Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Tshwanelegang go Busa Batho?

Ke Mang yo o Tshwanelegang go Busa Batho?

Puo e e Kgethegileng ya Phatlalatsa

Ke Mang yo o Tshwanelegang go Busa Batho?

Ke mmusi ofe yo o ka kgonang go

• rarabolola masetlapelo a ikonomi, go tlamela batho botlhe ka dijo le go ba naya bonno jo bo siameng?

• thibela masetlapelo a tlholego, gore batho ba se ka ba utlwisiwa botlhoko ke tshenyo e e bakiwang ke ditsunami, dikgwanyape kgotsa dithoromo tsa lefatshe?

• fedisa malwetse otlhe, tota le go dira gore batho ba ba tsofetseng ba nne le maatla a bosha?

• fedisa dintwa tsotlhe, e le gore batho ba a ba busang ba tshele ka kagiso le ka pabalesego?

• busetsa tirisano ya ditshedi le tikologo ya tsone mo seemong se se tshwanetseng, go fetola lefatshe gore e nne paradaise?

Ke Mmusi a le mongwe fela yo o tla kgonang go tlisa diphetogo tseno tse di molemo. Mmusi yoo ke mang? Potso eo e tla arabiwa mo puong ya phatlalatsa e e reng “Ke Mang yo o Tshwanelegang go Busa Batho?” Puo eno e e theilweng mo Baebeleng e tla neelwa lefatshe ka bophara mo dinageng di feta 230. Mo mafelong a le mantsi e tla neelwa mo Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leo, ka Sontaga, April 6, 2008. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go bolelela nako le aterese ya lefelo le puo eo e tla tshwarelwang kwa go lone. O lalediwa ka lorato gore o nne teng.