Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botlhale Jwa Modimo bo Bonala mo Dilong Tsa Tlholego

Botlhale Jwa Modimo bo Bonala mo Dilong Tsa Tlholego

Botlhale Jwa Modimo bo Bonala mo Dilong Tsa Tlholego

“Ke Ene yo o re rutang go feta diphologolo tsa lefatshe, e bile o re dira botlhale go feta dibopiwa tse di fofang tsa magodimo.”—JOBE 35:11.

DINONYANE di na le bokgoni jo bo gakgamatsang. Batho ba ba dirang difofane ba kgatlhwa ke tsela e dinonyane di fofang motlhofo ka yone. Mefuta mengwe ya dinonyane e kgona go fofa dikilometara di le diketekete mo godimo ga bophadiphadi jwa metsi a lewatle di sa kaelwe ke sepe mme di bo di goroga sentle kwa di yang teng.

Bokgoni jo bongwe jo bo tlhomologileng jo dinonyane di nang le jone—jo bo senolang botlhale jwa Modiri wa tsone—ke tsela e di buisanang ka yone ka go bitsana le ka go letsa melodi. Akanya ka dikai dingwe.

Tsela e Dinonyane di Buisanang ka Yone

Mefuta mengwe ya dinonyane e simolola go buisana le pele ga mae a di leng mo go one a thuthuga. Ka sekai, nonyane e namagadi ya makwetekwio e kgona go beela mae a ka nna robedi, e beela lee le le lengwe ka letsatsi. Fa mamphorwana a a mo dikgapetleng a ne a ka gola ka lobelo lo lo lekanang, a ne a tla tswa mo lobakeng lwa malatsi a feta robedi. Mmaone yo o sa ntseng a tshwanelwa ke go elama lee le le lengwe le le iseng le thuthuge, o ne a tla lebana le tiro e e thata ya go tlhokomela mamphorwana a a matlhagatlhaga a a nang le beke a dule mo dikgapetleng. Go na le moo, mamphorwana otlhe a le robedi a makwetekwio a tla tswa mo dikgapetleng tsa one mo lobakeng lwa diura di le thataro. Seo se kgonega jang? Babatlisisi ba ile ba akantsha gore lengwe la mabaka a konokono ke gore, mamphorwana a makwetekwio a buisana fa a sa ntse a le mo teng ga dikgapetla mme ka tsela nngwe a rulaganya go tswa mo dikgapetleng tseo ka nako e le nngwe.

Fa dinonyane di setse di godile, gantsi e tonanyana ke yone e letsang molodi. E dira jalo segolobogolo ka paka e di gwelang ka yone e le go tshwaya lefelo la yone gore tse dingwe di se ka tsa tla mo go lone kgotsa go ngoka e namagadi. Nngwe le nngwe ya mefuta e le diketekete ya dinonyane e na le tsela e di buisanang ka yone, mme seno se thusa tse di namagadi go itse molekane wa mofuta wa tsone.

Gantsi dinonyane di rata thata go letsa molodi ka makuku le fa letsatsi le phirima mme di na le mabaka a a utlwalang a go bo di dira jalo. Ka dinako tseo ga go na phefo e ntsi e bile ga go na medumo e mentsi e e tla kgoreletsang molodi wa tsone. Babatlisisi ba lemogile gore molodi wa dinonyane o utlwala sentle thata mo mosong le maitseboa go gaisa motshegare.

Le fa gantsi dinonyane tse ditonanyana e le tsone di letsang molodi, dinonyane tseno tsotlhe tse ditonanyana le tse di namagadi di kgona go opela le go dira medumo e e farologaneng e e nang le bokao jo bo sa tshwaneng. Ka sekai, nonyane ya Chaffinches e kgona go dira melodi le medumo e le robonngwe. Di dira molodi o o rileng fa di tlhagisa tse dingwe ka kotsi e e mo lefaufaung—jaaka nonyane e e fofang e batla sengwe se e ka se jang—mme di dira molodi o sele fa di tlhagisa tse dingwe ka kotsi e e tlhagang go tswa fa fatshe.

Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe

Ruri botlhale jo Jehofa a bo tsentseng mo dinonyaneng tseno bo a kgatlha. Mme fa go tliwa mo mekgweng ya go buisana, batho ba kgatlha le go feta. Jobe 35:11 ya re Modimo o dirile batho ba le “botlhale go feta dibopiwa tse di fofang tsa magodimo.” Batho ba na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go tlhalosa dikgopolo tse di boima le tse di raraaneng ba dirisa modumo o o dirwang ke dirwe tse di ntshang lentswe kgotsa ka go itshikinya mmele.

Go farologanya le dibopiwa tse dingwe, go bonala masea a tsholwa a na le bokgoni jwa go ithuta dipuo tse di raraaneng. Lokwalopaka lwa Internet la American Scientist la re: “Bana ba bannye ba kgona go ithuta puo nngwe le fa batsadi ba bone ba sa e bue le bone ka tlhamalalo; bana bangwe ba disusu ba kgona le go itlhamela puo ya bone ya diatla fa e le gore ga ba e rutiwa kwa lapeng.”

Bokgoni jwa go bua kafa re akanyang ka gone le kafa re ikutlwang ka gone re dirisa molomo kgotsa puo ya diatla, ruri ke mpho e e molemolemo e e tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, mpho nngwe e kgolo e batho ba e neilweng, ke bokgoni jwa go buisana le Modimo ka thapelo. Tota e bile Jehofa Modimo o re kopa gore re buisane le ene. Lefoko la Modimo, Baebele, la re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”—Bafilipi 4:6.

Fa re tshwanetse go dira ditshwetso tse di boima, Jehofa o batla gore re dirise tshedimosetso e a dirileng gore e kwalwe mo Baebeleng, e e akaretsang ditlhogo le maemo a le mantsi. Gape o tla re thusa gore re itse kafa re ka dirisang kgakololo ya yone ka teng. Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.”—Jakobe 1:5.

O Ikutlwa Jang?

O ikutlwa jang fa o reeditse nonyane e letsa molodi o o monate kgotsa fa o reeditse ngwana a simolola go ithuta go bua? A o lemoga botlhale jwa Modimo mo dilong tse a di dirileng?

Fa mopesalema Dafide a sena go tlhatlhanya ka tsela e a dirilweng ka yone, o ne a tlhotlheletsega go raya Modimo a re: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.” (Pesalema 139:14) Fa o ntse o sekaseka botlhale jwa Modimo jo bo bonalang mo dilong tse a di bopileng, ruri tumelo ya gago ya gore Modimo o na le bokgoni jwa go go naya kaelo e e molemo, e tla gola.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Bokgoni jwa go buisana ke mpho e e tswang kwa Modimong

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

© Dayton Wild/Visuals Unlimited