Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?

A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?

A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?

A O KILE wa ipotsa gore, ‘Go tla diragala eng ka lefatshe la rona mo isagweng?’ Fa batho ba bantsi ba bona se se diragalang mo polaneteng ya rona e ntle ba dumela gore lefatshe la rona le ka nna la se ka la falola.

Eleruri gompieno lefatshe le senngwa ke go sa dirisiwe sentle ga didirisiwa tse di botlhokwa thata tse di jaaka metsi, dikgwa le go kgotlelwa ga meya e e mo lefaufaung. Gape baitsesaense bangwe ba tlhagisa gore lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang tse di mo go lone le tla senngwa ke dilo tse di jaaka maje a magolo a a welang mo lefatsheng a tswa kwa dipolaneteng tse dingwe, go thunya ga naledi nngwe, kgotsa go fokotsega ga maatla a letsatsi a haeterojene.

Baitsesaense ba dumela gore kgabagare—gongwe morago ga dibilione tsa dingwaga—batho ga ba kitla ba kgona go tswelela ba tshela mo lefatsheng. Encyclopædia Britannica e tlhalosa seno e le “mokgwa o o ka se kang wa baakanngwa wa go rata go dira dilo ka tsela e e se nang thulaganyo.”

Se se itumedisang ke gore Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa Modimo ga a kitla a letla gore lefatshe le senngwe kgotsa le se ka la nniwa. E re ka e le ene Mmopi, o na le “maatla a a boitshegang” a a sa feleng, ka jalo a ka kgona go tlamela lobopo ka bosakhutleng. (Isaia 40:26) Ka jalo, o ka ikanya mafoko ano: “[Modimo] o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” “Mmakeng, lona letsatsi le ngwedi. Mmakeng, lona lotlhe dinaledi tsa lesedi. . . . Gonne o ne a laola, mme di ne tsa bopiwa. Mme o di boloka di eme ka bosaengkae.”—Pesalema 104:5; 148:3-6.

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe

E ne e se boikaelelo jwa Modimo gore lefatshe le senngwe le go kgotlelwa jaaka le ntse gompieno. Go na le moo, Modimo o ne a bopa monna wa ntlha le mosadi e bong Adame le Efa, mme a ba baya mo tshimong e ntle. Ke boammaaruri gore legae la bone la Paradaise le ne le ka se nne lentle ka bolone fela. Modimo o ne a ba laetse gore ‘ba le leme ba bo ba le tlhokomele.’ (Genesise 2:8, 9, 15) A bo Modimo a ne a neile batsadi ba rona ba ba neng ba itekanetse tiro e e itumedisang le e e kgotsofatsang jang ne!

Mme gone boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo ne bo akaretsa se se fetang fela go tlhokomela tshimo eo ya kwa tshimologong. O ne a batla gore lefatshe lotlhe le dirwe paradaise. Ke ka moo Modimo a neng a naya Adame le Efa taelo eno: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:28.

Ka maswabi boikaelelo jwa Modimo bo ne jwa kgorelediwa ke moengele yo o boikgogomoso yo moragonyana a neng a bidiwa Satane. O ne a eletsa gore Adame le Efa ba mo obamele. Satane o ne a bua le bone a dirisa noga mme a dira gore ba tsuologele bolaodi jwa Modimo. (Genesise 3:1-6; Tshenolo 12:9) Ruri bopelotshetlha jwa bone le go tlhoka kanaanelo go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Mmopi wa rona botlhoko fela thata! Mme gone botsuolodi jwa bone ga bo a ka jwa fetola boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ka lefatshe. Modimo a re: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me ga le . . . kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Jehofa o na le lebaka le le utlwalang la go bo a letleletse botsuolodi jwa ga Satane gore bo tswelele go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Mo nakong eo, batho ba ile ba leka go ipusa ka ditsela tse di farologaneng, mme matswela a gone a bontshitse gore go ipusa re sa laolwe ke Modimo, go Satane a neng a go rotloetsa, go padile. *Jeremia 10:23.

Le fa go ntse jalo, sengwe se se itumedisang ke gore mo dingwageng tse dintsintsi tse di fetileng, Modimo o ne a segofatsa batho bangwe ba ba siameng. Gape mo Baebeleng go na le pego ya se se neng sa diragalela batho ba ba neng ba ikobela Modimo le ba ba neng ba gana go ikobela bolaodi jwa gagwe. Mo godimo ga moo, Jehofa o re diretse dilo tse di itumedisang tse di tla re solegelang molemo mo isagweng. O ne a re naya Mogolodi ka lorato ka go romela Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete, go re ruta tsela e e molemo ya go tshela le go re ntshetsa botshelo jwa gagwe. (Johane 3:16) E re ka Jesu a ne a sa tshwanelwe ke go swa, Modimo o ne a dirisa loso lwa gagwe e le tsela e e tshwanetseng ya go busetsa batho se Adame le Efa ba se latlhileng, e leng tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. * Go fitlhelela seo, Jehofa Modimo o tlhomile puso kwa legodimong go busa batho botlhe mme o tlhomile Morwawe yo a mo tsositseng mo baswing, Jesu Keresete, go nna Kgosi ya Bogosi joo. Thulaganyo eno e e molemo e tla tlhomamisa gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo a diragadiwa.—Mathaio 6:9, 10.

Ka jalo, o ka ikanya ka botlalo ditsholofetso tseno tse di itumedisang tse di mo Baebeleng: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe. Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” “‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’ Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’”—Pesalema 37:9, 29; Tshenolo 21:3-5.

