Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumelela go Dira Thato ya Modimo Botshelo Jwa me Jotlhe

Go Itumelela go Dira Thato ya Modimo Botshelo Jwa me Jotlhe

Go Itumelela go Dira Thato ya Modimo Botshelo Jwa me Jotlhe

Jaaka go boletse Bill Yaremchuk

Ka March 1947, dibeke di le mmalwa fa ke sena go aloga jaaka morongwa mo tlelaseng ya borobedi ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, se ka nako eo se neng se le kwa Borwa jwa Lansing kwa New York, U.S.A., ke ne ke le mo tseleng ke ya kwa kabelong ya me kwa nageng e sele—kgakala kwa Singapore.

DAVE FARMER, yo le ene a neng a tswa kwa Canada yo o neng a aloga mo tlelaseng ya bosupa ya Gileade, o ne a tshwanetse go ya go dira le nna. Re ne ra palama Marine Adder, e leng sekepe se se neng se dirisiwa pele ke masole, go tswa mo San Francisco, California.

Lefelo la ntlha le sekepe se neng sa ema kwa go lone kwa dinageng tsa Botlhaba e ne e le Hong Kong. Se re neng ra se bona koo se ne se garola pelo tota. Tshenyo e e neng e bakilwe ke Ntwa ya Lefatshe II e ne e bonala gongwe le gongwe—batho ba ne ba ntse fa thoko ga tsela, ba tshwere ke tlala mme ba lebega e kete ba tloga ba swa. Re ne ra boela ka bonako mo sekepeng mme ra leba kwa Manila, e leng motsemogolo wa Ditlhaketlhake tsa Philippine.

Le gone koo re ne ra bona ditlamorago tse di botlhoko tse di neng di bakilwe ke ntwa. Boemakepe bo ne bo tletse ka dipinagare tsa dikepe tse di neng di sentswe ke difofane tsa ntwa tsa ditšhaba tse di kopaneng go lwantsha naga eo. Mme lehuma le ne le aparetse naga eo. Re ne ra kopana le Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa ba ba neng ba re isa kwa Holong ya bone ya Bogosi. Ba ne ba itumetse le mororo ba ne ba lebane le mathata.

Lefelo le le latelang le sekepe se neng sa ema kwa go lone e ne e le la Batavia (le jaanong le bidiwang Jakarta) kwa Indonesia. E re ka go ne go runtse ntwa ya selegae e bile go lowa gaufi le fa re neng re le gone, re ne re sa letlelelwa go tswa mo sekepeng. Fa re le mo loetong la go ya kwa Singapore, ke ne ka simolola go ipotsa gore re ne re tlile go bona eng koo. A seno e ne e le masaledi otlhe a dinaga tsa Botlhaba tse re neng re bone bontle jwa tsone mo diboroutšhareng tse di bontshang ditshwantsho tse dintle tsa mafelo ao?

Mo malatsing a le mmalwa fela, dipelaelo tsa me di ne tsa fela. Go ne go tlile go diragala sengwe se se neng se tla bontsha kwantle ga pelaelo gore kabelo ya me le Dave e ne e amogetswe ke Modimo.

Kafa go Tlileng ka Teng Gore re Letlwe go Nna mo Nageng

Mo e ka nnang kgwedi morago ga gore re tswe kwa San Francisco, kgabagare sekepe sa rona se ne sa ema kwa Setlhaketlhakeng sa St. John, e leng lefelo la kwa Singapore le sekepe se neng se ema kwa go lone pele se newa tetla ya go tsena mo boemakepeng. Badiredibagolo ba ba neng ba tlhatlhoba makwalo a mosepele ba ne ba tsena mo sekepeng go bona gore a bapalami ba na le makwalo a semolao mme makwalo a rona a mosepele a ne a tempilwe ka setempe se se reng “Tetla ya go Tsena mo Nageng.” Mo mosong wa letsatsi le le latelang sekepe se ne sa ema gaufi le boemakepe. Morago ga gore makwalo a rona a tlhatlhobiwe ke modiredi wa sekepe, re ne ra fologa.

