Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Selalelo sa Morena—Kafa Moletlo Ono o Simologileng ka Teng

Selalelo sa Morena—Kafa Moletlo Ono o Simologileng ka Teng

Selalelo sa Morena—Kafa Moletlo Ono o Simologileng ka Teng

BATHO lefatshe ka bophara ba keteka moletlo ono ka metlha—e ka ne e le ka makgetlo a le mmalwa mo ngwageng, beke le beke kgotsa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, moletlo ono o bidiwa masaitsiweng a tumelo, mme batho ba le bantsi ba ba o ketekang ga ba o tlhaloganye. O tsewa o le boitshepo e bile o tshwanetse go nna tiragalo e e gakgamatsang.

Moletlo oo ke wa Selalelo sa Morena—e leng karolo ya Mmisa wa Katoliki fa moruti a segofatsa senkgwe le beine mme a bo a laletsa phuthego gore e tseye Keresete e le Selalelo se se Boitshepo. * Mopapa Benedict XVI o ne a bolela gore Bakatoliki ba tsaya moletlo ono e le “karolo ya botlhokwa ya tumelo ya bone.” Bosheng jaana, kereke e ne ya keteka “Ngwaga wa Selalelo sa Morena” e le tsela ya go “tsosolosa le go nonotsha tumelo mo moletlong ono.”

Tota le Bakatoliki ba ba nang le tumelo e e bokoa ba rata moletlo ono fela thata. Ka sekai, bosheng jaana mo tlhamong e e neng e le mo makasineng wa Time, mosadi mongwe yo go tweng o mosha e bile o gatetse pele mo kerekeng ya Katoliki o ne a kwala jaana: “Le fa go na le dilo tse kereke ya Katoliki e di rutang tse re sa dumalaneng le tsone, re sa ntse re ngaparetse selo se le sengwe fela se se re kopanyang mo kerekeng ya Katoliki: tsela e re ineetseng ka yone mo go ketekeng moletlo wa Selalelo sa Morena.”

Mme gone, Selalelo sa Morena ke eng? A balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go se keteka? A re sekasekeng pele gore moletlo ono o simologile jang. Mme morago ga moo re ka araba potso eno e e botlhokwa: A Selalelo sa Morena ke sone se Jesu Keresete a neng a se tlhoma dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng?

Se Dikereke Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete di se Bolelang ka Selalelo sa Morena

Ga go thata go bona gore ke ka ntlha yang fa Selalelo sa Morena se tsewa e le tiragalo e e gakgamatsang. Thapelo ya Selalelo sa Morena ke yone karolo ya botlhokwa ya moletlo ono. Go ya ka Catechism of the Catholic Church, ka nako eo “tlhotlheletso e mafoko le tiro ya ga Keresete di nang le yone, le maatla a Moya o o Boitshepo” di dira gore mmele le madi a gagwe “a nne boitshepo.” Fa moruti a sena go ja senkgwe le go nwa beine, o laletsa badumedi ba ba ikanyegang go amogela Selalelo, gantsi ba dira seo ka go ja Senkgwe fela.

Kereke ya Katoliki e ruta gore senkgwe le beine di fetolwa ka kgakgamatso go nna mmele wa mmatota wa ga Keresete le madi a gagwe. Thuto eno e simolotse ka iketlo, fa e ne e tlhalosiwa pele e bo e dirisiwa semolao mo lekgolong la bo13 la dingwaga. Mo motlheng wa Diphetogo tsa Boporotesetanta, batho ba ile ba belaela tsela e kereke ya Katoliki e ketekang ka teng moletlo ono wa Selalelo sa Morena. Luther o ne a ganetsa thuto ya gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele wa mmatota wa ga Keresete le madi a gagwe mme o ne a rata thuto ya gore senkgwe le beine di emela go nna teng ga ga Keresete ka tsela ya mmatota mo moletlong oo. Pharologanyo gareng ga dithuto tseno e ne e sa lemotshege sentle. Luther o ne a ruta gore senkgwe le beine ga di fetoge go nna nama ya mmatota ya ga Jesu le madi a gagwe, go na le moo di nna teng mmogo le Jesu.

Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le ditsela tse dingwe tse di farologaneng tse dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di neng di tlhalosa bokao jwa Selalelo sa Morena mmogo le tsela e se ketekiwang ka yone le gore se tshwanetse go ketekiwa gakae. Le fa go ntse jalo, ka tsela nngwe moletlo ono o ile wa nna o ntse o le botlhokwa thata mo dikerekeng tsotlhe tse di ipitsang tsa Bokeresete. Mme gone, moletlo o Jesu a neng a o tlhoma kwa tshimologong o ne o ketekiwa jang?