Baebele ga e Ikganetse

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, ‘Ditemana tsa Baebele tse di umakilweng fa godimo di amana jang le ditemana tse dingwe tse go bonalang di bua gore lefatshe le tlile go senngwa ka bosakhutleng?’ A re sekasekeng dikai di le mmalwa. Go sekaseka dilo jalo go tla re bontsha gore Baebele ga e ikganetse.

Bogologolo pele ga borasaense ba lemoga “mokgwa wa go rata go dira dilo ka tsela e e se nang thulaganyo” o o leng teng mo popong yotlhe, mopesalema wa Baebele o ne a kwala jaana: “O [ke gore Modimo] ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone, mme magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone ka botsone di tla nyelela, mme wena ka bowena o tla nna o eme; mme di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo. O tla di emisetsa fela jaaka diaparo, mme di tla fetsa lobaka lwa tsone. Mme wena o ntse o tshwana fela, le dingwaga tsa gago ga di kitla di wediwa.”—Pesalema 102:25-27.

Fa mopesalema a ne a kwala mafoko ano, o ne a sa ganetse boikaelelo jo bo nnetseng ruri jo Modimo a nang le jone ka lefatshe. Go na le moo, o ne a bontsha pharologanyo e e leng teng gare ga Modimo yo o nnetseng ruri le dilo tsotlhe tse di nyelelang tse a di bopileng. Fa Modimo a ne a se na nonofo e e sa feleng ya go ntšhafatsa dilo, lobopo lotlhe—go akareletsa le thulaganyo ya masedi a tlholego e re ikaegileng ka yone gore re tshele sentle, re bo re nne le lesedi—lo ne lo tla tlhakatlhakana mme lo senyegele ruri. Ka jalo, fa lefatshe le ka bo le tlogeletswe fela, le ne le tla “onala” kgotsa le senyegele ruri.

Go na le ditemana tse dingwe mo Baebeleng tse di ka utlwalang e kete di ganetsa boikaelelo jo Modimo a bo buileng kwa tshimologong ka lefatshe. Ka sekai, Baebele ya re legodimo le lefatshe ‘di tla feta.’ (Tshenolo 21:1) Ruri mafoko ano ga a ganetse se Jesu a se solofeditseng: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Ka jalo, Baebele e raya go reng fa e re legodimo le lefatshe ‘di tla feta’?

Gantsi Baebele e dirisa lefoko “lefatshe” ka tsela ya tshwantshetso, fa e bua ka batho. Ka sekai, akanya ka temana e e latelang: “Lefatshe lotlhe la tswelela le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela.” (Genesise 11:1) Ga go pelaelo gore fano lefoko “lefatshe” le kaya batho ba ba neng ba tshela mo lefatsheng. Sekai se sengwe se mo go Pesalema 96:1 e go ya ka King James Version e reng: “Opelelang MORENA, lona lefatshe lotlhe.” Go bonala sentle gore mo temaneng eno le mo go tse dingwe, lefoko “lefatshe” le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso fa go buiwa ka batho.—Pesalema 96:13.

Ka dinako tse dingwe Baebele e tshwantsha dipuso tse di mo lefatsheng le magodimo kana dibopiwa tse di kwa legodimong. Ka sekai, babusi ba ba gatelelang ba kwa Babelona ba ne ba tshwantshiwa le dinaledi ka gonne ba ne ba ikgodisa go feta batho ba ba ba dikologileng. (Isaia 14:12-14) Fela jaaka go ne go boleletswe pele, “magodimo” a tshwantshetso a Babelona kana setlhopha se se busang, le “lefatshe,” e leng batho ba ba emang dipuso tseo nokeng ba ne ba fedisiwa ka 539 B.C.E. (Isaia 51:6) Seo se ne sa naya Bajuda ba ba ikwatlhaileng sebaka sa go boela kwa Jerusalema kwa “magodimo a masha,” e leng setlhopha se se sesha, se neng se busa mo ‘lefatsheng le lesha,’ mme se busa batho ba ba siameng.—Isaia 65:17.

Go lebega mafoko a a mo Baebeleng a a reng legodimo le lefatshe ‘di tla feta,’ a raya bokhutlo jwa dipuso tse di bosula tsa batho tsa gompieno mmogo le baemanokeng ba tsone ba ba sa boifeng Modimo. (2 Petere 3:7) Seo se tla naya puso e ntšha ya Modimo ya kwa legodimong sebaka sa go segofatsa mokgatlho o mosha wa batho ba ba siameng, gonne “go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:7, 13.

Ka jalo, o ka ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore legae la rona la mo lefatsheng le tla nnela ruri. Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o nne le seabe mo nakong eo e e itumedisang ya fa lefatshe lotlhe le tla bo le fetotswe go nna paradaise. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ke eng o sa ipeele mokgele wa go sekaseka se Baebele e se rutang ka isagwe ya lefatshe le ya batho? Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong le o nnang mo go lone ba tla itumelela go go thusa go dira jalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Go bona tlhaloso ya lebaka la go bo Modimo a letleletse pogo, bona ditsebe 106-14 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 11 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, bona ditsebe 47-56 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Baebele e re solofetsa gore legae la rona la mo lefatsheng le tla nnela ruri

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Background globe: NASA/The Visible Earth (http://visibleearth.nasa.gov/); polar bear: © Bryan and Cherry Alexander Photography