Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo yo o Bonang Kafa re Leng Tlhwatlhwakgolo ka Gone

Modimo yo o Bonang Kafa re Leng Tlhwatlhwakgolo ka Gone

Atamalana le Modimo

Modimo yo o Bonang Kafa re Leng Tlhwatlhwakgolo ka Gone

Luke 12:6, 7

‘DIPELO tsa rona di ka re bona molato.’ Mafoko ao a a mo Baebeleng a bontsha kafa ka dinako tse dingwe dipelo tsa rona di ka dirang gore re itshwaye diphoso ka tsela e e feteletseng ka gone. Tota di ka dira gore re nne re ikutlwe re sa tshwanelwe ke go ratiwa ke Modimo le gore a re tlhokomele. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:19, 20) Modimo o re itse go feta kafa rona re ikitseng ka teng. A ka tswa a re leba ka tsela e e farologaneng thata le e rona re itebang ka yone. Ka jalo, re tlhwatlhwakgolo go le kae mo go Jehofa Modimo? Re ka bona karabo ya potso eo mo setshwantshong se se amang pelo se Jesu a neng a se dirisa ka makgetlo a le mabedi a a sa tshwaneng.

Nako nngwe Jesu o ne a re, ‘dithaga tse pedi di rekisiwa ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase.’ (Mathaio 10:29, 31) Go ya ka Luke 12:6, 7, Jesu o ne a re gape: “Dithaga di le tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase, ga ke re? Le fa go ntse jalo ga go e le nngwe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. . . . Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.” Setshwantsho seno se se sa raraanang mme se na le molaetsa o o maatla se re ruta kafa Jehofa a lebang moobamedi mongwe le mongwe wa gagwe ka gone.

Dithaga e ne e le dingwe tsa dinonyane tse di neng di le tlhwatlhwatlase thata mo dinonyaneng tsotlhe tse di neng di jewa. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a tlhola a bona basadi ba bahumanegi—gongwe le eleng mmaagwe tota—ba reka dinonyane tseno tse dinnye kwa marekisetsong go fepa ba malapa a bone. Ka ledi le le lengwe la tshipi la assarion le le kwa tlase ga disente di le 35 mo mading a gompieno, motho o ne a kgona go reka dithaga di le pedi. Dinonyane tseno di ne di le tlhwatlhwatlase jaana mo ka madi a le mabedi a tshipi moreki a neng a newa dithaga di le tlhano e seng di le nnè, ya botlhano a e newa kwantle ga tuelo.

Jesu o ne a re ga go le fa e le thaga e le nngwe “e e lebalwang fa pele ga Modimo” kana e e welang “fa fatshe kwantle ga” kitso ya ga Rara. (Mathaio 10:29) Jehofa o a lemoga nako nngwe le nngwe fa thaga e wela fa fatshe gongwe e le ka gonne e gobetse kgotsa e batla dijo. Dinonyane tseno tse go lebegang e kete ga di bonale tse Jehofa a neng a sa bone di le dinnye thata gore a ka di bopa, ga di dinnye gore a ka di gakologelwa. Totatota o di tsaya di le tlhwatlhwakgolo gonne ke ditshedi tse dintle. A o lemoga se Jesu a re rutang sone ka setshwantsho seno?

Gantsi Jesu o ne a dirisa dipapiso fa a ruta, a ruta ka selo se sennye mme a bontsha kafa se ka thusang ka gone mo dilong dingwe tsa botlhokwa. Ka sekai, Jesu o ne a re gape: “Magakabe ga a jale peo le fa e le go roba, e bile ga a na bobolokelo le fa e le ntlo ya polokelo, mme le fa go ntse jalo Modimo o a a fepa. Lona lo botlhokwa go le kana kang go feta dinonyane?” (Luke 12:24) Jaanong re kgona go lemoga se mafoko a Jesu a neng a a bua ka dithaga a re rutang sone: Fa Jehofa a kgathalela dinonyane tseno tse dinnye, o tshwanetse a bo a kgathalela thata jang ne batho ba ba mo ratang le ba ba mo obamelang!

Go dumalana le mafoko ano a ga Jesu, ga re a tshwanela go inyatsa mo re tsayang gore ga re tshwanelwe ke go bonwa le ke go tlhokomelwa ke Modimo “yo mogolo go feta dipelo tsa rona.” A tota ga go gomotse go itse gore Mmopi wa rona o kgona go bona mo go rona sengwe se rona re sa kgoneng go se bona?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Sparrows: © ARCO/D. Usher/age fotostock