Mo letsatsing le le latelang, re ne ra boela kwa boemakepeng go ya go tsamaisa barongwa ka rona sentle ba re neng re na le bone mo sekepeng. Ba ne ba ya kwa India le kwa Ceylon (e gone jaanong e bidiwang Sri Lanka). Fa kapotene ya sekepe a re bona, o ne a tla kwa go rona fa boemakepeng. O ne a galefile mme a omanya a re re ne re sa tshwanela go bo re fologile mo sekepeng. Pelenyana fa re ne re le mo sekepeng, modiredimogolo yo o neng a tlhatlhoba makwalo a mosepele, Rre Haxworth, o ne a mo laela gore a se ka a re letlelela go tswa mo sekepeng fa se fitlha kwa Singapore. Re ne re sa itse sepe ka taelo eo fela jaaka modiredi yo o neng a re letla go tswa mo sekepeng le ene a ne a sa itse sepe.

Fa re ne re tlisiwa kwa go Rre Haxworth, o ne a galefile. O ne a re omanya, a re re ne re sa letlelelwa go tsena mo Singapore. E re ka re ne re sa itse sepe ka seo, re ne ra mmontsha makwalo a rona a mosepele a a neng tempilwe ka setempe sa semolao se se reng “Tetla ya go Tsena mo Nageng.” O ne a phamola makwalo a rona a mosepele mo diatleng tsa rona a galefile mme a sutlha mafoko a a neng a re “Tetla ya go Tsena mo Nageng.” Mme ka maswabi sekepe se ne se setse se tsamaile. Rre Haxworth o ne a nna ngwaga otlhe ka makwalo a rona a mosepele, mme kwa bofelong o ne a a busa a tempilwe ka setempe se se reng “Tetla ya go Tsena mo Nageng.”

Bodiredi jo bo Nang le Matswela mo Singapore

Fa re ne re goroga ka April 1947, monna mongwe yo o bidiwang Joshua e ne e le ene fela Mosupi mo Singapore. E ne e le modiredi wa nako e e tletseng kana mmulatsela go fitlha a swa mo masimologong a bo1970. Moragonyana, ba ba neng ba ithuta boammaaruri jwa Baebele ba ne ba simolola go bo bolelela ba bangwe. Dithapelo tsa rona tsa go nna le badiri ba ba oketsegileng mo thobong ya semoya di ne tsa arabiwa.—Mathaio 9:37, 38.

Ka 1949, fa Rre Haxworth a ne a le mo malatsing a boikhutso kwa Engelane, barongwa ba le barataro ba ba neng ba alogile kwa tlelaseng ya bo11 ya Gileade ba ne ba goroga mo Singapore. Go ntse go le jalo, Dave, yo e neng e le morongwa mmogo le nna ka dingwaga di le mmalwa, o ne a bona go tshwanela go tswa kwa Singapore ka gonne a ne a lwala. O ne a fudugela kwa Australia ko a neng a direla ka boikanyegi gone go fitlha a swa ka 1973. Ka 1956 ke ne ka nyala Aileen Franks, yo e neng le mongwe wa barongwa ba basha ba ba neng ba sa tswa go goroga.

Fa dingwaga di ntse di tsamaya, re ne ra ithuta Baebele le batho ba bantsi ba ba neng ba nna Basupi mmogo le bana ba bone. Le gompieno, bangwe ba bone ba mo tirelong ya nako e e tletseng kwa ditshimong tsa dinaga di sele. Maitemogelo mangwe a a itumedisang ke a ga Lester le Joanie Haynes, banyalani ba kwa Amerika ba ba neng ba nna kwa Singapore. Re ne ra simolola go ithuta Baebele le bone ka bo1950. Banyalani bano ba ne ba gatela pele semoyeng ka bonako mme ba kolobediwa morago ga go boela kwa United States. Moragonyana, Lester le Joanie ba ne ba itumelela bodiredi jo bo nang le matswela. Ba ne ba thusa batho ba bantsi gore ba nne Basupi go akaretsa le bana ba bone ba bararo.

Joanie o ne a kwala jaana: “Fa ke gopola ngwaga oo fa re ne re le kwa Singapore, ruri o ne wa fetola tsela e re neng re tshela ka yone. Fa lo ne lo sa re ‘godisa,’ gongwe re ka bo re sa ntse re kgarakgatshega le lefatshe leno lotlhe. Ke itumelela gore e ne ya nna lona ba lo ileng lwa ruta Les boammaaruri ka gonne go tloga kwa tshimologong o ne a na le morutisi yo o neng a mo ruta go rata Jehofa le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Ga a ise a latlhegelwe ke lorato loo.”

