Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Ponto Pilato a ne a boifa fa a sena go utlwa gore Jesu o latofadiwa ka gore o “itirile morwa Modimo”?—Johane 19:7.

Fa Julius Caesar a sena go swa, lekgotla le le tlhomang melao kwa Roma le ne la bolela gore jaanong e ne e le modimo. Morago ga moo, morwa wa gagwe yo a neng a mo godisitse e bile e le motlhatlhami wa gagwe e bong Octavian o ne a bidiwa divi filius, ke gore “Morwa wa Modimo.” Babusibagolo ba ne ba simolola go bidiwa semolao ka leina leo la Selatine. Seno se tlhomamisiwa ke mekwalo e mentsi e e kwadilweng mo dialetareng tsa Roma, mo ditempeleng, mo difikantsweng le mo mading a teng. Fa Bajuda ba ne ba latofatsa Jesu ka gore o itirile “Morwa Modimo,” tota ba ne ba mmaya molato wa gore o itseela sereto sa semolao sa modiredimogolo, mme seo se ne se tsewa e le boepapuso.

Ka nako ya tsheko ya ga Jesu, Tiberio o ne a setse a bidiwa divi filius. Modiredimogolo yono o ne a tshabiwa ka gonne o ne a itsege ka go bolaya mongwe le mongwe yo a neng a akanya gore ke mmaba wa gagwe. Ka jalo, fa Bajuda ba ne ba re Pilato o ne a tla bo a sa ikanyege mo go Kaesare fa a sa atlhole Jesu, Mmusi yono wa Roma o ne a “boifa thata.” Kgabagare o ne a ineela mo kgatelelong eo mme a laela gore Jesu a bolawe.—Johane 19:8, 12-16.

Ke ka ntlha yang fa Sekarea a ne a bolelela pele gore Ture e tla senngwa le fa gone e ne e sa bolo go senngwa ke Bababelona?

Ture ya bogologolo e e neng e le mo Lotshitshing lwa Mediterranean, tota e ne e kgaogantswe ka dikarolo tse pedi. Motse o mongwe o ne o agilwe mo karolong e e seng mo metsing fa o mongwe o ne o le mo setlhaketlhakeng.

Nako nngwe baagi ba Ture ba ne ba tsalane le Baiseraele. Le fa go ntse jalo, moragonyana Ture e ne ya huma mme ya simolola go tsuologela Jehofa Modimo go ya bokgakaleng jwa gore ba utswe gouta le selefera mo tempeleng ya gagwe le go rekisa bangwe ba batho ba gagwe go nna makgoba. (Joele 3:4-6) Seo se ne sa dira gore Jehofa a e atlhole botlhoko. Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go bolelela pele gore Ture o ne a tla fenngwa ke Kgosi ya Babelona, Nebukadenesare, yo o neng a romela masole a gagwe kwa Ture fa a sena go senya Jerusalema ka 607 B.C.E.—Isaia 23:13, 14; Jeremia 27:2-7; Esekiele 28:1-19.

Fa batho ba Ture ba lemoga gore ba a fenngwa, ba ne ba tshabela kwa motseng o o kwa setlhaketlhakeng ka dithoto tsa bone. Bababelona ba ne ba tlogela motse o o seng mo metsing o le letlotla. Dingwaga di ka nna 100 morago ga moo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti wa gagwe e bong Sekarea go itsise katlholo ya Gagwe kgatlhanong le Ture a re: “Bona! Jehofa ka boene o tla mo gapela thuo ya gagwe, e bile o tla itaya mophato wa gagwe wa sesole a o latlhela mo lewatleng; mme o tla lailwa mo molelong.”—Sekarea 9:3, 4.

Boporofeti jwa ga Sekarea bo ne jwa diragadiwa ka 332 B.C.E. fa motse o o mo setlhaketlhakeng o ne o senngwa ke Alexander yo Mogolo. Gore Alexander a kgone go tlhasela motse oo, o ne a aga borogo jo bo neng bo le boleele jwa dimetara di le 800 go tswa kwa motseng o o neng o se mo metsing go ya kwa setlhaketlhakeng, a dirisa magong le maje a a a tsereng kwa matlotleng a Ture wa bogologolo. Esekiele o ne a boleletse pele le ka seo.—Esekiele 26:4, 12.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

“Ture o dikaganyeditswe”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Drawing by Andre Castaigne (1898-1899)