Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Bogosi Jwa Modimo

Ka Bogosi Jwa Modimo

Se re Ithutang Sone mo go Jesu

Ka Bogosi Jwa Modimo

Bogosi jwa Modimo ke eng?

Bogosi jwa Modimo ke puso e e tla busang lefatshe lotlhe. Jesu o ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: . . . ‘A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’”—Mathaio 6:9, 10; Daniele 2:44.

Ke bomang ba ba tla busang mo Bogosing jwa Modimo?

Jesu o ne a tsholetswe go nna Mmusi wa Bogosi jwa Modimo. Moengele o ne a raya mmaagwe Jesu a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa . . . e le kgosi.” (Luke 1:30-33) Gape Jesu o ne a tlhopha bangwe ba balatedi ba gagwe gore ba buse le ene. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:28, 29; Daniele 7:27) Balatedi ba ga Jesu ba ka nna 144 000 ba tla busa mmogo le ene.—Tshenolo 5:9, 10; 14:1.

Puso eo e tla busa e le kwa kae?

Bogosi jwa Modimo bo tla busa go tswa kwa legodimong. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo [kwa legodimong], ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone. . . . Ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.”—Johane 14:2, 3, 12; Daniele 7:13, 14.

Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng ka boikepo?

Jesu o tla tlosa batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng. O ne a re: “Fa Morwa motho [Jesu] a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe . . . Mme bano [baikepi] ba tla ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng, mme basiami kwa botshelong jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:31-34, 46.

Ke bomang ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi jono?

Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5; Pesalema 37:29; 72:8) Lefatshe le tla bo le tletse ka batho ba le gone jaanong ba ntseng ba ithuta go ratana. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:34, 35.

Bogosi jwa Modimo bo tla direla batho ba ba mo lefatsheng eng?

Jesu o tla fodisa batho. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bua le boidiidi “ka ga bogosi jwa Modimo, mme a fodisa ba ba tlhokang kalafi.” (Luke 9:11) Fa moaposetoloi Johane a sena go bona mo ponatshegelong Jesu yo o tsositsweng, o ne a re: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha . . . Ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo.’”—Tshenolo 21:1-4.

Bogosi jwa Modimo bo tla dira lefatshe Paradaise gape. Modirabosula yo o neng a bolawa le Jesu o ne a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:42, 43; Isaia 11:4-9.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.