Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Haramagedona—Ntwa ya Modimo e e Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe

Haramagedona—Ntwa ya Modimo e e Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe

Haramagedona—Ntwa ya Modimo e e Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe

“Ba-Inuit ba kwa Greenland ba tsaya go bolaya motho yo mongwe e le bosetlhogo; ka jalo mo go bone ntwa ke selo se ba sa se tlhaloganyeng le se se makgapha, se puo ya bone e se nang lefoko la go se tlhalosa.” —MMATLISISI WA KWA NORWAY, FRIDTJOF NANSEN KA 1888, A TLHALOSA TSELA E BA-INUIT BA KWA GREENLAND BA IKUTLWANG KA TENG KA NTWA.

KE MANG yo o neng a se kitla a itumelela go tshela mo setšhabeng se ntwa e neng e le selo se se sa “tlhaloganngweng le se se makgapha”? Ke mang yo o sa eletseng go tshela mo lefatsheng le mo go lone lefoko le le tlhalosang ntwa le seyong ka gonne ba sa itse ntwa? Go ka nna ga utlwala go sa kgonege gore lefatshe le le ntseng jalo le nne teng, segolobogolo fa re solofetse gore le tla tlisiwa ke batho.

Le fa go ntse jalo, mo boporofeting jwa ga Isaia, Modimo o ne a solofetsa gore o tla dira gore lefatshe le le ntseng jalo le nne teng: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

Eleruri, lefatshe le masole a lone a a mo tirong a le dimilione di le 20 mmogo le dintwa di ka nna 20 tse jaanong di tsweletseng pele, di tshwanetse go khutla gore tsholofetso eno e diragadiwe. Ga go gakgamatse go bo Modimo mothatayotlhe, Jehofa, a tla tshwanelwa ke go tsenelela mo dikgannyeng tsa batho. Fa Jehofa a dira jalo, seo se tla felela ka se Baebele e reng ke Haramagedona.—Tshenolo 16:14, 16.

Le mororo mo dingwageng tsa bosheng jaana lefoko “Haramagedona” le ntse le dirisiwa go tlhalosa ntwa ya lefatshe lotlhe ya nuklea, dikishinare nngwe e tlhalosa bokao jo bogolo jwa lefoko leno ka tsela eno: “Lefelo la ntwa e kgolo e bile e le ya bofelo, fa gare ga mephato e e bosula le e e molemo.” A bosula bo tla tsamaya bo fenya molemo, kgotsa a ntwa ya mofuta oo ke tlhamane fela?

Re ka gomodiwa ke go itse gore gangwe le gape Baebele e bua ka go fedisiwa ga boikepo. Mopesalema o ne a bolelela pele jaana: “Baleofi ba tla fedisiwa mo lefatsheng; mme fa e le baikepi, ga ba kitla ba tlhola ba nna teng.” (Pesalema 104:35) Buka ya Diane ya re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—Diane 2:21, 22.

Gape Baebele e tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore baikepi ga ba kitla ba dumela go tlogela go busa; mme ke lone lebaka la go bo go tshwanetse ga nna le ntwa ya Modimo ya bofelo e e tla fedisang bosula jotlhe, go akareletsa le bosula jo bo bakwang ke ntwa. (Pesalema 2:2) Leina le Baebele e le dirisang go tlhalosa ntwa eno e e sa tshwaneng le epe, Haramagedona, le na le bokao jo bogolo fela thata.

Dintwa Tsa Bogologolo Tse di Neng Tsa Lwelwa Gaufi le Megido

Lefoko “Haramagedona” le kaya “Thaba ya Megido.” Motse wa bogologolo wa Megido le lefelo le le dikologileng Dipoa tsa Jesereele, ga di bolo go nna mafelo a go lwelwang dintwa tsa makgaolakgang mo go one. Rahisitori mongwe e bong Eric H. Cline o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Battles of Armageddon: “Go ralala hisitori, Megido le Mokgatšha wa Jesereele e ntse e le mafelo a go lwelwang dintwa tse di neng di lere tlhabologo.”