Re Direla re le Lelapa Kwa Singapore

Ka 1962, go ne ga diragala sengwe se re neng re sa se lebelela, se se neng sa tlisa diphetogo mo kabelong ya rona. Ngaka ya rona e ne ya bolelela Aileen gore o imile. Re ne re batla go tswelela re le mo tirong ya borongwa mme gone re ne re tla dira seo jang re ntse re godisa ngwana? Nathan H. Knorr, yo ka nako eo a neng a okamela tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya lefatshe lotlhe, o ne a re kwalela a nkgothaletsa gore ke batle tiro ya boitshediso e le gore re kgone go nna mo Singapore. Seno e ne e le kgwetlho e kgolo.

Batswakwa ba le bantsi ba ne ba hirilwe gore e nne baokamedi mo dikhampaning tsa dinaga di sele. Ke ne ke se na maitemogelo mo go tsa kgwebo ka gonne ke ne ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng morago fela ga go tlogela sekolo dingwaga di ka nna 23 tse di fetileng. Ka jalo, ke ne ka duela setheo sengwe sa kwa London se se batlelang batho tiro gore se ntirele lokwalo lo lo tlhalosang dilo tse ke kgonang go di dira jaaka modiredi wa bodumedi mo nageng e sele, mme ba ne ba le romela kwa dikhampaning tse di gwebang kwa dinageng tse dintsi tse di neng di le mo Singapore.

Dikhampani di ne di nkaraba jaana: “Re maswabi ka gonne ga re kgone go bonela motho yo o nang le maitemogelo a gago tiro.” Ba ne ba re ke na le maitemogelo a mantsi thata! Go ne ga feta dikgwedi mme ngwana wa rona e bong Judy o ne a tsholwa. Ka nako eo mokaulengwe Knorr o ne a etetse Singapore mme o ne a ya go bona Judy le mmagwe kwa bookelong. O ne a re raya a re: “Lo ka nna mo ntlong ya barongwa go fitlhela Bill a bona tiro.”

Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, ke ne ka bona tiro ya go nna morekisi mo khampaning nngwe ya difofane tsa boditšhabatšhaba. Madi a ba neng ba a ntuela a ne a lekane fela go reka dilo tse re di tlhokang. Morago ga dingwaga di le pedi, khampani nngwe ya difofane ya kwa Amerika e ne ya mphira mme ya oketsa madi a ke neng ke a amogela gabedi. Kgabagare, ke ne ka itsege mo kgwebong ya go tsaya maeto mme ke ne ka kgona go dirisa nako e ntsi le lelapa la me le mo bodireding jwa Bokeresete.

Re ne re dira go le gontsi mo tirelong ya ga Jehofa, re dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele mo matshelong a rona. Seno se ne sa dira gore ke itumelele ditshiamelo di le dintsi mo phuthegong. Aileen o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng gape. Go ntse go le jalo, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya gola kwa Singapore. Mo magareng a bo1960 re ne ra reka kago e ntle ya matlhatlaganyane a mabedi e e neng ya nna Holo ya Bogosi. Diphuthego di le nnè di ne di kopanela moo.

Tiro ya Rona e a Thibelwa!

Fa nako e ntse e tsamaya, kganetso e ne e tloga e simolola. Ka January 14, 1972, jaaka tlwaelo re ne ra ya kwa Holong ya Bogosi go nna teng mo dipokanong. Mme mo hekeng go ne go na le keetane e na le lloko. Go ne go na le lekwalo le le neng le re Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya mo Singapore e ne e sa tlhole e kwadisitswe. Re ne re thibetswe! *

Go tswalwa ga Holo ya Bogosi ga go a ka ga re dira gore re emise go obamela Jehofa mme gone ke ne ke ipotsa gore, ‘Thato ya Modimo ke eng ka lelapa la me?’ Ke ne ka ipolelela gore fa e le gore re tla patelediwa go tswa mo nageng, ga re kitla re kgona go boa re etela ditsala tsa rona tsa mo Singapore. Ka jalo, ke ne ka botsa manejara wa khampani e ke neng ke dira mo go yone gore a nka ya go bereka kwa Kuala Lumpur, kwa Malaysia. Fa re ne re ka fudugela koo, lelapa la me le ne ka kgona go tsena le go tswa mo nageng ntle le mathata. Ke ne ka gakgamala fa a ne a nnaya tiro ya gore ke nne manejara wa ofisi e e kwa Kuala Lumpur, seo se ne se bolela gore madi a ke neng ke a amogela a ne a tlile go okediwa gabedi mme ke ne ke tla bona le melemo e mengwe.

