Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana Ba Gago

Timotheo—O ne A Ipaakantse e Bile a Ikemiseditse go Direla

Timotheo—O ne A Ipaakantse e Bile a Ikemiseditse go Direla

“A O IPAAKANTSE?” A o kile wa bodiwa potso eno?—Tota motho yo o neng a go botsa potso eo o ne a raya gore: ‘A o tshwere dibuka tsa gago tsa go ithuta?’ A o ithutile? Jaaka fa re tla bona, Timotheo o ne a ipaakantse.

Gape Timotheo o ne a ikemiseditse go direla. A o itse gore seo se kaya eng?— Fa Timotheo a ne a lalediwa go direla Modimo, o ne a na le boikutlo jo mongwe wa batlhanka ba Modimo a neng a na le jone. Motlhanka yono o ne a re: “Ke fano! Roma nna.” (Isaia 6:8) Timotheo o ne a tshela botshelo jo bo itumedisang ka gonne o ne a ipaakantse e bile a ikemiseditse go direla. A o ka rata go utlwa ka botshelo joo?—

Timotheo o ne a tsholwa kwa Lisetera e leng motse o o dikilometara di le makgolokgolo go tswa kwa Jerusalema. Nkokoagwe e bong Loise le mmagwe Yunise, e ne e le baithuti ba ba tlhoafetseng ba Dikwalo. Tota le fa Timotheo a ne a sa ntse a le losea, ba ne ba simolola go mo ruta Lefoko la Modimo.—2 Timotheo 1:5; 3:15.

Go diragetse eng?

Fa Timotheo a ne a sa ntse a le mo dingwageng tsa bosha, moaposetoloi Paulo mmogo le Barenabase ba ne ba etela kwa Lisetera mo loetong lwa ntlha lo loleele la ga Paulo la go rera. Go ka direga gore nkokoagwe Timotheo le mmagwe ba nnile Bakeresete ka nako eo. A o ka rata go utlwa ka bothata jo Paulo le Barenabase ba neng ba lebana le jone?— Batho ba ba neng ba sa rate Bakeresete ba ne ba kolopa Paulo ka maje, ba mo digela fa fatshe, mme ba mo gogela kwa ntle ga motse. Ba ne ba akanya gore o sule.

Ba ba neng ba dumela se Paulo a neng a se ruta ba ne ba mo kokoanela, mme o ne a ema. Mo letsatsing le le latelang, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya mme moragonyana fela ga foo ba ne ba boela kwa Lisetera. Fa ba le koo, Paulo o ne a neela puo mme o ne a raya barutwa a re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” (Ditiro 14:8-22) A o itse gore Paulo o ne a kaya eng fa a bua jalo?— O ne a kaya gore batho ba bangwe ba ne ba tla bakela batho ba ba obamelang Modimo mathata. Moragonyana Paulo o ne a kwalela Timotheo a re: ‘Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba tla bogisiwa.’—2 Timotheo 3:12; Johane 15:20.

Fa Paulo le Barenabase ba tloga kwa Lisetera, ba ne ba boela gae. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Paulo o ne a tsaya Silase gore a tsamaye le ene mme ba ne ba boela kwa mafelong a Paulo a neng a kile a a etela go ya go kgothatsa barutwa ba basha. Fa ba goroga kwa Lisetera, ruri Timotheo o tshwanetse a bo a ne a itumeletse go bona Paulo gape! Timotheo o ne a itumela le go feta fa Paulo a ne a mo laletsa go tsamaya le ene le Silase. O ne a amogela taletso eo. O ne a ipaakantse e bile a ikemiseditse go tsamaya le bone.—Ditiro 15:40–16:5.

Ba ne ba tsamaya mmogo ba le bararo ka dinao dikilometara di le dintsintsi mme kgabagare ba ne ba tsamaya ka mokoro. Fa ba goroga kwa dintshing tsa lewatle, ba ne ba tsamaya ka dinao go ya kwa Thesalonika. Ke gone koo ba le bantsi ba neng ba nna Bakeresete gone. Mme ba bangwe ba ne ba galefile mo ba neng ba itira segopa. Botshelo jwa ga Paulo, Silase le Timotheo bo ne bo le mo kotsing, ka jalo ba ne ba ya kwa Berea.—Ditiro 17:1-10.

Paulo o ne a tshwenyegile thata ka badumedi ba basha ba kwa Thesalonika, ka jalo o ne a romela Timotheo kwa go bone. A o itse lebaka la go bo a ne a dira jalo?— Moragonyana Paulo o ne a tlhalosetsa Bakeresete ba kwa Thesalonika jaana: ‘Go lo nitamisa le go lo gomotsa gore ope a se a kgobega marapo.’ A o itse gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a romela lekawana Timotheo kwa kabelong eo e e kotsi?— Baganetsi ba ne ba sa itse Timotheo e bile o ne a ikemiseditse go ya. Seo se ne se tlhoka bopelokgale tota! Loeto loo lo ile lwa nna le matswela afe? Fa Timotheo a boela kwa go Paulo, o ne a mmolelela kafa Bathesalonika ba neng ba ikanyega ka gone. Ka jalo, Paulo o ne a ba kwalela a re: ‘Re gomotsegile kaga lona.’—1 Bathesalonika 3:2-7.

Timotheo o ne a direla le Paulo mo dingwageng tse di lesome tse di latelang. Morago ga moo Paulo o ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Roma, mme Timotheo yo o neng a sa tswa go gololwa mo kgolegelong, o ne a ya kwa go ene. Fa Paulo a ntse a le mo kgolegelong, o ne a kwalela Bafilipi lekwalo, gongwe a dirisa Timotheo jaaka mokwaledi wa gagwe. Paulo o ne a re: ‘Ke solofetse go roma Timotheo kwa go lona, gonne ga ke na ope yo mongwe yo o ikanyegang jaana le yo o tla lo direlang botoka.’—Bafilipi 2:19-22; Bahebera 13:23.

Ruri mafoko ao a tshwanetse a bo a ne a itumedisa Timotheo fela thata! Paulo o ne a rata Timotheo thata ka gonne a ne a ipaakantse e bile a ikemiseditse go direla. Re solofela gore le wena o tla nna jaaka ene.