Jaaka fa Cline a bontsha, gantsi dintwa tse di neng di lwelwa gaufi le Megido e ne e le tsa makgaolakgang. Masole a Mongol a a neng a gapa le go busa dikarolo tse dintsi tsa Asia mo lekgolong la bo13 la dingwaga, a ne a fenngwa la ntlha mo mokgatšheng ono. Ka ntwa ya lefatshe ya ntlha masole a Boritane a a neng a eteletswe pele ke Mojenerale Edmund Allenby a ne a fenya masole a Ba-Turks gaufi le Megido. Rahisitori mongwe yo e neng e le lesole o ne a tlhalosa phenyo ya ga Allenby a re ke “lengwe la matsholo a makgaolakgang le dintwa tsa makgaolakgang tse di lolweng ka bonako le ka botlalo mo hisitoring yotlhe.”

Dintwa tsa makgaolakgang tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng le tsone di ne tsa lwelwa gaufi le Megido. Ke gone koo Moatlhodi Barake a neng a fenya teng masole a Bakanana a kwa Sisera. (Baatlhodi 4:14-16; 5:19-21) Gideone mmogo le setlhopha sa gagwe se sennye sa banna ba le 300 ba ne ba fenya mophato o mogolo wa sesole sa Bamidiana gaufi le lefelo leo. (Baatlhodi 7:19-22) Kgosi Saulo le morwawe Jonathane ba ne ba swela gaufi le Thaba ya Gileboa fa masole a Bafilisitia a ne a fenya masole a Iseraele.—1 Samuele 31:1-7.

E re ka Megido le mokgatšha o o gaufi le one di ne di le mo lefelong le le siameng la go tlhasela, go ile ga lowa dintwa di le dintsi mo mafelong ao mo dingwageng di le 4 000 tse di fetileng. Mokwalahisitori mongwe o buile ka di le 34 fela!

Ntle le pelaelo, hisitori ya Megido le lefelo le e neng e le mo go lone le le siametseng ntwa di amana ka tsela ya tshwantshetso le tiriso ya lefoko “Haramagedona.” Le mororo lefoko leo le tlhaga gangwe fela mo Baebeleng, tsela e le dirisitsweng ka yone mo bukeng ya Tshenolo e bontsha sentle gore Haramagedona e tla ama mongwe le mongwe mo lefatsheng.

Se Baebele e se Bolelang ka Haramagedona

Le fa dintwa tse dintsi tse di neng di lwelwa gaufi le Megido mo nakong e e fetileng e ne e le tsa makgaolakgang, ga go epe ya tsone e e fedisitseng boikepo. Totatota ga go epe ya tsone e e neng e le magareng ga mephato e e siameng le e e bosula. Modimo ke ene fela yo o ka simololang ntwa ya mofuta oo. Nako nngwe Jesu o ne a re, “ga go na ope yo o molemo, fa e se a le mongwe, e bong Modimo.” (Luke 18:19) Mo godimo ga moo, Baebele e bitsa Haramagedona ntwa ya Modimo.

Mo Baebeleng, buka ya Tshenolo e bolela gore ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di tla phuthelwa mmogo “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14) Pego ya boporofeti e oketsa jaana: “Mme tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera,” kgotsa Aramagedona. * (Tshenolo 16:16) Moragonyana, buka ya Tshenolo e tlhalosa gore “dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone” di tla ‘phuthelwa go lwa ntwa le yo o pagameng pitse le masole a gagwe.’ (Tshenolo 19:19) Mopagami yono wa pitse o tlhalosiwa e le Jesu Keresete.—1 Timotheo 6:14, 15; Tshenolo 19:11, 12, 16.

Re ka konela ka go reng ka ditemana tseno? Gore Haramagedona ke ntwa magareng ga Modimo le mephato ya batho ba ba seng kutlo. Ke ka ntlha yang fa Jehofa le Morwawe Jesu Keresete ba lwa ntwa e e ntseng jaana? Ka gonne Haramagedona e tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Mo godimo ga moo, e tla tlisa lefatshe le le nang le kagiso, ‘lefatshe le lesha le re le letetseng go ya ka tsholofetso ya Modimo le go tla nnang tshiamo mo go lone.’—2 Petere 3:13.

Ke ka Ntlha Yang fa Haramagedona e le Botlhokwa?

