le teng.” (Jobe 14:1, 2) Gompieno dingwaga di ka nna 3 500 morago ga foo, mafoko ao a sa ntse a le boammaaruri, ka gonne ga go ope wa rona yo o kgonang go falola sengwe se se botlhoko se se re tlhagelang mo botshelong—loso. Go sa kgathalesege gore re nna kae kgotsa gore re tlhokomela botsogo jwa rona go le kana kang, re tlhoka go namolwa mo pogong, mo botsofeng le mo losong.

Baitsesaense le batho ba bangwe ba leka ka natla go lelefatsa botshelo. Mokgatlho mongwe o ile wa bolela gore maitlhomo a one ke go “fenya loso lo lo ka sekeng lwa tilwa” le go “thusa maloko a one gore a nne le mmele o o sa sweng.” Le fa go ntse jalo, go fitlha jaanong kgatelopele e e dirilweng mo go tsa saense le keletso e batho ba nang le yone ya go tshela ga di a ka tsa oketsa botshelo jwa motho gore bo fete dingwaga di le 70 kgotsa 80 tse Moshe a di umakileng dingwaga di le 3 500 tse di fetileng.—Pesalema 90:10.

Go sa kgathalesege gore a o ikutlwa jaaka Jobe kgotsa nnyaa, ga go pelaelo gore fa dingwaga di ntse di feta, le wena o tla “tshaba jaaka moriti” o tshabela kgakala le ditsala tsa gago, ba lelapa la gago, legae la gago mmogo le dilo tsotlhe tse o di fitlheletseng fa o sa ntse o tshela—mme o swe. Kgosi e e botlhale ya Iseraele wa bogologolo e bong Solomone o ne a kwala jaana: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo, ka gonne go ba gakologelwa go lebetswe.”—Moreri 9:5.

Fela jaaka Baebele e bontsha, boammaaruri ke gore loso lo ne lwa ‘busa batho jaaka kgosi’ e e setlhogo. Ee, loso ke mmaba wa bofelo o batho botlhe ba tlhokang go gololwa mo go ene. (Baroma 5:14; 1 Bakorintha 15:26) Badiri ba maemo a tshoganyetso ba ba katisitsweng sentle le ba ba nang le didirisiwa tse di molemo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng ba ka se ka ba go naya kgololo ya bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, Mmopi wa batho, Jehofa Modimo o rulagantse kgololo eo.