Mme gone, ke ne ka ipotsa go re, ‘A ke thato ya Modimo gore ke fuduge mo Singapore le mo bakaulengweng?’ Re ne ra rapela Jehofa ka kgang eno. Re ne ra swetsa ka gore ke Jehofa yo o neng a re tlisitse fano. Ka jalo, ke ne ka dira tshwetso ya bofelo—ga re tsamaye. Manejara wa me o ne a gakgametse ka ntlha ya go bo ke ganne go amogela tiro e e neng e tla dira gore ke duelwe madi a mantsi.

Go ne go ngomola pelo thata go nna le go bereka mo nageng e tiro ya rona e neng e thibetswe mo go yone ka gonne re ne re nna re tshogile gore re ka tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Go ne go na le dinako tse dingwe tseo re neng re anaanela thata mafoko a a mo go Pesalema 34:7 a a reng: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.”

Kabelo e Ntšha

Kwa bofelong, ka 1993, morago ga go direla dingwaga di feta 46 kwa Singapore, re ne ra kopiwa go fudugela kwa New Zealand koo re neng re ka kgona go direla teng re sa tshwenyege le go tlhobaela. Go bua boammaaruri, re ne ra hutsafadiwa ke go tlogela ditsala tsa rona tse di rategang mo Singapore, tseo re neng re di rata fela thata. Le fa go ntse jalo, re ne ra kgothadiwa ke go itse gore tumelo ya bone e agilwe mo motheong o o nitameng ka dilo tse di sa sheng. Seno se ne sa dira gore ba kgone go ema ba nitame fa ba lebane le diteko tse ba ntseng ba di itshoketse.—1 Bakorintha 3:12-14.

Gone jaanong, morago ga dingwaga di feta 14 mo New Zealand, nna le Aileen le fa re tsofetse, re sa ntse re itumelela bodiredi jwa rona re le babulatsela ba ba kgethegileng. Bonkgonne ba babedi—Mike, yo o dingwaga tse 94 le Peter wa dingwaga tse 90—ba sa ntse ba tshela, ba direla Jehofa ka boikanyegi kwa Canada.

Ka 1998, morwadiarona e bong Judy o ne a boela kwa dinageng tsa Botlhaba mme o ne a direla koo dingwaga di le mmalwa. Mo go lengwe la makwalo a a neng a re a kwaletse, o ne a re: “A bo ke leboga Jehofa jang letsatsi le letsatsi ka ntlha ya tshiamelo e kgolo ya go direla mono! Le lona ke a lo leboga ka ntlha ya thapiso ya lona e e lorato le tsela e lo neng lwa intsha setlhabelo ka yone ka nako eo le gone jaanong go dira gore seno se kgonege.” Ka 2003 o ne a boela kwa New Zealand go tla go tlhokomela nna le Aileen ka dilo tse re di tlhokang. *

Re leboga Jehofa go bo maemo a rona a re letlile go tsibogela kopo ya Mong wa badiri ya go batla badiri ba ba oketsegileng mo thobong. Go dira jalo go re lereditse boipelo jo bogolo. Mme fa ‘lefatshe le feta’ jaaka Baebele e bolela, re tla itumelela go diragadiwa ga tsholofetso e e itumedisang ya Modimo: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 25 Bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1972, tsebe 341-9 (ka Seesemane).

^ ser. 32 Aileen yo o rategang o ne a tlhokafala ka January 24, 2008, fa setlhogo seno se ntse se kwalwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Joshua e ne e le ene fela Mosupi kwa Singapore fa re ne re goroga ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le Dave Farmer mo Hong Kong, fa re le mo tseleng re ya kwa Singapore ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le Aileen, ka 1958

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re na le morwadiarona Judy

[Motswedi wa Setshwantsho]

Kimroy Photography

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Kimroy Photography