A o fitlhela go le thata go akanya gore Jehofa, “Modimo wa lorato” o tla tlhoma Morwawe, “Kgosana ya Kagiso” go lwa mo ntweng? (2 Bakorintha 13:11; Isaia 9:6) Ntle le pelaelo, go itse maitlhomo a bone go tla go thusa go tlhaloganya lebaka la go bo ba dira jalo. Buka ya Dipesalema e tlhalosa Jesu e le motlhabani yo o pagameng pitse. Ke ka ntlha yang fa a lwa? Mopesalema o tlhalosa gore Keresete o pagame pitse “ka ntlha ya boammaaruri le boikokobetso le tshiamo.” O lwa ntwa eno ka gonne a rata tshiamo mme a tlhoile boikepo.—Pesalema 45:4, 7.

Ka tsela e e tshwanang, Baebele e tlhalosa tsela e Jehofa a tsibogelang ka yone tshiamololo e a e bonang mo lefatsheng gompieno. Moporofeti Isaia o kwala jaana: “MORENA o ne a bona seno, mme ga a itumele ka gonne ga go na tshiamiso. O tla apara tshiamiso e le diaparo tsa tlhabano le maatla a go boloka e le tlhoro ya phemelo. O tla nna le keletso e e maatla ya go tlhamalatsa dilo mme o tla otlhaya le go busolosa bosula jo bo diragalelang batho.”—Isaia 59:15, 17, Today’s English Version.

Batho ba ba siameng ga ba kitla ba nna le kagiso le polokesego fa fela batho ba ba boikepo ba sa ntse ba busa. (Diane 29:2; Moreri 8:9) Ke boammaaruri gore, ga re kgone go dira gore batho ba ba dirang ditiro tse di seng kafa molaong le ba ba dirang tshiamololo ba tlogele ditiro tseo. Ka jalo, gore go nne le kagiso e e nnetseng ruri le tshiamiso, batho ba ba boikepo ba tshwanetse go nyelediwa. Solomone o ne kwala jaana: “Moikepi ke thekololo ya mosiami.”—Diane 21:18.

E re ka Modimo e le Moatlhodi, re ka tlhomamisega gore mo dikgannyeng tsotlhe o tla atlhola baikepi ka tshiamo. Aborahame o ne a botsa jaana: “A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a tle go dira se se siameng?” Karabo e Aborahame a neng a e lemoga ke ya gore Jehofa ka dinako tsotlhe o dira se se siameng. (Genesise 18:25) Mo godimo ga moo, Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a itumelele go senya baikepi; o dira seo fela fa e le yone kgato ya bofelo e a ka e tsayang.—Esekiele 18:32; 2 Petere 3:9.

Go Itse Gore Haramagedona ke Ntwa ya Mmatota

Re tla bo re le mo letlhakoreng la ga mang ka ntwa eo ya makgaolakgang? Bontsi jwa rona re akanya gore re setse re le mo letlhakoreng la mephato e e molemo. Mme re ka tlhomamisega jang? Moporofeti Sefania o rotloetsa jaana: “Batlang tshiamo, batlang bopelonolo.” (Sefania 2:3) Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

Go ithuta boammaaruri ka ga Jehofa le ka boikaelelo jwa gagwe jwa go fedisa boikepo mo lefatsheng, ke kgato ya ntlha ya go bona poloko. Go dira se se siameng ke kgato ya bobedi e e dirang gore Modimo a re amogele a bo a re sireletse.

Fa re tsaya dikgato tseno tsa botlhokwa, ruri re ka lebelela pele Haramagedona, ntwa e tota e tla fedisang dintwa tsa batho. Fa ntwa eo e fedile, batho gongwe le gongwe ba tla leba ntwa e le selo se se sa tlhaloganyesegeng le se se makgapha. “Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Go bona motlotlo o o tlhalosang gore a Haramagedona ke lefelo la mmatota, bona setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa” mo go tsebe 31.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Haramagedona ke fa Modimo a tsenelela mo dikgannyeng tsa batho

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Megido

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Gideone le batlhabani ba gagwe ba ne ba fenya ntwa ya makgaolakgang gaufi le Megido

[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Morago ga Haramagedona, batho gongwe le gongwe ba tla leba ntwa e le selo se se sa tlhaloganyesegeng le se se makgapha

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go ithuta boammaaruri ka Jehofa le boikaelelo jwa gagwe ke kgato ya ntlha ya go bona poloko