Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke “Leina Le le Sa Tshwanelang go Bidiwa”?

A ke “Leina Le le Sa Tshwanelang go Bidiwa”?

A ke “Leina Le le Sa Tshwanelang go Bidiwa”?

KAGO e e boleele jwa dimetara di le 192 e e bidiwang Gateway Arch, e e kwa St. Louis, Missouri, e agilwe go bapa le losi lwa noka, mme ke sefikantswe se seleele go di feta tsotlhe mo United States. Gaufi le kago eno go na le kago e nngwe gape e e seng telele jaaka eno, mme yone e bidiwa Kereke e Kgolo ya Bogologolo.

Bukana e e bidiwang The Story of the Old Cathedral, e e gatisitsweng ke kereke ya Roma e tlhalosa tsela e matseno a kereke eno a agilweng ka yone jaana: “Mo godimo mo bogareng jwa mathudi a kereke eno, go beilwe setshwantsho se sentle se se khutlotharo, mme se gabilwe ka ditlhaka tse dikgolo tsa gauta tsa Sehebera leina la Modimo le le sa tshwanelang go bidiwa.” Fela jaaka setshwantsho se bontsha, ditlhaka tse nnè tsa Sehebera יהוה (YHWH), kana Thaterakeramatone tse di emelang leina la Modimo di bonala sentle.

Fa kereke eno e ne e agiwa ka 1834, bobishopo ba ba laolang lefelo la St. Louis, ba ka tswa ba ne ba nna le maikutlo a gore leina leno le le nang le ditlhaka tse nnè tsa Sehebera le tshwanetse go bewa mo lefelong la botlhokwa. Jaanong ke eng fa leina la Modimo le tsewa e le “le le sa tshwanelang go bidiwa”?

New Catholic Encyclopedia e tlhalosa se se neng sa direga nakwana fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Ya re: “Leina Yahweh [ditlhaka tse nnè tse go tsentsweng ditumanosi mo go tsone] le ne la simolola go tsewa le le boitshepo gore le ka bidiwa, ke gone ka moo mo boemong jwa lone go neng ga tsenngwa lefoko ADONAI [Morena] kana ELOHIM [Modimo]. . . . Mme seno se ne sa dira gore fa nako e ntse e tsamaya, go lebalwe tsela e e siameng e leina Yahweh le bidiwang ka yone.” Ka jalo, batho ba ne ba tlogela go dirisa leina la Modimo. Kgabagare, tsela ya ntlhantlha e leina leo le neng le bidiwa ka yone e ne ya lebalwa gotlhelele mme batho ba se ka ba tlhola ba kgona go bitsa leina la Modimo.

Le fa gone re sa tlhomamisege gore totatota leina la Modimo le ne le bidiwa jang, selo sa botlhokwa ke gore go dirisa leina la Modimo go dira gore re atamalane le ene. A o ne o ka rata fa ditsala tsa gago di ne di ka go bitsa “monna” kana “mosadi” kana o ne o ka batla gore ba go bitse ka leina la gago? Tota le fa ba bua puo e nngwe mme ba sa kgone go bitsa leina la gago sentle, o ne o sa ntse o tla batla gore ba go bitse ka leina la gago, a ga go jalo? Go ntse fela jalo le ka Modimo. O batla gore re dirise leina la gagwe, e leng Jehofa.

Ka Setswana, tsela e le bidiwang ka yone “Jehofa” e tlwaelegile. Ruri go ne go tla nna molemo gore batho botlhe ba ba ratang Modimo ba mmitse ka leina la gagwe e le gore ba atamalane le ene. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.