Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ntwa e E Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe”

“Ntwa e E Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe”

“Ntwa e E Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe”

‘Ke lo solofetsa gore eno e tla nna ntwa ya bofelo—ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe.’ —WOODROW WILSON, PORESIDENTE WA UNITED STATES (1913-21).

MOETELEDIPELE mongwe wa lefatshe o ne a solofetse gore maemo a ne a tla nna jalo kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I dingwaga di ka nna 90 tse di fetileng. Ntwa eo ya lefatshe lotlhe e ne e le setlhogo thata mo e leng gore ba ba e fenyang ba ne ba batla—e bile ba tshwanetse—go dumela gore go intsha setlhabelo ga bone go ne go tla lere kagiso e e tla nnelang ruri. Ga se gantsi dintwa tsa batho di kgonang go rarabolola mathata e bile ga di kgone go fedisa mathata a magolo a a bakiwang ke ntwa.

Dingwaga di ka nna 20 fa Poresidente Wilson a sena go dira tsholofetso e a neng a sa tlhomamisega ka yone, go ne ga runya ntwa ya bobedi ya lefatshe. Batho ba le bantsi ba ne ba swa mo ntweng eo e bile e ne ya baka tshenyo e kgolo go feta ntwa ya ntlha. Kgatelopele e e neng ya dirwa mo go tsa botegeniki morago ga Ntwa ya Lefatshe I le pele ga Ntwa ya Lefatshe II e ne ya dira gore batho ba nne ditswerere mo go bolayeng batho ba le bantsintsi. Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ya bokhutlong, babusi ba lefatshe ba ne ba lemoga gore go ne go sa ntse go tla nna le dintwa tse dingwe tse dikgolo.

Ka 1945, Mojenerale wa United States e bong Douglas MacArthur o ne a re: “Re ne re na le tshono ya bofelo ya go fedisa dintwa. Fa re sa tlhame thulaganyo nngwe e e botoka ya go itshireletsa, Haramagedona e tla re tlhasela.”

Mojenerale MacArthur o ne a itse gore dibomo tse pedi tsa atomo di ne tsa baka tshenyo e kgolo kwa Nagasaki le kwa Hiroshima fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e ya kwa bokhutlong. Tshenyo e kgolo e e nnileng teng kwa ditoropong tse pedi tseno tsa kwa Japane e ne ya dira gore a tlhalose lefoko “Haramagedona” ka tsela e nngwe e ntšha—ntwa ya nuklea e e ka bakang tshenyo e kgolo e e tla fedisang ditlhabologo mo polaneteng ya rona.

Batho ba sa ntse ba tshwenngwa ke kgang ya gore go ka nna le ntwa ya nuklea. Ka dingwaga tsa bo1960, dipuso tse dikgolo tsa lefatshe di ne tsa tlhama leano la “gore di nne seoposengwe mme di tlhasele dipuso tse dingwe.” Boikaelelo jwa tsone e ne e le gore di nne le dimmisaele di le dintsi kgotsa mekgwa ya go di romela kwa ba batlang gore di ye go thuntsha gone, go tlhomamisa gore di bolaya diperesente di le 25 tsa baagi ba baba ba e seng masole le go senya diperesente di le 50 tsa madirelo a bone—go sa kgathalesege gore ke mang yo o simolotseng ntwa. Ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba itumelela leano leno la go tlisa kagiso mo lefatsheng.

Gompieno, palo ya dibetsa tsa nuklea e ntse e oketsega mme go sa ntse go na le dintwa tse di bolayang batho ba ba bantsintsi mo dikgaolong dingwe. Batho ba sa ntse ba tshwenngwa ke kgang ya gore go ka nna le ntwa ya nuklea. Le mororo batho ba eletsa go bona ntwa e sa tlhole e le teng, ke ba le mmalwa fela ba ba dumelang gore ntwa kana leano lepe fela le ka kgona go fitlhelela seo.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa ntwa e e sa tshwaneng le epe e e tla fedisang dintwa tsotlhe. E bitsa ntwa eo e re ke “Haramagedona”—lefoko le gantsi batho ba le amanyang le ntwa ya nuklea. Totatota Haramagedona e tla fedisa ntwa jang? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

DTRA Photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Nagasaki, Japan, 1945: USAF photo