Go Tlhomiwa ga “Sejo sa Morena sa Maitseboa”

Jesu ke ene a neng a tlhoma ‘sejo sa Morena sa maitseboa’ kgotsa Segopotso sa loso lwa gagwe. (1 Bakorintha 11:20, 24) Le fa go ntse jalo, a o ne a tlhoma moetlo mongwe o o sa tlwaelegang o mo go one balatedi ba gagwe ba neng ba tshwanetse go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe?

Jesu o ne a sa tswa go keteka Tlolaganyo ya Bajuda le go leleka Judase Isekariota, moaposetoloi yo o neng a tlile go mo oka. Mathaio yo e neng e le mongwe wa baaposetoloi ba ba 11 ba ba neng ba le gone, o ne a bega jaana: “Ya re ba ntse ba tsweletse baa ja, Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’ Gape, a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga [ka Segerika, eu kha·ri·ste΄sas], a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya “madi a kgolagano” a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’”—Mathaio 26:26-28.

Fela jaaka Jesu, batlhanka botlhe ba Modimo le bone, ba tsaya go rapelela dijo e le kgang ya botlhokwa. (Duteronome 8:10; Mathaio 6:11; 14:19; 15:36; Mareko 6:41; 8:6; Johane 6:11, 23; Ditiro 27:35; Baroma 14:6) A go na le lebaka lengwe la go dumela gore fa Jesu a ne a leboga, o ne a dira kgakgamatso nngwe e mo go yone balatedi ba gagwe ba neng ba tla ja nama le go nwa madi a gagwe ka tsela ya mmatota?

“Seno se Kaya” Kgotsa “Seno ke”?

Ke boammaaruri gore dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola mafoko a ga Jesu jaana: “Tsayang mme lo jeng; seno ke mmele wa me,” le “Nwang lotlhe, ka gonne seno ke madi a me.” (Mathaio 26:26-28, Conferenza Episcopale Italiana; The New Jerusalem Bible) Gape ke boammaaruri gore lefoko la Segerika e·stin΄, e leng popego ya lediri la Segerika “go nna” totatota le kaya “ke.” Mme lone lediri leo gape le ka raya go “tshwantshetsa.” Se se kgatlhang ke gore mo dithanolong tse dintsi tsa Baebele, gantsi lediri leno le ranotswe e le “kaya” kgotsa “emela.” * Kgang e go tlotliwang ka yone e tla bontsha tsela e e tshwanetseng e lediri leno le ka ranolwang ka yone. Ka sekai, mo go Mathaio 12:7 e·stin΄ e ranotswe e le “kaya” mo dithanolong tse dintsi tsa Baebele: “Fa lo ne lo itse gore seno se kayang [ka Segerika e·stin]: Ke batla kutlwelobotlhoko e seng setlhabelo, lo ka bo lo sa bona molato ba ba se nang molato.”—CEI; Douay Version.

Mo ntlheng eno, bakanoki ba le bantsi ba ba tlotlegang ba Baebele ba ne ba dumela gore lefoko “ke” ga le tlhalose sentle se Jesu a neng a se bolela fano. Ka sekai, Jacques Dupont o ne a akanya ka setso le setšhaba se Jesu a neng a tshela mo go sone mme a swetsa ka gore “tsela e e siameng” ya go ranola temana eno e tshwanetse go nna: “Seno se kaya mmele wa me” kgotsa “Seno se emela mmele wa me.”

Mme gone, tota Jesu o ne a sa reye gore balatedi ba gagwe ba ne ba tshwanetse go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe ka tsela ya mmatota. Ka ntlha yang? Morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, fa Modimo a ne a letla batho go ja nama ya diphologolo, o ne a ba iletsa ka tlhamalalo gore ba se ka ba ja madi. (Genesise 9:3, 4) Taelo eno e ne ya kwalwa gape le mo Molaong wa ga Moshe, o Jesu a neng a o ikobela ka botlalo. (Duteronome 12:23; 1 Petere 2:22) Mme baaposetoloi ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go kwala gape taelo eno e e kgatlhanong le go ja madi, gore Bakeresete botlhe ba ikobele molao oo. (Ditiro 15:20, 29) A Jesu o ne a ka tlhoma moletlo o o neng o tla dira gore balatedi ba gagwe ba tlole molao o o boitshepo wa Modimo Mothatayotlhe? Legoka!

Ka jalo, go bonala sentle gore Jesu o ne a dirisa senkgwe le beine e le ditshwantshetso fela. Senkgwe se se sa bedisiwang se ne se kaya kgotsa se emela mmele wa gagwe o o senang boleo o o neng o tla ntshiwa setlhabelo. Beine e khibidu e ne e kaya madi a gagwe a a neng a tla tshololelwa “ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.”—Mathaio 26:28.

Boikaelelo Jwa Sejo sa Morena sa Maitseboa

Jesu o ne a konela moletlo wa ntlha wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka mafoko ano: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Ruri moletlo ono o re thusa go gopola Jesu le dilo tse di itumedisang tse loso lwa gagwe lo di fitlheletseng. Moletlo ono o re gakolola gore Jesu o ne a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Rraagwe e bong Jehofa. Gape moletlo ono o re gakolola gore ka loso lwa ga Jesu e le motho yo o itekanetseng le yo o senang boleo, o ne a ntsha “moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” Thekololo e dira gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo setlhabelong sa gagwe a gololwe mo boleong le go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28.

Le fa go ntse jalo, ntlha ya botlhokwa ke gore Sejo sa Morena sa Maitseboa ke sejo sa kabalano. Ba ba tsayang karolo ke (1) Jehofa Modimo, yo o rulagantseng thekololo, (2) Jesu Keresete, “Kwana ya Modimo” yo o ntshitseng thekololo, le (3) bomonnawe Jesu ba semoya. Ka go ja senkgwe le go nwa beine, bomonnawe Jesu ba semoya ba bontsha gore ba seoposengwe ka botlalo le Keresete. (Johane 1:29; 1 Bakorintha 10:16, 17) Gape ba bontsha gore ba mo ‘kgolaganong e ntšha’ e le barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng ka moya. Bano ke bone ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong e le dikgosi le baperesiti.—Luke 22:20; Johane 14:2, 3; Tshenolo 5:9, 10.

Segopotso se tshwanetse go ketekwa leng? Re bona karabo fa re gakologelwa gore Jesu o ne a tlhopha letlha lengwe go tlhoma moletlo ono wa Tlolaganyo. Batho ba Modimo ba ntse ba keteka moletlo oo ngwaga le ngwaga ka letlha la Nisane 14 mo khalendareng ya bone ka dingwaga di feta 1 500 e le gore ba gopole poloko e e kgethegileng e Jehofa a e diretseng batho ba gagwe. Go bonala sentle gore Jesu o ne a kaela balatedi ba gagwe gore ba dirise lone letlha leo go gopola tsela ya go bona poloko e Modimo a tla dirang gore e kgonege ka loso lwa ga Keresete. Ka jalo, ngwaga le ngwaga balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba kopana mmogo go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka letlha le le tsamaisanang le Nisane 14 mo khalendareng ya Sehebera.

A ba dira seno fela ka gonne ba batla go latela ngwao nngwe? Boammaaruri ke gore batho ba le bantsi ba keteka Selalelo sa Morena fela ka gonne ba latela ngwao nngwe. Mokwadi wa tlhamo e e umakilweng fa godimo e e mo makasineng wa Time o ne a re: “Ke ikutlwa ke ritibetse thata fa ke nna le seabe mo dingwaong tsa bogologolo tse batho ba le bantsi ba di dirang.” Jaaka Bakatoliki ba bangwe, mokwadi yono o batla gore moletlo ono o ketekiwe ka tsela ya Selatine fela jaaka go ne go ntse mo nakong e e fetileng. Ka ntlha yang? A re: “Ke batla go utlwa pina ya Mmisa e opelwa ka puo e ke sa e tlhaloganyeng ka gonne gantsi ga ke rate se ke se utlwang fa e opelwa ka Seesemane.”

Basupi ba ga Jehofa le batho ba le bantsintsi ba ba kgatlhegang ba itumelela go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka puo ya gabone—gongwe le gongwe fela kwa ba nnang teng. Ba itumelela go oketsa kitso ya bone ka se loso lwa ga Keresete lo se kayang le botlhokwa jwa lone. Go botlhokwa go akanya le go tlotla ka dithuto tseo ngwaga otlhe. Basupi ba fitlhela go keteka Segopotso e le yone tsela e e molemolemo ya go nna ba gopola lorato lo logolo lo Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete ba ba ratang ka lone. Go ba thusa go ‘nna ba bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.’—1 Bakorintha 11:26.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Gape moletlo ono o bidiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, go ngathoganngwa ga senkgwe, Setlhabelo se se Boitshepo, Selalelo le Mmisa o o Boitshepo. Lefoko “Selalelo sa Morena” le tswa mo lefokong la Segerika eu·kha·ri·sti΄a, le le kayang go leboga.

^ ser. 15 Ka sekai, bona kafa Mathaio 13:38; 27:46; Luke 8:11; Bagalatia 4:24 di ranotsweng ka gone mo go The New English Bible.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Moletlo wa ntlha o Jesu a neng a o tlhoma o ne o ketekwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ne a tlhoma Segopotso sa loso la gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete